Baebele e re Ruta Eng?

Buka eno e diretswe go re thusa go ithuta se Baebele e se rutang ka pogo, loso le kafa malapa a rona a ka itumelang ka gone le tse dingwe.

Boikaelelo Jwa Modimo ke Eng ka Rona?

O ka tswa o ipotsa lebaka la go bo go na le mathata a le mantsi thata jaana. Baebele e ruta gore Modimo o tla tloga a fedisa pogo, bolwetse le loso.

KGAOLO 1

Modimo ke Mang?

A o akanya gore Modimo o a go kgathalela? Ithute ka botho jwa gagwe le go bona kafa o ka nnang tsala ya gagwe ka gone.

KGAOLO 2

Baebele—Buka e e Tswang Kwa Modimong

Baebele e ka go thusa jang fa o na le mathata? Ke eng fa o ka ikanya boporofeti jo bo mo go yone?

KGAOLO 3

Modimo o Ikaeletse go Direla Batho Eng?

Botshelo bo tla bo bo ntse jang kwa lefatsheng le lesha la paradaise?

KGAOLO 4

Jesu Keresete ke Mang?

Ithute lebaka la go bo Jesu e le Mesia yo o solofeditsweng, gore o tswa kae le lebaka la go bo e le Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo.

KGAOLO 5

Thekololo—Mpho e e Molemo e e Tswang Kwa Modimong

Thekololo ke eng? E ka go thusa jang?

KGAOLO 6

Re ya Kae fa re Swa?

Ithute se Baebele e se rutang malebana le kwa baswi ba leng gone le lebaka la go bo re swa.

KGAOLO 7

Baswi ba Tla Tsoga!

A o swetswe ke mongwe yo o mo ratang? A o tla boa o mmona gape? Bona se Baebele e se rutang ka tsogo ya baswi.

KGAOLO 8

Bogosi Jwa Modimo ke Eng?

Batho ba le bantsi ba itse Thapelo ya Morena. Mafoko a a reng “A Bogosi jwa gago bo tle” a kaya eng?

KGAOLO 9

A Lefatshe le ya Bokhutlong?

Ithute kafa ditiro le mekgwa ya batho ba re tshelang le bone e re bontshang ka gone gore re tshela mo malatsing a bofelo pele ga lefatshe le ya bokhutlong.

KGAOLO 10

Go Itse Boammaaruri ka Baengele

Baebele e bua ka baengele le ka madimona. A dibopiwa tseno tsa semoya di teng? A di kgona go re thusa kgotsa go re gobatsa?

KGAOLO 11

Ke Eng fa Batho ba Boga Thata Jaana?

Batho ba le bantsi ba akanya gore Modimo ke ene a bakang pogo mo lefatsheng. Wena o akanya eng? Ithute se Baebele e se rutang malebana le mabaka a go bo re boga.

KGAOLO 12

O ka Dira Eng go Nna Tsala ya Modimo?

Re kgona go tshela ka tsela e e itumedisang Jehofa. Tota e bile, o ka kgona go nna tsala ya gagwe.

KGAOLO 13

Tlotla Mpho ya Botshelo

Modimo o leba jang go senya mpa, go tshela mpa le botshelo jwa phologolo?

KGAOLO 14

Lelapa la Gago le ka Itumela

Jesu o tlhometse banna, basadi, batsadi le bana sekao se se molemo se ba ka se latelang. Re ithuta eng mo go ene?

KGAOLO 15

Tsela e e Siameng ya go Obamela Modimo

Ithute ka dintlha di le thataro tse di tlhaolang batho ba ba obamelang Modimo ka tsela e e siameng.

KGAOLO 16

Tlhopha go Direla Modimo

Ke dikgwetlho dife tse o ka nnang wa lebana le tsone fa o bolelela ba bangwe ka dilo tse o di dumelang? O ka dira seo jang ntle le go ba kgopisa?

KGAOLO 17

Tshiamelo ya Thapelo

A Modimo o a go reetsa fa o rapela? O tshwanetse go tlhaloganya se Baebele e se rutang malebana le thapelo gore o kgone go araba potso eo

KGAOLO 18

A ke Tshwanetse go Ineela le go Kolobediwa?

Ke dikgato dife tse motho a tshwanetseng go di tsaya gore a kgone go kolobediwa? Ithute gore kolobetso e kaya eng le tsela e e tshwanetseng go dirwa ka yone.

KGAOLO 19

Nna o le Gaufi le Jehofa

Re ka bontsha jang go lebogela Modimo ka dilo tsotlhe tse a re diretseng tsone?

Dintlha Tse di Kwa Bofelong

Bokao jwa mafoko le dipolelwana tse di dirisitsweng mo bukeng ya Baebele e re Ruta Eng?