TORA YA TEBELO—MAKASINE O O ITHUTIWANG September 2013

Makasine ono o tla tlotla kafa re ka dirang ditshwetso tse di botlhale ka gone, kafa re ka nonotshang kamano ya rona le Jehofa Modimo ka gone, le kafa re ka solegelwang molemo ka gone ke dikgakololo tsa ga Jehofa.

Dirisa Mokgwa wa go Farologanya

Gangwe le gape Jesu o ne a dirisa mokgwa wa go farologanya dintlha. Ithute kafa o ka dirisang mokgwa ono ka gone go thusa ba bangwe gore ba ithute boammaaruri jwa Baebele.

Dikgakololo Tsa ga Jehofa di a Ikanyega

Jehofa ga a bolo go nna a dirisa dikgakololo go kaela batho ba gagwe. Ke eng fa re tshwanetse go ikanya dikgakololo tsa ga Jehofa gompieno?

Dira Gore Dikgakololo Tsa ga Jehofa e Nne Boitumelo Jwa Pelo ya Gago

A re itumelela go ikobela ditaelo tsa ga Jehofa kgotsa ka dinako dingwe re di tsaya e le mokgweleo? Re ka ikanya dikgakololo tsa gagwe jang?

A o Ile wa Fetoga?

Ke eng fa Bakeresete botlhe ba tshwanetse go amega ka go ‘fetoga’? Phetogo eno e akaretsa eng, mme re ka atlega jang?

Dira Ditshwetso Tsa Gago ka Botlhale

Re ka tlhomamisa jang gore ditshwetso tse re di dirang di dumalana le thato ya Modimo? Ke eng se se ka re thusang go diragatsa ditshwetso tse re di dirileng?

Bobulatsela bo Nonotsha Kamano ya Rona le Modimo

Ithute ka ditsela di le robedi tse bobulatsela bo ka nonotshang kamano ya gago le Jehofa ka gone. Ke eng se se ka go thusang gore o tswelele o le mo tirelong eno e e kgotsofatsang?

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ke eng fa Jesu a ile a lela pele ga a tsosa Lasaro, jaaka go tlhalositswe mo go Johane 11:35?