TORA YA TEBELO—MAKASINE O O ITHUTIWANG March 2014

Mo makasineng ono, ithute kafa o ka tswelelang o intsha setlhabelo ka gone le go leba dilo ka tsela e e siameng. Re ka tlhokomela jang badumedi ka rona ba ba godileng le ba masika a rona?

Go Fitlhelela Dipelo Tsa ba Losika ba e Seng Basupi

Re ithuta eng mo tseleng e Jesu a neng a tshwara ba masika a gagwe ka yone? Re ka kgona jang go rerela ba masika ba ba leng mo bodumeding jo bo farologaneng le jwa rona—kgotsa ba ba seng mo tumelong epe?

Kafa o ka Bontshang Moya wa go Intsha Setlhabelo ka Teng

Re na le mmaba yo ka bofitlha a senyang moya wa rona wa go intsha setlhabelo. Setlhogo seno se tla tlhalosa gore mmaba yoo ke mang le kafa re ka dirisang Baebele ka teng go re thusa go mo lwantsha.

Kafa re ka Tswelelang re Leba Dilo ka Tsela e e Siameng ka Gone

Ke eng fa batho ba le bantsi ba lwa le maikutlo a a sa siamang? Setlhogo seno se re bontsha kafa re ka kgonang ka gone go dirisa Baebele gore re lebe dilo ka tsela e e siameng.

Kobamelo ya Lelapa—A o Ka Dira Gore e Itumedise?

Bona kafa kobamelo ya lelapa e tshwarwang ka gone mo dinageng tse di farologaneng mme o bone gore o ka leka go dirisa mokgwa ofe.

Tlotlang Batho ba ba Tsofetseng mo Gare ga Lona

Sekaseka tsela e Modimo a lebang bagodi ka yone. Bana ba na le maikarabelo afe mo batsading ba bone ba ba tsofetseng? Diphuthego di bontsha bagodi tlotlo jang?

Go Tlhokomela Bagodi

Batsadi ba ba tsofetseng le bana ba ka tlotla e sa le gale ka dithulaganyo le ditshwetso pele ga “malatsi a masetlapelo” a goroga. Ba ka lebana jang le dikgwetlho dingwe?

A Puo ya Gago—Ke “‘ee Mme Le fa Go Ntse Jalo e le Nnyaa’”?

Bakeresete ba mmatota ba tshwanetse go diragatsa se ba se solofeditseng mme ba se ka ba re ‘ee mme le fa go ntse jalo e le nnyaa.’ Mme go tweng fa o sa kgone go diragatsa se o se solofeditseng? Ithute seo mo sekaong sa ga moaposetoloi Paulo.