TORA YA TEBELO—MAKASINE O O ITHUTIWANG July 2018

Makasine ono o na le ditlhogo tsa thuto tsa September 3-30, 2018.

BA ITHAOPILE KA GO RATA

Ba Ithaopile ka go Rata—Kwa Myanmar

Ke eng se se dirileng gore Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi ba ye go thusa kwa Myanmar?

O Batla go Amogelwa ke Mang?

Re ithuta eng mo tseleng e Jehofa a ileng a bontsha batho ba gagwe kamogelo ka gone?

Matlho a Gago a Lebile Kae?

Re ka ithuta thuto ya botlhokwa mo go se se diragaletseng Moshe.

“Ke Mang yo o Kafa Letlhakoreng la ga Jehofa?”

Pego ya Baebele ya ga Kaine, Solomone, Moshe le Arone e re ruta gore go botlhokwa go nna mo letlhakoreng la ga Jehofa.

Re Batho ba ga Jehofa

Re ka bontsha Jehofa jang gore re lebogela tshiamelo ya go nna batho ba gagwe?

Bontsha “Batho ba Mefuta Yotlhe” Bopelotlhomogi

Etsa tsela e Jehofa a leng pelotlhomogi ka yone ka go lemoga mathata a batho ba bangwe le go ba thusa.

O ka Dira Eng Gore o Itumelele go Bala Baebele?

Fa o ithuta Baebele o tla bona matlotlo a a molemo.

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Fa monna le mosadi ba ba sa nyalanang ba ka robala mo ntlong e le nngwe ntle le mabaka a a utlwalang, a seo e ka tswa e le bosupi jwa gore ba leofile?