TORA YA TEBELO—MAKASINE O O ITHUTIWANG January 2014

Makasine ono o tlhomamisa gore Jehofa ga a bolo go nna Kgosi. Gape o dira gore re anaanele Bogosi jwa Bomesia le se bo se fitlheletseng.

Ba Ithaopile ka go Rata—Kwa Afrika Bophirima

Ke eng se se tlhotlheleditseng baboledi bano ba ba ba rerang kwa go nang le tlhokego e kgolo gone gore ba fuduge?

Obamela Jehofa, Kgosi ya Bosakhutleng

Go ithuta kafa Jehofa a ileng a nna Rre ka gone le kafa a bontshitseng ka gone gore ke Kgosi, go dira gore re atamalane le ene.

Dingwaga di le 100 Tsa Puso ya Bogosi—Di go Ama Jang?

Re ka solegelwa molemo jang ke puso ya Bogosi? Bona kafa Kgosi ya Bomesia e itshekisang, e rutang le go rulaganya babusiwa ba yone ka gone.

Go Dira Ditshwetso Tse di Botlhale o sa Ntse o le Mosha

Basha ba le bantsi ba ba ineetseng ba Bakeresete ba na le maitemogelo a a molemo a go thusa ba bangwe. O ka nna jang le seabe ka botlalo mo tirelong ya ga Jehofa?

Go Direla Jehofa Pele ga Malatsi a Masetlapelo a Goroga

Bakeresete ba ba godileng ba na le ditshono dife tsa go oketsa bodiredi jwa bone?

“A Bogosi Jwa Gago bo Tle”—Mme Gone Leng?

Ke eng fa re ka tlhomamisega gore Kgosi e e tlhomilweng ya Modimo e tla tloga e tsaya kgato, gore thato ya Modimo e diragadiwe ka botlalo mo lefatsheng?

Tshwetso E ke E Dirileng Fa ke Le Ngwana

Mosimanyana mongwe wa kwa Columbus, Ohio, U.S.A., o ne a dira tshwetso ya go ithuta Se-Cambodia. Ka ntlha yang? Tshwetso eo e ne ya ama isagwe ya gagwe jang?