Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!

Batho ba le dimilione ba bone botshelo jo bo itumedisang le jo bo sireletsegileng mo pusong e e itekanetseng ya Modimo. A o ka rata go nna moagi wa yone?

Lekwalo le le Tswang go Setlhopha se se Laolang

Kitsiso e e itumedisang ya ga C. T. Russell ka Diphalane 2, 1914 e itshupile jang gore e boammaaruri?

KGAOLO 1

“A Bogosi Jwa Gago bo Tle”

Jesu o ne a ruta ka Bogosi jwa Modimo go gaisa ka kgang epe fela. Bo tla tla jang le gone leng?

KGAOLO 2

Bogosi bo Tlhomiwa Kwa Legodimong

Ke mang yo o neng a thusa balatedi ba ga Keresete ba mo lefatsheng go ipaakanyetsa Bogosi? Ke dilo dife tse di bontshang gore Bogosi ke puso ya mmatota?

KGAOLO 3

Jehofa o Senola Boikaelelo Jwa Gagwe

A Bogosi e ne e le karolo ya boikaelelo jwa Modimo jwa kwa tshimologong? Jesu o ne a phatsimisa jang lesedi ka Bogosi?

KGAOLO 4

Jehofa o Tlotlomatsa Leina la Gagwe

Ke eng se Bogosi bo se fitlheletseng malebana le leina la Modimo? Wena o ka nna le seabe jang mo go itshepisiweng ga leina la ga Jehofa?

KGAOLO 5

Kgosi e Phatsimisa Lesedi ka Bogosi

Tlhaloganya ka botlalo se se kaiwang ke Bogosi jwa Modimo, babusi le babusiwa ba jone le se se bolelwang ke go ikanyega mo go jone.

KGAOLO 6

Batho ba ba Rerang—Badiredi ba Ithaopa ka go Rata

Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a tlhomamisegile gore o tla nna le batho ba ba tla mo emang nokeng ka go rata mo metlheng ya bofelo? O ka bontsha jang gore o batla Bogosi pele?

KGAOLO 7

Mekgwa ya go Rera—Go Dirisa Ditsela Dipe Fela go Fitlhelela Batho

Ithute ka mekgwa e mesha e batho ba Modimo ba neng ba e dirisa go fitlhelela batho ba bantsi ka mo ba ka kgonang ka teng ka dikgang tse di molemo pele ga bokhutlo bo tla.

KGAOLO 8

Didirisiwa Tsa go Rera—Go Dira Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Lefatsheng Lotlhe

Tiro ya rona ya thanolo e bontsha jang gore Jesu o re eme nokeng? Ke dintlha dife ka dikgatiso tsa rona tse di go bontshang gore Bogosi ke selo sa mmatota?

KGAOLO 9

Diphelelo Tsa go Rera—“Masimo . . . a Masweu go ka Rojwa”

Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe dithuto tse pedi tsa botlhokwa ka thobo ya semoya. Dithuto tseno di re ama jang gompieno?

KGAOLO 10

Kgosi e Itshekisa Batho ba Yone Semoyeng

Keresemose le sefapaano di tshwana ka eng?

KGAOLO 11

Go Itshekisiwa mo Boitsholong—Go Bontsha Boitshepo Jwa Modimo

Matlwana a balebedi le dikgoro tsa botseno tsa ponatshegelo ya ga Esekiele ya tempele di ile tsa nna le bokao jo bo kgethegileng mo bathong ba Modimo fa e sa le go tloga ka 1914.

KGAOLO 12

Ba Rulaganyediwa go Direla “Modimo wa Kagiso”

Baebele ga e farologanye tlhakatlhakano le thulaganyo, mme e e farologanya le kagiso. Ka ntlha yang? Mme karabo eno e ama jang Bakeresete gompieno?

KGAOLO 13

Bareri ba Bogosi ba Isa Kgetsi ya Bone Kwa Kgotlatshekelong

Baatlhodi mo dikgotlatshekelong tsa motlha wa rona ba leba dilo jaaka morutisi wa bogologolo wa Molao, e bong Gamaliele.

KGAOLO 14

Go Ema Nokeng ka Boikanyegi Puso ya Modimo e Seng Epe Gape

“Noka” ya pogiso e e ileng ya tlisiwa mo Basuping ba ga Jehofa ka ntlha ya go sa itshunye nko mo dipolotiking e ne ya komediwa ke motswedi o o neng o sa lebelelwa.

KGAOLO 15

Go Lwela Kgololesego ya go Obamela

Batho ba Modimo ba ile ba lwela tshwanelo ya go ikobela molao—molao wa Bogosi jwa Modimo.

KGAOLO 16

Go Kopanela Mmogo go Tla go Obamela

Re ka solegelwa molemo thata jang ke dipokano tsa go obamela Jehofa?

KGAOLO 17

Go Thapisa Badiredi ba Bogosi

Dikolo tsa puso ya Modimo di thapisa jang banna le basadi ba e leng badiredi gore ba diragatse dikabelo tsa bone?

KGAOLO 18

Kafa Ditiro Tsa Bogosi di Tshegediwang ka Gone ka Madi

Madi ano a tswa kae? A dirisiwa jang?

KGAOLO 19

Tiro ya go Aga e e Tlotlang Jehofa

Mafelo a kobamelo a tlotla Modimo, mme gone go na le sengwe se a se tsayang se le botlhokwa fela thata.

KGAOLO 20

Bodiredi Jwa Namolo

Re itse jang gore tiro ya namolo ke karolo ya tirelo ya rona e e boitshepo mo go Jehofa?

KGAOLO 21

Bogosi Jwa Modimo bo Tlosa Baba ba Jone

O ka ipaakanyetsa ntwa ya Haramagedona gone jaanong.

KGAOLO 22

Bogosi bo Diragatsa Thato ya Modimo mo Lefatsheng

O ka tlhomamisega jang gore ditsholofetso tsa ga Jehofa di tla diragadiwa?