TORA YA TEBELO—MAKASINE O O ITHUTIWANG July 2013

Makasine ono o tlhalosa ditsela di le mmalwa tse di tokafaditsweng tse re tlhaloganyang ka tsone nako ya go diragadiwa ga boporofeti jwa ga Jesu le gore motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale ke mang.

“Re Bolelele, Dilo Tseno di Tla Nna Leng?”

Tsela e re neng re tlhaloganya ka yone ditiragalo tsa boporofeti jwa ga Jesu jo bo mo go Mathaio kgaolo 24 le 25 e tokafaditswe jang?

“Bonang! Ke na Le Lona Malatsi Otlhe”

Setshwantsho sa ga Jesu sa korong le mefero se tlhalosa nako ya go jala, go gola le go roba. Ke tsela efe e ntšha e ka yone re tlhaloganyang nako ya go roba?

Go Fepa ba le Bantsi a Dirisa ba le Mmalwa

Jesu o ne a tlamela jang diphuthego tsa lekgolo la ntlha la dingwaga ka dijo tsa semoya? A oo ke mokgwa o o dirisiwang gompieno?

“Tota Motlhanka yo o Boikanyego Le yo O Botlhale ke Mang?”

Setlhogo seno se tokafatsa tsela e re neng re tlhaloganya ka yone gore motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale ke mang. Ithute kafa bomoya jwa rona bo ikaegileng ka motlhanka yono ka gone.

Leloko le Lesha la Setlhopha se se Laolang

Go simolola ka Lwetse 1, 2012, Mark Sanderson o ne a nna leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa.

PEGO YA BOTSHELO

Go Tlhagafalela go Direla Jehofa Gongwe le Gongwe

Bala kafa banyalani bangwe ba kwa Netherlands ba neng ba ithuta ka gone go ikanya Jehofa ka botlalo go sa kgathalesege dikgwetlho le go fetoga ga maemo.

“Leba Ditshwantsho!”

Ditshwantsho ke didirisiwa tse di re rutang le tse di dirang gore re akanye ka se re ithutang sone re bo re se itumelele. O ka solegelwa molemo jang ke ditshwantsho tse dintle?