TORA YA TEBELO October 2012

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Bonweenwee—Bo Aname go le Kana Kang?

Kafa bonweenwee bo amang batho ka gone go ka bonwa mo lefatsheng lotlhe, ka dinako tse dingwe ka ditlamorago tse di botlhoko.

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Ke Eng fa Bonweenwee bo Tswelela bo le Teng?

Baebele e senola tlhotlheletso ya dilo tse tharo tse di sa siamang tse di bakang pogo le matshwenyego a mantsi.

SETLHOGO SA KA FA NTLE

A go A Kgonega go Ikanyega mo Lefatsheng le le Tletseng Bonweenwee?

Kafa batho ba babedi ba ileng ba ithuta melemo ya go ikanyega le melaometheo ya boitsholo.

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Bonweenwee bo Tla Fela!

Go ise go ye kae Modimo o tla tsaya kgato go tlosa bonweenwee mo lefatsheng la rona. O tla dira seo jang?

PEGO YA BOTSHELO

Maatla a Lefoko la Modimo le Nnileng le One mo Lelapeng la Bahindu

Ke ka ntlha yang fa lelapa lengwe la Bahindu le ile la bona kagiso le tsholofelo ka ntlha ya go ithuta Baebele?

PUISANO LE MOAGELANI

A Modimo o Otlhaya Batho Kwa Molelong wa Dihele?

Go na le mabaka a a utlwalang a go dumela gore Modimo o tekatekano, tota le fa a otlhaya batho ba ba bosula.

A o Ne o Itse?

A Bakeresete ba ne ba tshaba go tswa kwa Judea pele ga go senngwa ga Jerusalema ka 70 C.E.? “Bomorwa baporofeti” e ne e le bomang?

ITHUTE MO LEFOKONG LA MODIMO

A o Ka Tshelela Ruri?

Motswedi wa botshelo, Jehofa Modimo, a ka naya batho ba bangwe botshelo jo bo sa khutleng mme o solofeditse go dira jalo.

ATAMALANA LE MODIMO

“Mogologolo wa Malatsi a Nna”

Mogologolo wa Malatsi ke mang mme ponatshegelo ya ga Daniele e kaya eng?

ETSA TUMELO YA BONE

“Mosadi yo o Molemo Thata”

Ruthe e ne e le Momoabe yo o humanegileng wa motswakwa kwa Iseraele. Ke ka ntlha yang fa a ne a bidiwa “mosadi yo o molemo thata”?

BABADI BA BOTSA JAANA

A Boitumelo bo Ikaegile ka Lenyalo?

A Bakeresete ba ba seng mo lenyalong ba ka itumela? Baebele e re thusa go leba lenyalo ka tsela e e tshwanetseng, le sekao se se itekanetseng sa motho yo o neng a se mo lenyalong.

Baebele e Fetola Matshelo a Batho

Go tlile jang gore batho ba babedi ba tlogele go dira dilo tse di sa siamang, go akaretsa bojalwa le diokobatsi, mme ba itumele tota?

DIPOROJEKE TSA GO ITHUTA BAEBELE

Ikele Tlhoko Gore O se Ka wa Rata Maemo!

Morwa wa boraro wa ga Kgosi Dafide, Abesalome, o ne a batla go ikgapela bogosi, mme go rata maemo ga gagwe go ile ga mmakela mathata.