Fetela kwa tshedimosetsong

Etsa Tumelo ya Bone—Banna le Basadi ba mo Baebeleng

Motseletsele ono o bua ka banna le basadi ba mo Baebeleng ba ba neng ba na le tumelo e e tlhomologileng. a Banna le basadi bano le dikao tsa bone tsa tumelo, di ka go thusa gore o nonotshe tumelo ya gago le gore o atamalane thata le Modimo.

a E le go go thusa go bona ka leitlho la mogopolo se se neng sa direga le gore o itumelele go bala dipego tseno, ditlhogo tse di mo motseletseleng ono di akaretsa dintlha dingwe tse di seyong mo Baebeleng. Go dirilwe dipatlisiso ka kelotlhoko ka dintlha tseno go tlhomamisa gore di dumalana le dipego tsa Baebele le dipego tsa hisitori le se baithutamarope ba se fitlheletseng.

Go Simologa ka Popo go Fitlha ka Morwalela

Abele​—“Le Mororo a Sule, o sa Ntse a Bua”

Re ka ithuta eng ka Abele le ka tumelo ya gagwe le fa gone go buiwa go se kae fela ka ene mo Baebeleng?

Enoke ‘O ne A Itumedisa Modimo Sentle’

Fa e le gore o na le lelapa kgotsa o fitlhela go le thata go emela se se siameng, o ka ithuta mo sekaong sa ga Enoke.

Noa—“O ne A Tsamaya le Modimo wa Boammaaruri”

Noa le mosadi wa gagwe ba ne ba lebana le dikgwetlho dife fa ba godisa bana ba bone? Ba ne ba bontsha tumelo jang ka go aga araka?

Noa O ne A Bolokwa a “Babalesegile le ba Bangwe ba le Supa”

Noa le ba lelapa la gagwe ba ne ba falola dinako tse di boima jang?

Go Simologa ka Morwalela go Fitlha Baiseraele ba Gololwa

Aborahame—“Rre wa Botlhe ba ba Nang le Tumelo”

Aborahame o ne a bontsha jang tumelo? Ke ditsela dife tse o ka ratang go etsa tumelo ya ga Aborahame ka tsone?

“O Mosadi yo Montle”

Fa ba le kwa Egepeto, dikgosana tsa ga Faro di bona tsela e Sara a leng montle ka yone. Se se diregang morago ga moo se ka go gakgamatsa.

Sara—‘Mmê wa Dikgosi’

Goreng leina la ga Sara le ne le mo tshwanela?

Rebeka—“Ke Iketleeleditse go Tsamaya”

Mo godimo ga go nna le tumelo, Rebeka o ne a na le dinonofo tse dingwe tse di tlhomologileng.

“Tsweetswee Reetsang Toro Eno”

Batho ba ba mo malapeng a lenyalo la bobedi ba ka ithuta thuto ya botlhokwa mo maemong a a thata a lelapa la gaabo Josefa.

“Ke ka Dira Jang Bosula jo Bogolo Jono?”

Josefa o ne a gana jang maiteko a mosadi wa ga Potifaro a go leka go mo raela gore a robale le ene?

“A Diphuthololo ga se Tsa Modimo?”

Josefa o thusitswe ke eng go phutholola toro ya motsholasenwelo, mmesi wa senkgwe le Faro wa kwa Egepeto? Go tlile jang gore Josefa a tswe mo kgolegelong a tsene mo ntlong ya segosi?

“A ke Mo Boemong Jwa Modimo?”

A lelapa la gago le kgaogantswe ke lefufa, tsietso kgotsa letlhoo? Fa go le jalo, polelo ya Baebele ya ga Josefa e ka go thusa.

Miriame—“Opelelang Jehofa”!

Moporofeti Miriame o ne a tlhotlhelediwa gore a etelele basadi ba Iseraele pele mme ba opele pina ya phenyo kwa Lewatleng le Lehibidu. Pego ya botshelo jwa gagwe e ka re ruta go nna pelokgale, go nna le tumelo le go nna boikokobetso.

Fa Baiseraele ba Sena go Gololwa go Fitlha ba Nna le Kgosi

Rahabe o ne “A Bolelwa a Siame ka Ditiro”

Kgang ya ga Rahabe e bontsha jang gore ga go ope wa rona yo a seng botlhokwa mo go Jehofa? Re ka ithuta eng ka tumelo ya gagwe?

“Ke Ema Jaaka Mmè mo Iseraele”

Pego ya Baebele e e malebana le Debora, Barake le masole a Baiseraele e re ruta eng ka tumelo le bopelokgale?

Ruthe​—“Kwa o Yang Gone ke Tla ya Gone”

Ke eng fa Ruthe a ne a iketleeleditse go tlogela lelapa la gaabo le naga ya gaabo? O ne a bontsha dinonofo dife tse di neng tsa dira gore Jehofa a mo tseele kwa godimo?

Ruthe​—“Mosadi yo o Molemo Thata”

Ke eng fa lenyalo la ga Ruthe le Boase le tlhomologile? Re ka ithuta eng ka lelapa mo go Ruthe le Naomi?

Hana—O ne A Rapela Modimo go Tswa Pelong

Tumelo ya ga Hana mo go Jehofa e mo thusitse go lepalepana le boemo jo bo neng bo lebega bo ka se kgonege.

Samuele—O ne “A Tswelela a Gola fa Pele ga ga Jehofa”

Ke eng se se neng se sa tlwaelega ka Samuele fa a ntse a gola? Ke eng se se neng sa thusa tumelo ya gagwe gore e gole fa a ne a le kwa motlaaganeng?

Samuele—O ne A Itshoka Le fa A Lebane le Maemo a a Kgobang Marapo

Rotlhe re lebana le mathata le go kgobega marapo mo go lekang tumelo ya rona. Boitshoko jwa ga Samuele bo ka re ruta eng?

Kgosi ya Ntlha ya Iseraele go Fitlha ka Nako ya fa Jesu a Tsholwa

Jonathane—“Ga go Na se Se ka Kgoreletsang Jehofa”

Jonathane le motsholadibetsa wa gagwe ba ile ba tlhasela mophato wa masole a Bafilisitia mme go ile ga direga sengwe se re kitlang re se lebala.

Dafide—“Tlhabano Ke ya Ga Jehofa”

Ke eng se se thusitseng Dafide go fenya Goliathe? Re ka ithuta eng mo go Dafide?

Dafide le Jonathane—“E ne E le Ditsala Tsa Nnete”

Go tlile jang gore batho ba babedi ba maemo a a sa tshwaneng e bile ba sa lekane ka dingwaga ba nne ditsala tse dikgolo jaana? Go ithuta ka bone go ka go thusa jang gore o tlhophe ditsala tse di siameng?

Abigaile—O ne A Dira Tshwetso e e Botlhale

Re ka ithuta eng mo lenyalong la ga Abigaile le le nang le mathata?

Elija—O ne A Femela Kobamelo ya Boammaaruri

Re ka etsa jang Elija fa re bua le batho ba ba ganetsang se Baebele e se rutang?

Elija—O ne A Nna a Disitse Mme a Leta

Moporofeti Elija o ile a bontsha jang gore o ikanya thapelo fa a ntse a letile Jehofa gore a diragatse tsholofetso ya gagwe?

Elija—O ne A Gomodiwa ke Modimo wa Gagwe

Ke ditiragalo dife tse di neng tsa dira gore Elija a ngomoge pelo, mo a neng a bo a kopa gore a swe?

Elija O ne A Itshoka Fa a ne A Direlwa Tshiamololo

A o kile wa direlwa tshiamololo? A o eletsa go bona Modimo a baakanya dilo? Ela tlhoko kafa o ka etsang Elija yo o ikanyegang ka teng.

Elija o Itshokile go Fitlha Kwa Bofelong

Sekao sa ga Elija se re ruta gore re nne le tumelo e e tla re thusang go itshoka fa go le thata.

Jona—O ne A Ithuta mo Diphosong Tsa Gagwe

A o kile wa tlelwa ke poifo jaaka Jona fa o newa kabelo? Pego ya gagwe e re ruta dithuto tsa botlhokwa ka bopelotelele le bopelotlhomogi jwa ga Jehofa.

Jona—O ne A Ithuta go Nna Kutlwelobotlhoko

Pego ya ga Jona e ka re thusa jang gore re itshekatsheke ka kelotlhoko?

Esethere—O ne A Femela Batho ba Modimo

Go intsha setlhabelo ka lorato jaaka Esethere go tlhoka tumelo le bopelokgale.

Esethere—O ne A le Botlhale, a le Pelokgale e Bile a Akanyetsa ba Bangwe

Esethere o ne a bontsha jang go akanyetsa Jehofa le batho ba gagwe?

Fa Jesu a Tsholwa go Fitlha ka Nako ya fa Baaposetoloi ba Swa

Marea—“Bona! Lelata la ga Jehofa!”

Tsela e Marea a neng a araba moengele Gabariele ka yone e ne e senola eng ka tumelo ya gagwe? O ne a bontsha dinonofo dife tse dingwe tse di molemo?

Marea—O ne A Dira “Ditshwetso mo Pelong ya Gagwe”

Dilo tse di diragaletseng Marea kwa Bethelehema di ne tsa nonotsha tumelo ya gagwe mo ditsholofetsong tsa ga Jehofa.

Maria o Falotse Tšhaka

Sekai sa ga Maria, mmaagwe Jesu, se ka go thusa fa o lebane le “tšhaka e telele” ya khutsafalo.

Josefa—O ne A ba Sireletsa, a ba Tlamela A bo A Itshoka

Josefa o ne a sireletsa lelapa la gagwe ka ditsela dife? Ke eng fa a ne a isa Marea le Jesu kwa Egepeto?

Maratha—“Ke Dumetse”

Maratha o ne a bontsha jang tumelo e e tlhomologileng tota le fa a ne a le mo khutsafalong?

Petere—O ne A Lwantsha Poifo le Dipelaelo

Dipelaelo di ka nna maatla e bile di ka senya. Mme Petere o ne a fenya poifo le dipelaelo tse a neng a na le tsone malebana le go latela Jesu.

Petere—O ne A Ikanyega Le fa A Lebane le Diteko

Tumelo le boikanyegi jwa ga Petere di ne tsa mo thusa jang go amogela kgalemelo ya ga Jesu?

Petere—O ne A Ithuta go Itshwarela mo go Mong wa Gagwe

Jesu o ne a ruta Petere eng ka go itshwarela? Jesu o ne a bontsha jang gore o itshwaretse Petere?

“Ngwanake yo o Rategang Le yo O Ikanyegang mo Moreneng”

Ke eng se se thusitseng Timotheo go fenya ditlhong le go nna molebedi yo o molemo wa Mokeresete?