Lefatshe le Lesha
1. Leka go’ipona mo paradaiseng.
Dilo tsotlhe di setse di le disha,
Bana ba’itumetse.
Re sa tlhole re boifa sepe.
Mme re tlhokometse ’gae leno
Batho botlhe ba tshela ka kutlwano.
Ba tshela go ya go’ile.
Gape go rena kagiso fela.
Go le monate
Re buswa ke Kresete
Mo ’fatsheng le lesha.
(KHORASE)
Tsholofelo e maatla.
Tsholofelo eo ke tshetledi.
Tsholofelo eo, e re thusa
Gore re ipone
Mo ’fatsheng le lesha.
2. Leka go’ipona o’ikagetse ntlo
Godimo ga thaba kgotsa fa lewatleng.
O nna mo go yone.
Fa’o ntse o iketlile mo gae,
Go tsena motho mongwe
A tla a itumetse thata,
A go tlamparela.
Ga’o kgone go dumela se’o se bonang.
Tota le baswi
Ba a tsosiwa
Mo ’fatsheng le lesha.
(KHORASE)
Tsholofelo e maatla.
Tsholofelo eo ke tshetledi.
Tsholofelo eo, e re thusa
Gore re ipone
Mo ’fatsheng le lesha.
(BRIDGE)
Mme o tla diragatsa
Sengwe le sengwe se’a se buileng.
Jehofa o ikaeletse
Go kgotsofatsa ditshedi tsotlhe.
(KHORASE)
Tsholofelo e maatla.
Tsholofelo eo ke tshetledi.
Tsholofelo eo, e re thusa
Gore re ipone
Mo ’fatsheng le lesha.
Mo ’fatsheng le lesha,
Mo ’fatsheng le lesha,
Mo ’fatsheng le lesha.