Samuele wa Ntlha 18:1-30

  • Botsala jwa ga Dafide le Jonathane (1-4)

  • Diphenyo tsa ga Dafide di dira gore Saulo a fufege (5-9)

  • Saulo o leka go bolaya Dafide (10-19)

  • Dafide o nyala Mikale morwadia Saulo (20-30)

18  Fa Jonathane+ a sena go utlwa se Dafide a neng a se bolelela Saulo, ba ne ba nna ditsala tse di atamalaneng thata,* mme Jonathane o ne a simolola go mo rata jaaka a ithata.+  Go tloga ka letsatsi leo, Saulo o ne a tsaya Dafide a nna le ene, mme ga a ka a mo letla go boela kwa lelapeng la ga rraagwe.+  Mme Jonathane le Dafide ba ne ba dira kgolagano,+ ka gonne o ne a mo rata jaaka a ithata.+  Jonathane o ne a apola seaparo se se se nang mabogo se a neng a se apara a bo a se naya Dafide, mmogo le seaparo sa gagwe sa tlhabano, tšhaka ya gagwe, bora jwa gagwe le lebanta la gagwe.  Dafide o ne a simolola go ya ntweng mme gongwe le gongwe kwa Saulo a neng a mo roma gone, o ne a atlega.*+ Ka jalo, Saulo o ne a mo tlhoma gore a okamele banna ba ntwa+ mme seno se ne sa itumedisa batho botlhe le batlhanka ba ga Saulo.  Fa Dafide le ba bangwe ba ne ba boa ba tswa go kgemetha Bafilisitia, basadi ba ne ba tswa mo metseng yotlhe ya Iseraele ba opela+ e bile ba bina ba itumetse ba tla go kgatlhantsha Kgosi Saulo ka meropana+ le ka dilutu.  Basadi bano ba ba neng ba itumetse ba ne ba opela ba re: “Saulo o bolaile dikete,Mme Dafide ene o bolaile dikete di le masome.”+  Saulo o ne a galefa fela thata,+ mme pina eno e ne ya se ka ya mo itumedisa ka gonne o ne a re: “Ba re Dafide o bolaile dikete di le masome, mme nna ke bolaile dikete. Go setse fela gore ba mo neye bogosi!”+  Go tloga mo letsatsing leo go ya pele, ka metlha Saulo o ne a belaela Dafide. 10  Letsatsi le le latelang, moya o o bosula o o tswang kwa Modimong o ne wa tla mo go Saulo,+ mme o ne a simolola go itshwara ka tsela e e sa tlwaelegang* mo ntlong, fa Dafide ene a ne a letsa harepa+ jaaka mo makgetlong a mangwe. Saulo o ne a tshwere lerumo mo seatleng sa ga gagwe,+ 11  mme o ne a konopa lerumo+ leo a ipolelela jaana: ‘Ke tla phunyeletsa Dafide mo loboteng!’ Le fa go ntse jalo, Dafide o ne a tshaba fa go ene makgetlo a le mabedi. 12  Foo Saulo o ne a boifa Dafide ka gonne Jehofa o ne a na le ene,+ mme o ne a tlogetse Saulo.+ 13  Ka jalo, Saulo o ne a mo tlosa fa go ene a bo a mo tlhoma go nna molaodi wa sekete, mme Dafide o ne a tle a etelele masole pele go ya ntweng.*+ 14  Dafide o ne a tswelela a atlega*+ mo go sotlhe se a neng a se dira, mme Jehofa o ne a na le ene.+ 15  E rile Saulo a lemoga gore o ne a atlega thata, o ne a mmoifa. 16  Le fa go ntse jalo, Iseraele le Juda yotlhe e ne e rata Dafide, ka gonne o ne a ba etelela pele mo matsholong a bone. 17  Moragonyana Saulo o ne a raya Dafide a re: “Morwadiake yo mogolo e bong Merabe+ ke yono. Ke tla go mo naya gore e nne mosadi wa gago.+ Le fa go ntse jalo, o tswelele o ntirela ka bopelokgale e bile o tlhabana dintwa tsa ga Jehofa.”+ Gonne Saulo o ne a ipolelela jaana: ‘Ga nkitla ke tlhoka go bolaya Dafide. Bafilisitia e tla nna bone ba mmolayang.’+ 18  Foo Dafide o ne a raya Saulo a re: “Tota nna ke mang e bile ba losika lwa me, ba lelapa la ga rre mo Iseraele, ke bomang gore ke nne mogwe wa kgosi?”+ 19  Le fa go ntse jalo, fa nako ya gore Dafide a newe morwadia Saulo e bong Merabe e goroga, Merabe o ne a setse a neilwe Aderiele+ wa Momehola gore a mo nyale. 20  Jaanong morwadia Saulo e bong Mikale+ o ne a rata Dafide, mme Saulo o ne a begelwa ka gone, mme o ne a itumelela seno. 21  Ka jalo, Saulo o ne a re: “Ke tla mo mo naya gore e nne leano la go tshwara Dafide, gore Bafilisitia ba tle ba mmolaye.”+ Go tswa foo, Saulo o ne a raya Dafide lekgetlo la bobedi a re: “O tla dira kgolagano ya lenyalo le nna* gompieno.” 22  Mo godimo ga moo, Saulo o ne a laela batlhanka ba gagwe jaana: “Buang le Dafide mo sephiring mme lo re, ‘Kgosi e a go itumelela, le batlhanka ba yone botlhe ba a go rata. Ka jalo, dira kgolagano ya lenyalo le kgosi.’” 23  E rile batlhanka ba ga Saulo ba bolelela Dafide dilo tseno, Dafide o ne a re: “A ke selo se sennye mo go lona go dira kgolagano ya lenyalo le kgosi fa nna ke le monna yo o humanegileng e bile ke tseelwa kwa tlase?”+ 24  Go tswa foo, batlhanka ba ga Saulo ba ne ba mmegela jaana: “Ano ke mafoko a Dafide a a buileng.” 25  Foo Saulo o ne a re: “Lo reye Dafide lo re, ‘Kgosi ga e batle bogadi+ bope ntle le matlalo a bonna a Bafilisitia a le 100,+ gore e ipusolosetse mo babeng ba kgosi.’” Gonne Saulo o ne a loga leano la gore Dafide a we ka seatla sa Bafilisitia. 26  Ka jalo, batlhanka ba gagwe ba ne ba begela Dafide mafoko ano, mme Dafide o ne a itumelela go dira kgolagano ya lenyalo le kgosi.+ Pele ga nako e e beilweng, 27  Dafide o ne a tsamaya le banna ba gagwe ba bo ba kgemetha banna ba Bafilisitia ba le 200, mme Dafide o ne a tlisa palo e e feletseng ya matlalo a bone a bonna kwa kgosing, gore a dire kgolagano ya lenyalo le kgosi. Ka jalo, Saulo o ne a mo naya morwadie e bong Mikale gore e nne mosadi wa gagwe.+ 28  Saulo o ne a lemoga gore Jehofa o ne a na le Dafide+ le gore morwadie e bong Mikale o ne a rata Dafide.+ 29  Seno se ne sa dira gore Saulo a boife Dafide le go feta, mme Saulo o ne a nna mmaba wa ga Dafide botshelo jotlhe jwa gagwe.+ 30  Dikgosana tsa Bafilisitia di ne di tle di tswe di ya tlhabanong, mme gantsi fa di ne di tswa, Dafide o ne a atlega thata* go feta batlhanka botlhe ba ga Saulo;+ mme leina la gagwe le ne la tseelwa kwa godimo thata.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “pelo ya ga Jonathane e ne ya bofagana le pelo ya ga Dafide.”
Kgotsa “o ne a dira ka botlhale.”
Kgotsa “go itshwara jaaka moporofeti.”
Seheb., “mme o ne a tswa a bo a tsena fa pele ga batho.”
Kgotsa “a dira ka botlhale.”
Kgotsa “O tla nna mogwe wa me.”
Kgotsa “o ne a dira ka botlhale thata.”