TORA YA TEBELO—MAKASINE O O ITHUTIWANG June 2013

Makasine ono o tla godisa tsela e ka yone re anaanelang dinonofo tsa ga Jehofa tse go sa buiweng ka tsone thata jaaka go dirwa ka dinonofo tsa gagwe tsa konokono.

PEGO YA BOTSHELO

Go Ikobela Jehofa go Ntliseditse Masego a Mantsi

Bala kgang ya botshelo jwa ga Elisa Piccioli. O ne a leba dilo ka tsela e e siameng go sa kgathalesege dikgoreletsi tse dintsi, dilo tse a neng a tshwanetse go di ithontsha le tse di mo latlhegetseng.

Anaanela Dinonofo Tsa ga Jehofa ka Botlalo

Go kaya eng go atamelesega le go sa nne le tlhaolele? Go sekaseka sekao sa ga Jehofa Modimo go tla re thusa go bontsha dinonofo tseno.

Anaanela Bopelotshweu Jwa ga Jehofa le go Nna Tekatekano ga Gagwe

Jehofa o re tlhometse sekao se se molemo sa go nna pelotshweu le go nna tekatekano. Go ithuta ka sekao sa gagwe go tla re thusa gore re bontshe dinonofo tse di tshwanang le tsa gagwe.

Anaanela Boikanyegi Jwa ga Jehofa le go Itshwarela ga Gagwe

Boikanyegi le go itshwarela ke dinonofo tse di rategang tse di bontshang gore motho ke tsala ya mmatota. Go etsa sekao sa ga Jehofa go tla re thusa gore re leke ka natla go nna le dinonofo tseno tsa botlhokwa.

Dipotso Tse di Tswang kwa Babading

“Bomorwa Modimo wa boammaaruri” le “meya e e mo kgolegelong” e go buiwang ka yone mo Baebeleng ke bomang?

Letla Kotlhao ya ga Jehofa e go Bope

Jehofa, “Mmopi wa rona wa letsopa,” o bopile batho le ditšhaba. Re ka ithuta eng mo go seno, mme gompieno re ka solegelwa molemo jang ke gore a re bope?

Bagolwane—A lo Tla Lapolosa “Moya o o Lapileng”?

Bagolwane ba ba Bakeresete ba baakanyetsa jang maeto a bodisa? Bagolwane ba ka kgothatsa mongwe yo o lapileng kgotsa yo o kgobegileng marapo ka go mo naya “mpho ya semoya.”

A o A Gakologelwa?

A o badile dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo ka kelotlhoko? Bona gore o ka kgona go gopola eng.