Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2014

Bala dintlhakgolo tsa kwa nageng ya Sierra Leone le ya Guinea, mme o itumelele go bala maitemogelo a a kgothatsang go tswa mo lefatsheng lotlhe.

Temana ya Ngwaga ya 2014

Temana ya rona ya ngwaga ya 2014 ya re “A Bogosi Jwa Gago bo Tle.”—Mathaio 6:10

Lekwalo le le Tswang Kwa Setlhopheng se se Laolang

O tla kgothadiwa ke lekwalo le le agang semoyeng le le tswang kwa Setlhopheng se se Laolang.

Phuthego e e Gatelang Pele

Kaelo ya ga Jehofa e bonala mo go fuduseng ntlokgolo ya lefatshe lotlhe go tswa kwa New York City.

JW.ORG—“Bosupi mo Ditšhabeng Tsotlhe”

Website ya rona e thusa gore dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo di fitlhelele ‘ditšhaba tsotlhe.’

Ba Anaanela LAEBORARI YA MO INTERNET ya Watchtower

Batho ba ba dirisang sedirisiwa seno sa botlhokwa sa go dira dipatlisiso tsa Baebele ba romela makwalo a ditebogo.

Dibidio Tsa Dipopae di Ama Batho ba ba Dipelo di Siameng

Ela tlhoko kafa dibidio tseno di thusang bana le batsadi ka teng mo lefatsheng lotlhe.

Loeto lo lo Kgatlhang go Ralala Hisitori

Bala tlhaloso e e kgatlhang ya lefelo le lesha la dipontsho le le akaretsang hisitori ya Basupi ba ga Jehofa le tatelano ya ditiragalo mo Bokereseteng.

Pego ya Tsa Molao

Dipego tseno tsa molao go tswa dinageng tse 12 di bontsha gore Basupi ba ga Jehofa ba sa ntse ba lebana le dikgang tse dintsi tsa kgololesego ya go obamela.

Dipego—Dikgang go Tswa mo Lefatsheng Lotlhe

Basupi ba ga Jehofa ba leka ka natla go aga mafelo a kobamelo a a nang le seriti le go ya dipokanong kwa go one.

Go Kgakolwa ga Makala

Bala dingwe tsa dintlha tse di tlhomologileng ka ditiragalo tseno tse di itumedisang go tswa dinageng tse di farologaneng.

Afrika

Batho mo Afrika ba amogela boammaaruri jwa Baebele mme bo fetola matshelo a bone. Utlwa ka motho yo o neng a tshwakgotswe ke bojalwa yo o neng a goga disekerete di le 60 ka letsatsi.

Dinaga Tsa Amerika

Maitemogelo a a latelang a bontsha gore go thusa batho ka ditiro le go ba bolelela boammaaruri jwa Baebele le fa go na le kganetso, go ka nna le diphelelo tse di molemo.

Asia le Botlhabagare

Maiteko a a sa kgaotseng a go rera a na le maduo. Utlwa ka maiteko a a dirilweng go thusa monna yo o foufetseng, yo o sa utlweng mo ditsebeng e bile a sa kgone go bua gore a tlhaloganye gore Modimo o amega ka ene.

Yuropa

Letlhoo le ka bakwa ke go se nne le kitso. Utlwa kafa puisano ya radio e fedisitseng ka gone letlhoo ka Basupi ba ga Jehofa.

Oceania

Go kwala makwalo ke tsela nngwe e boammaaruri jwa Baebele bo anamisiwang ka yone mo Christchurch, New Zealand. Ke eng fa bangwe ba bitsa makwalo ano ba re ke “Makwalo a a tswang kwa Modimong?”

Tlhaloso e Khutshwane ka Sierra Leone le Guinea

Utlwa mo go oketsegileng ka dinaga tseno, batho ba tsone, bodumedi le puo.

1915-1947 Kwa Tshimologong (Karolo 1)

Ka 1915, motlhanka wa ntlha yo o kolobeditsweng wa ga Jehofa o ne a goroga mo Freetown. Batho ba le bantsi ba ne ba kgatlhegela Baebele.

1915-1947 Kwa Tshimologong (Karolo 2)

Baruti ba ne ba logile maano a go thibela tiro ya batho ba Modimo, mme Jehofa o ne a dirile gore ‘go utlwisa botlhoko ga bone go boele mo go bone.’

1915-1947 Kwa Tshimologong (Karolo 3)

Phuthego ya Freetown e ne ya ‘tshwarega thata ka lefoko.’

“E Tla re Ngwaga o Wela O bo O Tlhokafetse”

Zachaeus Martyn o ne a tsamaya dikilometara di le robedi gabedi ka beke, a tlhatloga le go fologa thaba, a ya dipokanong tsa Bokeresete. O tlhatswitswe pelo ke eng gore o bone boammaaruri jwa Baebele?

Ba ne Ba Mmitsa “Bible” Brown

William R. Brown o ne a rera go ralala Caribbean Islands le kwa Afrika Bophirima. Utlwa gore ke ka ntlha yang fa a ne a tsaya gore o na le nngwe ya ditshiamelo tse dikgolo go gaisa tsotlhe tse motho a ka nnang le tsone.

1945-1990 ‘Go Tlisa Bontsi Kwa Tshiamong’—Dan.12:3. (Karolo 1)

Tiro ya go rera e ne e tla oketsega thata. Barongwa ba ne ba romelwa go ya go thusa gore go nne le koketsego.

Ba ne Ba Batla go e Bona

Ka 1956, go ne ga bontshiwa filimi ya ‘The New World Society in Action’ kwa Freetown, Sierra Leone. A batho ba ne ba tla tla go e bona?

1945-1990 ‘Go Tlisa Bontsi Kwa Tshiamong’—Dan.12:3. (Karolo 2)

Basupi ba ga Jehofa ba itsiwe go ralala Sierra Leone e le batho ba ba tlotlang lenyalo.

1945-1990 ‘Go Tlisa Bontsi Kwa Tshiamong’—Dan.12:3. (Karolo 3)

Ke eng fa boradipolotiki ba Ba-Poro ba ne ba ntsha kakantsho kwa Palamenteng gore tiro ya Basupi ba ga Jehofa e thibelwe?

Mekgatlho ya Sephiri

Mekgatlho ya sephiri e e tlwaelegileng mo Afrika Bophirima e tlhotlheletsa matshelo a banna le basadi jang?

1945-1990 ‘Go Tlisa Bontsi Kwa Tshiamong’—Dan.12:3. (Karolo 4)

Diphuthego di ruta batho go bala le go kwala gore ba ithute ka Modimo. Fa batho ba bantsi ba ithuta go bala tiro ya thanolo e ne ya tlhokega thata.

Betšhe ya Kopano E ne E le “Lekwalo la Bone la Mosepele”

Batlakopanong ba ne ba tlola molelwane jang go tsena mo Guinea ba ya kopanong ba se na makwalo a mosepele?

Jehofa O ne A Nkakatlolola

Jay Campbell, yo o kileng a tshwarwa ke pholio, o ne a batla go ya thutong ya phuthego ya Baebele. O ne a re o tla tsamaya ka dipolanka tsa gagwe tse a di dirisang go tsamaya. A o ne a kgona?

1991-2001 ‘Leubelo la Pogisego’—Isa.48:10 (Karolo 1)

Le fa go ne go le ntwa, Basupi le batho ba bangwe ba ne ba thusiwa ka dilo tse ba di tlhokang le ka kgomotso ya Dikwalo. Ke eng se se ba thusitseng gore ba nne ba nonofile le go bontsha bopelokgale?

1991-2001 ‘Leubelo la Pogisego’—Isa. 48:10 (Karolo 2)

Le fa go ne go na le ntwa, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba “tswelela ba sa kgaotse ba ruta e bile ba bolela dikgang tse di molemo.”

Ke ne Ke le Lesole Ke sa Le Ngwana, Jaanong ke Mmulatsela wa ka Metlha

Mosha wa lesole la motsuolodi o gopola kafa a neng a amogelwa ka lorato ka teng kwa pokanong ya Basupi ba ga Jehofa. O tlhotlheleditswe ke eng go fetola tsela e a neng a tshela ka yone?

Re ne Ra Falola Masole a Batsuolodi

Le fa go ne go na le dipolao le tlhakatlhakano kwa Pendembu, ke eng fa Basupi ba le bantsi ba ile ba falola fa ntwa e ne e runya ka 1991?

Monna wa Di-Watchtower

Mosupi mongwe wa ga Jehofa o ne a tsamaisa dithoto ka nako ya ntwa ya selegae. O kgonne jang go tsamaisa makwalo le dithoto go tswa kwa Freetown go ya kwa Conakry, Guinea?

Sengwe se se Botoka go Feta Diteemane

Tamba Josiah o ne a dira mo meepong ya teemane pele e nna Mosupi wa ga Jehofa. Ke eng fa a akanya gore o bone sengwe se se botoka go feta diteemane?

2002-2013 Diphetogo Tsa Bosheng (Karolo 1)

Morago ga ntwa go ne ga tlhomiwa diphuthego, ga agiwa Diholo Tsa Bogosi mme ga tlhomiwa babulatsela ba ba kgethegileng kwa go neng go se na Basupi ba le bantsi gone.

2002-2013 Diphetogo Tsa Bosheng (Karolo 2)

Gompieno Basupi ba ga Jehofa mo dinageng tseno ka bobedi ba tlhomamisegile gore batho ba ba oketsegileng ba sa ntse ba tla amogela dikgang tse di molemo tsa Bogosi.

Ke Ititeile Sehuba go Direla Jehofa

Phillip Tengbeh le mosadi wa gagwe ba ne ba tshaba fa masole a batsuolodi a ne a tlhasela motse wa bone, Koindu. Ba ne ba thusa go aga Diholo Tsa Bogosi di le tlhano ba nna mo dikampeng tsa batshabi.

Ke ne Ka Rata Sierra Leone

Cindy McIntire o ile a nna morongwa mo Afrika go tloga ka 1992. O tlhalosa gore ke eng fa a itumelela thata go rera mo Sierra Leone.

Dingwaga di le Lekgolo Tse di Fetileng—1914

1914, ngwaga o Baithuti ba Baebele ba neng ba ntse ba bua ka one kgabagare o ne o fitlhile.