Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

TORA YA TEBELO No. 2 2017 | A o Tla Amogela Mpho e Kgolo e e Tswang Kwa Modimong?

O Akanya Eng?

Ke mpho efe e e kgolo e Modimo a re neileng yone?

Baebele ya re: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi.”Johane 3:16.

Makasine ono wa Tora ya Tebelo o tlotla ka lebaka la go bo Modimo a rometse Jesu mo lefatsheng gore a re swele le kafa re ka bontshang ka gone gore re lebogela mpho eo.

 

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Mpho E e Di Gaisang Tsotlhe

Baebele e bua ka mpho e e tlhwatlhwakgolo e e ka dirang gore ba ba e amogelang ba bone botshelo jo bo sa khutleng. Ke mpho efe e e kgolo go gaisa eno?

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Mpho ya Modimo e e Kgolo—Goreng e le Botlhokwa Jaana?

Ke eng se se dirang gore mpho e nne botlhokwa go gaisa tse dingwe? Go akanya ka dintlha tseno go ka go thusa gore o lebogele thekololo.

SETLHOGO SA KA FA NTLE

A o Tla Lebogela Mpho e e Tlhwatlhwakgolo e e Tswang Kwa Modimong?

Lorato lo Keresete a re ratang ka lone lo re tlhotlheletsa go dira eng?

A Badiredi ba Bakeresete Ga ba A Tshwanela go Tsena mo Lenyalong?

Dikereke tse dingwe ga di letlelele baruti le baeteledipele ba tsone go tsena mo lenyalong. Baebele ya reng ka kgang eno?

Go Gololwa mo Bokgobeng—Bogologolo le Gompieno

Bogologolo batho ba Modimo ba ne ba gololwa mo bokgobeng. Ka maswabi, batho ba le dimilione e sa ntse e le makgoba.

Itumelele Masego a go Abela ba Bangwe

Go aba go dira gore wena le batho ba bangwe lo itumele. Go dira gore batho ba dirisane sentle ba bo ba nne ditsala. O ka dira eng go itumelela go aba?

Baebele ya Reng ka Kgang Eno?

Baebele ya re ‘metlha ya bofelo’ ke “dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.” A eo ga se nako e re tshelang mo go yone?