TORA YA TEBELO—MAKASINE O O ITHUTIWANG January 2013

Kgatiso eno e tlotla ka batho ba ba mo Baebeleng ba ba ileng ba bontsha tumelo le bopelokgale.

Ba Ithaopile ka go Rata—Kwa Norway

Potso e ba neng ba sa e lebelela e ne ya ba tlhotlheletsa jang gore ba ye go direla kwa go nang le tlhokego e e kgolwane ya baboledi gone?

Nna Pelokgale—Jehofa O na Le Wena!

O ka solegela molemo ke sekao sa ga Joshua, Jehoiada, Daniele, le batho ba bangwe ba ba neng ba bontsha tumelo le bopelokgale.

Se Letle Sepe go go Katosetsa Kgakala le Jehofa

Sekaseka kafa re ka dirang ditshwetso tse di molemo ka tiro, boitlosobodutu le lelapa ka gone.

Nna o Atamalane le Jehofa

Go dira ditshwetso tse di siameng malebana le didirisiwa tsa ileketeroniki, botsogo, madi le boikgogomoso go ka re thusa jang gore re atamalane le Jehofa?

Go Direla Modimo re sa Ikwatlhaye

Paulo o ne a dira diphoso tse dikgolo thata le ditshwetso tse di botlhale mo botshelong jwa gagwe. Re ka ithuta eng mo sekaong sa gagwe?

Bagolwane ba Bakeresete—‘Badirimmogo Gore re Ipele’

Bagolwane ba thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ka ditsela dife gore ba itumelele go direla Jehofa?

Letsholo le le Rulagantsweng Sentle le Nna le Diphelelo Tse di Molemo

Bala kafa mosetsana wa dingwaga di le lesome wa kwa Chile a neng a dira ka natla ka gone go laletsa botlhe kwa sekolong sa gagwe ba ba neng ba bua puo ya Mapudungun go tla moletlong o o kgethegileng.