Fetela kwa tshedimosetsong

MARCH 7, 2017
South Korea

South Korea e Gataka Ditshwanelo Tsa ga Dong-hyuk Shin

South Korea e Gataka Ditshwanelo Tsa ga Dong-hyuk Shin

Puso ya South Korea e tshwara batho ba ba sa batleng go tsenela bosole. Gape e otlhaya masole a digakolodi tsa bone di sa tlholeng di ba letla go tswelela ka bosole.

Fa Dong-hyuk Shin a ntse a gola, o ne a itse gore letsatsi lengwe o tlile go bidiwa gore a ye go katisediwa go nna lesole. Letsatsi leo le ile la goroga mme o ne a ya. Puso ya South Korea e ne ya mo naya tlotla fa a tlogela bosole ka 2005. Mme puso e ne ya mo tsenya mo lenaaneng la batho ba nako le nako ba ka bidiwang gore ba tle go katisediwa bosole. Katiso eo e ne ya tswelela ka lobaka lwa dingwaga di le robedi.

Fa katiso eo sena go fela, Rre Shin o ne a simolola go ithuta Baebele. O ne a ithuta gore o tshwanetse go nna motho yo o ratang kagiso mme seo se ile sa dira gore a gane go tsenela bosole gape. Fa a ne a bidiwa ka March 2006, o ne a tlhalosetsa matona a gagwe gore ga a kitla a kgona go dira jalo ka gonne segakolodi sa gagwe se ne se sa tlhole se mo letla go tsenela bosole.

Puso e Pateletsa Batho go ya Bosoleng

South Korea ga e tlotle tshwanelo ya motho ya go gana go ya bosoleng. Bosheng jaana e ile ya laletsa makawana a Basupi ba ga Jehofa a feta 40 gore a tle go ikatisetsa bosole le fa gone makawana ao a tlhalositse gore digakolodi tsa bone ga di ba letle go dira jalo.

Puso ga e batle go amogela gore segakolodi sa ga Rre Shin ga se mo letle gore a ye go ikatisetsa bosole mme mo ngwageng wa 2006, o ile a romelelwa makwalo a le 30 a a mo laelang gore a ye bosoleng. Go ne ga feta dingwaga di le supa Rre Shin a ntse a romelelwa makwalo ao. Go tloga ka March 2006 go ya go December 2013, o ne a romelelwa makwalo a le 118 a a mo laelang gore a ye bosoleng. * Le fa Rre Shin a ile a tlhalosa lebaka la go bo a sa batle go tsenela bosole, o ile a sekisiwa makgetlo a le 49, a ya go ikuela kwa kgotlatshekelong makgetlo a le 69 le go atlholwa makgetlo a le 35.

“Go ne Go se Na Sepe Se a Ka se Dirang”

Dikgotlatshekelo di ne di dumalana le Rre Shin. Kgotlatshekelo ya Kgaolo ya Ulsan e ne ya bua jaana fa e ntsha katlholo mo kgetsing ya October 7, 2014: “Re a tlhaloganya gore fa [Dong-hyuk Shin] a sena go nna Mosupi wa ga Jehofa, go ne go se na sepe se a neng a ka se dira ka gonne segakolodi sa gagwe se ne se sa tlhole se mo letla go dira dilo tse a ithutileng gore di phoso.”

Le fa kgotlatshekelo ya kgaolo e ne e tlhaloganya lebaka la ga Rre Shin, ga go na sepe se dikgotlatshekelo tsa South Korea di ka se dirang ka gonne molao wa naga o laela gore motho o tshwanetse go tsenela bosole fa a bidiwa. Dikgotlatshekelo di setse di ntshitse katlholo ya gore Rre Shin a duele madi a a ka lekanang le diranta di le 168 675, e bile mo makgetlong a le marataro o ne a atlholelwa go ya kgolegelong dikgwedi ka nna thataro. Nako nngwe kgotlatshekelo e ne ya mo laela gore a ye go bereka diura di le 200 a thusa setšhaba.

Rre Shin a re: “Ke ne ke tshwenyegile thata. E ne e kete teko eno ga e kitla e fela. Ba lelapa la gaetsho ba ne ba tshwenngwa ke kgang ya gore mo dingwageng di le robonngwe ke ile kgotlatshekelo makgetlo a le mantsi tota. Mmê le ene o ne a tshwenyegile mme seo se ile sa dira gore a lwale le go feta. Seo se ile sa nkutlwisa botlhoko thata. Gape ke ile ka felelwa ke madi. Go nna ke ntse ke bidiwa le diphelelo tse di ileng tsa nna gone ka ntlha ya go seka le go atlholwa go ile ga dira gore ke felelwe ke tiro makgetlo a ka nna supa ka gonne ke ne ke fetsa nako e ntsi kwa kgolegelong e seng mo tirong.”

South Korea ga e Tlotle Tumalano ya Yone

Rre Shin o ne a ikuela kwa dikgotlatshekelong tsa South Korea mme a itaya se fololetse. Gape o ne a ikuela makgetlo a le manê kwa Kgotlatshekelong ya Makgaolakgang mme le yone e ne ya gana go mo reetsa. E re ka dikgotlatshekelo tsa South Korea di ne di gana go mo thusa, ka June 2016, Rre Shin o ne a bula kgetsi kwa Komiting ya Ditshwanelo Tsa Batho ya UN. O ile a tlhalosa gore fa puso ya South Korea e ne e mo romelela makwalo, e mo sekisa e bile e mo atlhola kgapetsakgapetsa, seno se ne se bontsha gore ga e tlotle tumalano e e ileng ya e saena ya gore e tla tlotla ditshwanelo tsa batho. Rre Shin a re:

  • Molao wa boditšhabatšhaba o tlhalosa gore motho o na le tshwanelo ya go sekasekiwa sentle mme puso yone ga e tlotle tshwanelo eo ka gonne e nna e bitsa batho ba digakolodi tsa bone di sa ba letleng go tsenela bosole, go tswa foo, e bo e ba otlhaya fa ba gana.

  • Go bonala puso e leka go pateletsa batho go ya bosoleng ka gonne e nna e bitsa batho gangwe le gape gore ba tle go ikatisetsa bosole mme fa ba gana e a ba otlhaya. Rre Shin o ile a seka makgetlo a le mantsi tota ka ntlha ya go bo segakolodi sa gagwe se sa mo letle go dira dilo tse di kgatlhanong le bodumedi jwa gagwe mme kotlhao e a ileng a e newa e ne e bontsha gore o a tlontlololwa.

  • E re ka tumelo ya ga Rre Shin e sa mo letle go tsenela bosole, o ngongoregela gore puso e gatakile ditshwanelo tsa gagwe tsa go obamela Modimo ka kgololesego.

Go Nna le Tsholofelo

Rre Shin o na le tsholofelo ya gore maemo a tla fetoga ka gonne Komiti ya UN e ile ya laela puso ya South Korea ka makgetlo gore e tlogele go gataka ditshwanelo tsa batho ba ba ganang go tsenela bosole. * Rre Shin o lebeletse gore Komiti eno e tla tsaya tshwetso e e tla thusang batho ba ba patelediwang go ya bosoleng. A re: “Ga ke ikwatlhaele go bo ke reetsa segakolodi sa me le go bo ke tshela go ya ka dilo tse ke di dumelang mme gone ga ke dumalane le tsela e puso e ileng ya dirisana le nna ka yone. Ke eletsa e kete puso ya South Korea e ka tlotla tshwanelo ya motho ya go gana go dira dilo tse di leng kgatlhanong le segakolodi sa gagwe.” Basupi ba ga Jehofa ba kwa South Korea le ba ba mo lefatsheng lotlhe ba dumalana le Rre Shin mo kgannyeng eno.

^ ser. 7 Ka 2006, Dong-hyuk Shin o ile a newa makwalo a le 30 a a mo laelang gore a tle go ikatisetsa bosole, o ne a newa a le 35 ka 2007, a le 15 ka 2008, a le 9 ka 2009, a le 17 ka 2010 le a le 12 ka 2011. Mme Rre Shin ga a ka a newa makwalo ao ka 2012 le ka 2013 ka gonne batho ba ne ba sa bidiwe go tla go ikatisetsa bosole ka nako eo.

^ ser. 18 Mo dikgetsing tse tlhano tse di latelang, Komiti ya Ditshwanelo Tsa Batho e ile ya bona South Korea molato wa gore e tlodile Molawana 18 o o buelelang “tshwanelo ya motho ya go akanya, ya segakolodi le ya bodumedi,”: Yeo-bum Yoon and Myung-jin Choi v. Republic of Korea, Communication No. 1321-1322/2004, U.N. Doc. CCPR/C/88/D/1321-1322/2004 (November 3, 2006); Eu-min Jung et al. v. Republic of Korea, Communication No. 1593-1603/2007, U.N. Doc. CCPR/C/98/D/1593-1603/2007 (March 23, 2010); Min-kyu Jeong et al. v. Republic of Korea, Communication No. 1642-1741/2007, U.N. Doc. CCPR/C/101/D/1642-1741/2007 (March 24, 2011); Jong-nam Kim et al. v. Republic of Korea, Communication No. 1786/2008, U.N. Doc. CCPR/C/106/D/1786/2008 (October 25, 2012); and Young-kwan Kim et al. v. Republic of Korea, Communication No.  2179/2012, U.N. Doc. CCPR/C/112/D/2179/2012 (October 15, 2014).