TORA YA TEBELO—MAKASINE O O ITHUTIWANG November 2019

Makasine ono o na le ditlhogo tsa thuto tsa December 30, 2019–February 2, 2020.

Dira ka Natla Gore o Nne le Ditsala Pele Bokhutlo bo Tla

Re ka ithuta mo go se se diragaletseng Jeremia yo ditsala tsa gagwe di ileng tsa mo thusa fa Jerusalema e ne e tloga e senngwa.

Moya o o Boitshepo o re Thusa Jang?

Moya o o boitshepo o ka re thusa gore re itshoke. Mme gone, fa re batla gore o re thuse, re tshwanetse go dira dilo di le nnê.

A o Tlhokomela Thebe ya Gago ya Tumelo?

Tumelo ya rona e a re sireletsa fela jaaka thebe. Re ka dirang gore tumelo ya rona e nne e nonofile?

Re ka Ithuta Eng mo Bukeng ya Lefitiko?

Buka ya Lefitiko e na le melao e Jehofa a neng a e neile setšhaba sa Iseraele. Bakeresete ga ba tlhoke go ikobela melao eo, mme gone, e ka re thusa.

Feleletsa Se o Se Simolotseng

Le fa re dirile tshwetso e e siameng, go ka nna thata gore re e diragatse. Ke eng se se ka go thusang?

A o Ne o Itse?

Ka nako ya go kwalwa ga Baebele tiro ya molebedi e ne e le eng?