Fetela kwa tshedimosetsong

MAY 30, 2017
RUSSIA

Basupi ba ga Jehofa ba Ikuela Kgatlhanong le Tshwetso e e Dirilweng ke Kgotlatshekelo ya Russia

Basupi ba ga Jehofa ba Ikuela Kgatlhanong le Tshwetso e e Dirilweng ke Kgotlatshekelo ya Russia

Basupi ba ga Jehofa kwa Russia ba ile ba tsenya kopo ya go ikuela kgatlhanong le tshwetso e e dirilweng ke Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya kwa Russia ya go thibela kobamelo ya bone. Ka April 20, Moatlhodi Yuriy Ivanenko o ile a ntsha katlholo ya gore mekgatlho yotlhe ya Basupi ba ga Jehofa kwa Russia e tswalwe. Baatlhodi ba bararo ba Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ba ba sekasekang dikgetsi tsa boikuelo ba tla reetsa kgetsi eno ka July 17, 2017.

Basupi ba kopile gore tshwetso eo e phimolwe. Ba re Kgotlatshekelo e tsere tshwetso eno e ikaegile ka ditatofatso tsa maaka e bile ba re Basupi ba ga Jehofa ga ba kotsi mo setšhabeng. Gape ba re dilo tse ba latofadiwang ka tsone di tshwana le tse ba neng ba latofadiwa ka tsone ka nako ya puso ya Soviet mme moragonyana puso eo e ile ya phimola ditatofatso tseo. Mo godimo ga moo, ba re tshwetso ya puso ya Russia ga e dumalane le Molaotheo wa naga le tumalano e ba e dirileng le mafatshe a mangwe ya gore ba tla tlotla ditshwanelo tsa batho.

Tshwetso e e dirilweng ke kgotlatshekelo e dirile gore Basupi ba bogisiwe ka tsela e ba neng ba bogisiwa ka yone ka nako ya puso ya Bakomonisi. Balaodi ba puso ba sekisa Basupi bangwe ka gonne ba re ba kotsi mo setšhabeng, Basupi bangwe ba ile ba kobiwa kwa ditirong, bana ba Basupi ba ile ba tshosediwa ke barutabana kwa sekolong e bile go na le batho ba ba ileng ba tlhasela Diholo tsa Bogosi le go fisa matlo a mabedi a Basupi.

Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba solofela gore kgotlatshekelo ya boikuelo e tla sekaseka kopo eo mme e sireletse Basupi ba ga Jehofa kwa Russia le go ba letla gore ba obamele Modimo ka kgololesego.