Fetela kwa tshedimosetsong

A DI DIRILWE KE MONGWE?

Mashi a Mmê

Mashi a Mmê

 Buka nngwe ya bommê ba ba belegisang e a re: “Mashi a mmê ga a ka ke a bapisiwa le mashi a a rekwang.” Lebaka lengwe la go bo mashi a mmê a siametse losea, ke gore mmele wa mmê o fetola mashi go ya ka se losea lo se tlhokang.

 Akanya ka seno: Mashi a mmê a a fetoga fa losea lo ntse lo anya. Fa losea lo simolola go anya, mashi ao a na le diporoteine, dibitamene, diminerale le metsi mme fa a tloga a fetsa go anya, mashi a nna le mafura a a oketsegileng, seno se dira gore losea lo kgore. Gape mashi a mmê a fetoga go ya ka dipaka le go ya ka dingwaga tsa losea.

 Mo mashing a mmê go na le hormone ya melatonin, e a oketsega fa go le bosigo gore losea lo kgone go robala mme fa go se bosigo e a fokotsega, di-hormone tse dingwe di bo di oketsega. Go fetoga ga di-hormone tseno go thusa losea go itse gore lo tlhoka go robala leng le gore lo tsoge leng

 Mashi a ntlha a fa mmê a se na go belega a na le dikotla di le dintsi. A motlhofo go silega e bile a thusa losea. Mashi ano a sireletsa losea mo malwetseng, mo godimo ga moo, a fokotsa leswe mo maleng a lone.

 Bommê ga ba a tshwanela go tshwenyega ka gore a ba tla nna le mashi a a lekaneng tota le fa ba ka nna le mawelana ka gonne mashi a nna a oketsega go ya ka selekanyo se se tlhokegang.

 O akanya eng? A mashi a mmê a a thusang losea go nna le dikotla, a itlhagetse fela? Kgotsa a dirilwe ke mongwe?