Totatota Baebele e Ruta Eng?

Sedirisiwa seno sa go ruta Baebele se diretswe go go thusa go ithuta se Baebele e se rutang ka dikgang tse di farologaneng, go akaretsa gore ke ka ntlha yang fa re boga, go direga eng fa re swa, kafa re ka nnang le botshelo jo bo itumedisang jwa lelapa ka gone le dikgang tse dingwe tse di oketsegileng.

A Modimo O ne A Batla Gore Maemo a Nne Jaana?

O ka tswa o ipotsa gore ke eng fa mathata a le mantsi thata jaana gompieno. A o ne o itse gore Baebele ya re go tla nna le phetogo ya mmatota le gore o ka solegelwa molemo?

KGAOLO 1

Dithuto Tsa Boammaaruri ke Dife ka Modimo?

A o akanya gore Modimo o amega ka wena? Ithute ka botho jwa gagwe le kafa o ka atamalanang le ene ka gone.

KGAOLO 2

Baebele—Buka e e Tswang Kwa Modimong

Baebele e ka go thusa jang go lebana le mathata a gago? Ke ka ntlha yang fa o ka ikanya boporofeti jo bo mo Baebeleng?

KGAOLO 3

Boikaelelo Jwa Modimo ke Eng ka Lefatshe?

A boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe la paradaise bo tla diragadiwa? Fa go le jalo, bo tla diragadiwa leng?

KGAOLO 4

Jesu Keresete ke Mang?

Ithute gore ke ka ntlha yang fa Jesu e le Mesia yo o solofeditsweng, o ne a tswa kae le gore ke ka ntlha yang fa e le Morwa yo o tsetsweng a le esi wa ga Jehofa.

KGAOLO 5

Thekololo—Mpho ya Modimo e e Botlhokwatlhokwa

Thekololo ke eng? E ka go solegela molemo jang?

KGAOLO 6

Baswi ba Kae?

Ithute se Baebele e se buang ka gore baswi ba kae le gore ke ka ntlha yang fa batho ba swa.

KGAOLO 7

Tsholofelo ya Mmatota ka Batho Ba o Ba Ratang ba ba Suleng

A o tlhokafaletswe ke mongwe yo o mo ratang? A go a kgonega go bona baswi gape? Ithute se Baebele e se rutang ka tsogo ya baswi.

KGAOLO 8

Bogosi Jwa Modimo ke Eng?

Batho ba le bantsi ba itse thapelo ya Morena. Polelwana e e reng: “A bogosi jwa gago bo tle” e kaya eng?

KGAOLO 9

A re Tshela “mo Metlheng ya Bofelo”?

Ela tlhoko kafa ditiro le mekgwa ya batho ba ba re dikologileng e bontshang ka gone gore re tshela mo “metlheng ya bofelo” e Baebele e neng ya bolelela pele ka yone.

KGAOLO 10

Dibopiwa Tsa Semoya—Kafa di re Amang ka Gone

Baebele e bua ka baengele le madimona. A dibopiwa tseno tsa semoya ke tsa mmatota? A di ka ama botshelo jwa gago?

KGAOLO 11

Ke ka Ntlha Yang fa Modimo a Letleletse Pogo?

Batho ba le bantsi ba akanya gore Modimo o molato ka ntlha ya pogo e e tletseng mo lefatsheng. Wena o akanyang? Ithute se Modimo a se buang ka mabaka a go bo re boga.

KGAOLO 12

Go Tshela ka Tsela e e Itumedisang Modimo

Go a kgonega go tshela botshelo jo bo itumedisang Jehofa. Tota e bile, o ka kgona go nna tsala ya gagwe.

KGAOLO 13

Tsela e Modimo a Lebang Botshelo ka Yone

Modimo o leba jang go ntsha mpa, go tshelwa madi le botshelo jwa diphologolo?

KGAOLO 14

Kafa o ka Dirang ka Teng Gore Botshelo Jwa Lelapa la Gago bo Itumedise

Lorato lo Jesu a neng a lo bontsha ke sekao se banna ba ba nyetseng, basadi ba ba nyetsweng, batsadi le bana ba ka se etsang. Re ithuta eng mo go ene?

KGAOLO 15

Kobamelo e e Amogelwang ke Modimo

Sekaseka dikarolo tse thataro tse di tlhaolang ba ba mo bodumeding jwa boammaaruri.

KGAOLO 16

Ema o Nitame mo Kobamelong ya Boammaaruri

Ke dikgwetlho dife tse o ka lebanang le tsone fa o bua le ba bangwe ka se o se dumelang? O ka dira seo jang o sa kgopise ba bangwe?

KGAOLO 17

Atamela Modimo ka Thapelo

A Modimo o a go reetsa fa o rapela? Go araba potso eno, o tshwanetse go tlhaloganya se Baebele e se rutang ka thapelo.

KGAOLO 18

Kolobetso le Kamano ya Gago le Modimo

Ke dikgato dife tse di tlhokegang gore o tshwanelegele kolobetso ya Bokeresete? Ithute gore e kaya eng le gore e tshwanetse go dirwa jang.

KGAOLO 19

Nnela Ruri mo Loratong Lwa Modimo

Re ka bontsha jang lorato le go lebogela sotlhe se Modimo a re diretseng sone?

DINTLHA TSE DI OKETSEGILENG

Leina la Modimo—Tsela e le Dirisiwang ka Yone Le se Le se Kayang

Leina la Modimo le ntshitswe mo dithanolong tse dintsi tsa Baebele. Ka ntlha yang? A go dirisa leina la Modimo go botlhokwa?

DINTLHA TSE DI OKETSEGILENG

Kafa Boporofeti Jwa ga Daniele bo Bolelelang Pele ka Gone go Goroga ga ga Mesia

Dingwaga di feta 500 pelenyana, Modimo o ne a senola nako e e tlhomameng e Mesia a neng a tla goroga ka yone. Ithute ka boporofeti jono jo bo kgatlhang!

DINTLHA TSE DI OKETSEGILENG

Jesu Keresete—Mesia yo o Solofeditsweng

Jesu o ne a diragatsa dipolelelopele tsotlhe tsa Baebele tse di kaga Mesia. Tlhomamisa mo Baebeleng ya gago gore dipolelelopele tseno di ne tsa diragadiwa ka botlalo.

DINTLHA TSE DI OKETSEGILENG

Boammaaruri ka Rara, Morwa le Moya o o Boitshepo

Batho ba le bantsi ba dumela gore thuto ya Tharonngwe e mo Baebeleng. A seo ke boammaaruri?

DINTLHA TSE DI OKETSEGILENG

Lebaka La go Bo Bakeresete ba Boammaaruri ba sa Dirise Sefapaano mo Kobamelong

A ruri Jesu o swetse mo sefapaanong? Bala karabo ya potso eno mo Baebeleng.

DINTLHA TSE DI OKETSEGILENG

Sejo sa Morena sa Maitseboa—Tiragalo e e Ketekwang go Tlotla Modimo

Bakeresete ba laetswe go keteka Segopotso sa loso lwa ga Keresete. Se tshwanetse go ketekwa leng le gone jang?

DINTLHA TSE DI OKETSEGILENG

A ke Boammaaruri Gore Batho Ba na Le Karolo Nngwe mo go Bone E e Sa Bonaleng e Bile e sa Swe?

Batho ba le bantsi ba akanya gore fa motho a swa karolo nngwe ya gagwe e e sa bonaleng e tlogela mmele e bo e tswelela e tshela. Lefoko la Modimo le re bolelela eng?

DINTLHA TSE DI OKETSEGILENG

Sheole le Hadese ke Eng?

Dithanolo dingwe tsa Baebele di dirisa lefoko “lebitla” kgotsa “dihele” go kaya Sheole le Hadese. Totatota mafoko ano a kaya eng?

DINTLHA TSE DI OKETSEGILENG

Letsatsi la Katlholo ke Eng?

Ithute kafa Letsatsi la Katlholo le tla nnang tshegofatso ka gone mo bathong botlhe ba ba ikanyegang.

DINTLHA TSE DI OKETSEGILENG

1914—Ngwaga o o Botlhokwa Thata mo Boporofeting Jwa Baebele

Go na le bosupi bofe mo Baebeleng jo bo bontshang gore 1914 e ne e le ngwaga wa botlhokwa thata?

DINTLHA TSE DI OKETSEGILENG

Mikaele Moengele yo Mogolo ke Mang?

Baebele e tlhalosa gore moengele yono yo mogolo yo o maatla ke mang. Ithute mo go oketsegileng ka ene le ka se a se dirang gone jaanong.

DINTLHA TSE DI OKETSEGILENG

Go Bona Gore “Babelona o Mogolo” ke Mang

Buka ya Tshenolo e bua ka mosadi yo o bidiwang “Babelona o Mogolo.” A ke mosadi wa mmatota? Baebele ya reng ka ene?

DINTLHA TSE DI OKETSEGILENG

A Jesu o Tsetswe ka December?

Ela tlhoko maemo a bosa ka nako ya ngwaga ya fa Jesu a ne a tsalwa. Seo se re bolelela eng?

DINTLHA TSE DI OKETSEGILENG

A re Tshwanetse go Keteka Malatsi Mangwe a a Ketekwang?

Bontsi jwa malatsi a boikhutso a a tlwaelegileng mo lefelong la lona a simologile kae? O ka nna wa gakgamadiwa ke go utlwa dikarabo tsa potso eno.