Dibidio Tsa Dibuka Tsa Baebele

Se se Mo Bukeng ya Esera

Jehofa o diragatsa tsholofetso ya gagwe ya go golola batho ba gagwe kwa botshwarwa kwa Babelona le ya go tsosolosa kobamelo ya boammaaruri kwa Jerusalema.

Se se Mo Bukeng ya Nehemia

Buka ya Baebele ya Nehemia e na le dithuto tse di botlhokwa tse di ka thusang baobamedi ba boammaaruri gompieno.

Se se Mo Bukeng ya Esethere

Ditiragalo tsa motlha wa ga Esethere di tla nonotsha tumelo ya gago mo maatleng a ga Jehofa a go golola batho ba gagwe mo mathateng.

Se se Mo Bukeng ya Jobe

Botlhe ba ba ratang Jehofa ba tla lebana le diteko. Pego ya Jobe e re naya tsholofelo ya gore re ka kgona go boloka bothokgami jwa rona le go tlotlomatsa bolaodi jwa ga Jehofa.

Se se Mo Bukeng ya Dipesalema

Dipesalema di ema bolaodi jwa ga Jehofa nokeng, di thusa le go gomotsa ba ba mo ratang e bile di bontsha gore lefatshe le tla fetoga jang ka ntlha ya Bogosi jwa Gagwe.

Se se Mo Bukeng ya Diane

Letla Modimo gore a go kaele mo dikarolong tse di farologaneng tsa botshelo tse di jaaka go tsamaisa kgwebo le dilo tse di amanang le lelapa.

Se se Mo Bukeng ya Moreri

Kgosi Solomone o bua ka dilo tsa botlhokwa mo botshelong ka go di bapisa le dilo tse Modimo a di tsayang di se botlhokwa.

Se se Mo Bukeng ya Sefela sa Difela

Tsela e mosetsana wa Moshulame a neng a rata mosimane wa modisa ka yone e tlhalosiwa e le “kgabo ya ga Jah.” Goreng?

Se se Mo Bukeng ya Isaia

Buka ya Isaia e na le boporofeti jo bo dirang gore re ikanye Jehofa gore o tla diragatsa ditsholofetso tsa gagwe le gore o tla re boloka.

Se se Mo Bukeng ya Jeremia

Jeremia o ne a tswelela a porofeta le fa kabelo eno e ne e na le dikgwetlho. Akanya ka sekao se a se tlhometseng Bakeresete gompieno.

Se se Mo Bukeng ya Dikhutsafalo

Buka ya Dikhutsafalo e kwadilwe ke moporofeti Jeremia mme e tlhalosa tsela e Baiseraele ba neng ba hutsafetse ka yone le gore go ikwatlhaya go dira gore Jehofa a re itshwarele.

Se se Mo Bukeng ya Esekiele

Le fa kabelo e Modimo a neng a e neile Esekiele e ne e ka nna thata jang, Esekiele o ne a e dira ka boikokobetso le bopelokgale. O re tlhometse sekao se sentle tota.

Se se Mo Bukeng ya Daniele

Daniele le ditsala tsa gagwe ba ikanyega mo go Jehofa le fa ba lekwa ka ditsela tse di farologaneng. Ba re tlhometse sekao se se molemo.

Se se Mo Bukeng ya Hosea

Boporofeti jwa ga Hosea bo re ruta kafa Jehofa a utlwelang botlhoko batho ba ba ikwatlhayang ka gone le tsela e Modimo a batlang gore re mo obamele ka yone.

Se se Mo Bukeng ya Joele

Moporofeti Joele o ne a bua ka letsatsi le le tshosang la ga Jehofa le se re ka se dirang fa re batla go falola. Re tshwanetse go tsaya tsia boporofeti jono.

Se se Mo Bukeng ya Amose

Jehofa o ile a dirisa monna yono yo o ikokobeditseng gore a dire tiro e e botlhokwa thata. Re ka ithuta eng mo sekaong sa ga Amose?

Se se Mo Bukeng ya Obadia

Buka ya Obadia ke yone fela e nang le kgaolo e le nngwe mo Tesetamenteng ya Bogologolo. E re solofetsa gore Bogosi Jwa Modimo bo tlile go busa mo lefatsheng.

Se se Mo Bukeng ya Jona

Jona o tlhalosa tsela e a ileng a kgalemelwa ka yone, tiro ya gagwe, se a ithutileng sone ka lorato lwa Modimo le kutlwelobotlhoko ya gagwe.

Se se Mo Bukeng ya Mika

Buka eno ya Baebele e re thusa go lemoga gore Jehofa a ka se ka a re kopa go dira dilo tse re sa kgoneng go di dira.

Se se Mo Bukeng ya Nahume

Re ka tshepa gore sengwe le sengwe se Jehofa a se buang se a diragala le gore Bogosi jwa gagwe bo tla tlisa kagiso mo lefatsheng.

Se se Mo Bukeng ya Habakuke

Re ka tshepa gore Jehofa o itse gore a ka re golola leng le gone jang.

Se se Mo Bukeng ya Sefania

Ke eng fa re sa tshwanela go akanya gore letsatsi la ga Jehofa la katlholo le kgakala?

Se se Mo Bukeng ya Hagai

Bona botlhokwa jwa go dira gore tiro ya Modimo e tle pele mo matshelong a rona.

Se se Mo Bukeng ya Sekarea

Boporofeti jono bo ile jwa gomotsa batho ba Modimo mo nakong e e fetileng. Mme le rona gompieno bo a re gomotsa.

Se se Mo Bukeng ya Malaki

Ke buka e e buang ka melao ya ga Jehofa e e sa fetogeng, kafa a re utlwelang botlhoko ka gone le lorato lwa gagwe. Le gompieno boporofeti jono bo sa ntse bo ka re thusa.

Se se Mo Bukeng ya Mathaio

Itumelele go ithuta dintlha dingwe mo bukeng eno ya Baebele, buka ya ntlha ya diefangele tse nnè.

Se se Mo Bukeng ya Mareko

Ke Efangele e e khutshwane mo go tsone tsotlhe mme e re naya dintlha di se kae ka Jesu fa a setse a busa mo Bogosing Jwa Modimo.

Se se Mo Bukeng ya Luke

Ke tshedimosetso efe e e teng fela mo Efangeleng ya ga Luke mme e seyo mo Defangeleng tse dingwe?

Se se Mo Bukeng ya Johane

Buka ya Johane e tlhalosa tsela e Jesu a re ratang ka yone, e a ikokobeditseng ka yone e bile e re thusa go bona gore Jesu ke Mesia Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo.

Se se Mo Bukeng ya Ditiro Tsa Baaposetoloi

Bakeresete ba bogologolo ba ne ba dira ka natla go dira batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa. Buka ya ditiro e ka dira gore go tlhagafalele bodiredi le go feta.

Se se Mo Bukeng ya Baroma

Lekwalo le le kwaletsweng Baroma le re thusa go bona gore Jehofa ga a na tlhaolele le gore go botlhokwa gore re nne le tumelo mo go Jesu Keresete

Se se Mo Bukeng ya 1 Bakorintha

Lekwalo leno la ga Paulo re gakolola ka go nna le kutlwano, boitsholo jo bo siameng, lorato le gore go na le tsogo ya baswi.

Se se Mo Bukeng ya 2 Bakorintha

Jehofa, “Modimo wa kgomotso yotlhe,” o nonotsha le go tlamela batho ba gagwe.

Se se Mo Bukeng ya Bagalatia

Lekwalo le Paulo a le kwaletseng Bagalatia le sa ntse le dira mo motlheng wa gompieno. Le ka thusa Bakeresete botlhe ba boammaaruri gore ba nne ba ikanyega.

Se se Mo Bukeng ya Baefeso

Lekwalo leno le le tlhotlheleditsweng le bua ka maikaelelo a Modimo a go tlisa kagiso le kutlwano mo lefatsheng a dirisa Jesu Keresete.

Se se Mo Bukeng ya Bafilipi

Fa re nna re ikanyega le fa re bogisiwa, re ka kgothatsa ba bangwe gore le bone ba tswelele ba ikanyega.

Se se Mo Bukeng ya Bakolosa

Re ka itumedisa Jehofa ka go dira se re se ithutileng ka go itshwarela ba bangwe re gololesegile le ka go lemoga taolo le maemo a Jesu a nang le one.

Se se Mo Bukeng ya 1 Bathesalonika

Re tshwanetse go ‘tlhomamisa dilo tsotlhe,’ re ‘rapele re sa kgaotse’ le go re kgothatsana.

Se se Mo Bukeng ya 2 Bathesalonika

Paulo o baakanya kgopolo e e phoso ka ga go tla ga letsatsi la ga Jehofa mme o kgothaletse bakeresete gore ba nonotshe tumelo ya bone.

Se se Mo Bukeng ya 1 Timotheo

Paulo o kwadile 1 Timotheo go tlhalosa kafa dilo tse di tshwanetseng go dirwa ka gone mo phuthegong le go tlhagisa batho ka dithuto tsa maaka le go rata madi.

Se se Mo Bukeng ya 2 Timotheo

Paulo o kgothaletsa Timotheo gore a dire bojotlhe mo bodireding.

Se se Mo Bukeng ya Tito

Lekwalo le Paulo a neng a ne lo kwalela Tito le bua ka mathata a a neng a le teng kwa diphuthegong tse di kwa Kereta e bile le bua ka ditshwanelego tsa semoya tse bagolwane ba tshwanetseng go nna le tsone.

Se se Mo Bukeng ya Filemone

Lekwalo leno le re ruta gore re ka bontsha bopelonomi le boikokobetso jang le gore re ka itshwarela ba bangwe jang.

Se se Mo Bukeng ya Bahebera

Kobamelo ya Bakeresete e botlhokwa go feta ditempele le go ntsha diphologolo ditlhabelo.

Se se Mo Bukeng ya Jakobe

Jakobe o dirisa ditshwantsho go tlhalosa tsela e Bakeresete ba tshwanetseng go tshela ka yone.

Se se Mo Bukeng ya 1 Petere

Lekwalo la ntlha le Petere a le kwadileng le re kgothaletsa go nna matlhagatlhaga le go bolelela Modimo dilo tsotlhe tse di re kgobang marapo.

Se se Mo Bukeng ya 2 Petere

Lekwalo la bobedi lwa ga Petere lo re kgothaletsa go nna re ikanyega fa re ntse re letetse magodimo a masha le lefatshe le lesha.

Se se Mo Bukeng ya 1 Johane

Lekwalo la ga Johane le re tlhagisa ka batho ba ba ganetsang Keresete e bile le re thusa go bona se re tshwanetseng go se rata le se re sa tshwanelang go se rata.

Se se mo Bukeng ya 2 Johane

Lekwalo la bobedi la ga Johane le re kgothaletsa go tsamaya mo boammaaruring le go tila batho ba ba tsietsang.

Se se Mo Bukeng ya 3 Johane

Lokwalo lwa Johane wa boraro lo re ruta gore re tshwanetse go amogela baeng.

Se se Mo Bukeng ya Jude

Jude o senola ditsela tse di sa siamang tsa batho ba ba batlang go tsietsa Bakeresete.

Se se Mo Bukeng ya Tshenolo

Diponatshegelo tse di kgatlhang tse di mo bukeng ya Tshenolo di bontsha kafa Modimo a tlileng go diragatsa boikaelelo jwa gagwe ka gone mo Bogosing jwa gagwe.