TORA YA TEBELO—MAKASINE O O ITHUTIWANG February 2018

Makasine ono o na le ditlhogo tsa thuto tsa April 2-29, 2018.

Etsa Tumelo ya ga Noa, Daniele le Jobe

Banna bano ba ba ikanyegang ba ne ba lebana le diteko dingwe tse re lebanang le tsone. Ke eng se se ba thusitseng go tswelela ba ikanyega?

A o Itse Jehofa Jaaka Noa, Daniele le Jobe?

Go tlile jang gore banna bano ba itse Modimo? Go itse Modimo go ile ga ba thusa jang? Re ka nna jang le tumelo jaaka bone?

PEGO YA BOTSHELO

Dilo Tsotlhe di a Kgonega mo go Jehofa

Motlotlo mongwe mo beseng kwa Kyrgyzstan o ne wa fetola botshelo jwa banyalani bangwe

Go Nna le Tumelo e e Nonofileng go Kaya Eng?

Baebele e tlhalosa dinonofo tsa “motho wa semoya” e bile e tlhalosa gore o farologana jang le “motho wa senama.”

Tswelela o Nonotsha Tumelo ya Gago!

Go nna le kitso ya Baebele ga go reye gore o na le tumelo e e nonofileng. Go tlhokega eng gape?

Boipelo—Nonofo e e Tswang Kwa Modimong

O ka dira eng gore o boe o itumele gape fa e le gore diteko di dira gore o kgobege marapo?

GO TSWA MO MABOLOKELONG A RONA

Dipuo Tsa Phatlalatsa di Dira Gore Molaetsa wa Bogosi o Aname Kwa Ireland

Ke eng se se neng sa tlhomamisetsa Mokaulengwe Russell gore ‘masimo a budule a emetse fela go robiwa’?