Samuele wa Ntlha 19:1-24

  • Saulo o sa ntse a tlhoile Dafide (1-13)

  • Dafide o a sia ka gonne a tshaba Saulo (14-24)

19  Moragonyana Saulo o ne a bolelela Jonathane morwawe le batlhanka ba gagwe botlhe gore o batla go bolaya Dafide.+  E re ka Jonathane, morwa Saulo, a ne a rata Dafide thata,+ Jonathane o ne a bolelela Dafide a re: “Rre o batla gore o bolawe. Tsweetswee o nne kelotlhoko mo mosong, mme o ye kwa lefelong le le sa itsiweng o bo o iphitlha teng.  Ke tla tswa ke bo ke ema fa thoko ga ga rre kwa nageng kwa o tla bong o le teng. Ke tla bua le rre ka ga gago, mme fa ke lemoga sengwe, ke tla tlhomamisa gore ke a go bolelela.”+  Ka jalo, Jonathane o ne a bua Dafide bontle+ mo go rraagwe. O ne a mo raya a re: “Kgosi, ke kopa gore o se ka wa leofela motlhanka wa gago e bong Dafide, ka gonne ga a go leofela e bile se a se go diretseng se go solegetse molemo.  O ne a tsenya botshelo* jwa gagwe mo kotsing ka go bolaya Mofilisitia,+ mo Jehofa a neng a tlisetsa Iseraele yotlhe phenyo* e kgolo. O ne wa bona seo mme wa itumela thata. Jaanong ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go leofela madi a a se nang molato ka go dira gore Dafide a bolawe go se na lebaka?”+  Saulo o ne a reetsa Jonathane, mme Saulo o ne a ikana a re: “Ke ikana ka Jehofa Modimo yo o tshelang, ga a kitla a bolawa.”  Morago ga moo, Jonathane o ne a bitsa Dafide a bo a mmolelela dilo tseno tsotlhe. Ka jalo, Jonathane o ne a tlisa Dafide kwa go Saulo, mme o ne a tswelela a mo direla jaaka pele.+  Fa nako e ntse e tsamaya, go ne ga tsoga ntwa gape mme Dafide o ne a tswa a ya go tlhabana le Bafilisitia a bo a ba kgemetha ba le bantsi thata, mme ba ne ba tshaba fa pele ga gagwe.  Mme moya o o bosula o o tswang kwa go Jehofa o ne wa tla mo go Saulo+ fa a ne a ntse mo ntlong ya gagwe a tshwere lerumo mo seatleng sa gagwe, fa Dafide ene a ne a letsa mmino ka harepa.+ 10  Saulo o ne a leka go phunyeletsa Dafide mo loboteng ka lerumo, mme o ne a thiboga fa pele ga ga Saulo yo o neng a tlhaba lobota ka lerumo. Dafide o ne a sia mme a falola mo bosigong joo. 11  Moragonyana Saulo o ne a romela barongwa kwa ntlong ya ga Dafide gore ba e dise ba bo ba mmolaye mo mosong,+ le fa go ntse jalo mosadi wa ga Dafide e bong Mikale o ne a mo raya a re: “Fa o sa tshabe* mo bosigong jono, kamoso o tla bo o sule.” 12  Ka yone nako eo, Mikale o ne a folosetsa Dafide kwa tlase ka fensetere, gore a sie mme a falole. 13  Mikale o ne a tsaya sefikantswe sa terafime* a bo a se baya mo bolaong, mme o ne a baya letlowa la boboa jwa podi fa go nnang tlhogo ya ga Dafide gone a bo a le khurumetsa ka seaparo. 14  Jaanong Saulo o ne a romela barongwa gore ba ye go tsaya Dafide, mme mosadi wa gagwe o ne a re: “O a lwala.” 15  Ka jalo, Saulo o ne a romela barongwa bao gore ba ye go tlhola Dafide mme o ne a ba raya a re: “Lo mo tlise mo go nna a le mo bolaong jwa gagwe gore a bolawe.”+ 16  Fa barongwa ba tsena, go ne go na le sefikantswe sa terafime* mo bolaong le letlowa la boboa jwa podi fa go ka bong go le tlhogo ya ga Dafide. 17  Saulo o ne a raya Mikale a re: “Ke ka ntlha yang fa o ntsieditse mme wa tsamaisa mmaba wa me+ gore a falole?” Mikale o ne a araba Saulo a re: “O ne a nthaya a re, ‘Ntsamaise, go seng jalo ke tla go bolaya!’ ” 18  Jaanong Dafide o ne a tshabile e bile a falotse, mme o ne a goroga kwa go Samuele kwa Rama.+ O ne a mmolelela sotlhe se Saulo a neng a se mo dirile. Foo ene le Samuele ba ne ba tsamaya, mme ba ne ba nna kwa Naiothe.+ 19  Fa nako e ntse e tsamaya, Saulo o ne a begelwa jaana: “Dafide o kwa Naiothe kwa Rama.” 20  Ka yone nako eo, Saulo o ne a romela barongwa gore ba ye go tshwara Dafide. E rile ba bona baporofeti ba ba godileng ba porofeta, le Samuele a eme e bile a ba okametse, moya wa Modimo o ne wa nna mo barongweng ba ga Saulo, mme le bone ba ne ba simolola go itshwara jaaka baporofeti. 21  E rile ba bolelela Saulo ka gone, ka yone nako eo o ne a romela barongwa ba bangwe, mme le bone ba ne ba simolola go itshwara jaaka baporofeti. Ka jalo, Saulo o ne a romela barongwa gape, setlhopha sa boraro, mme le bone ba ne ba simolola go itshwara jaaka baporofeti. 22  La bofelo, le ene o ne a ya kwa Rama. E rile a fitlha kwa khuting e kgolo ya go bolokela metsi* kwa Seku, o ne a botsa jaana: “Samuele le Dafide ba kae?” Ba ne ba araba ba re: “Ba kwa Naiothe+ kwa Rama.” 23  Fa Saulo a tswa koo a le mo tseleng a ya kwa Naiothe kwa Rama, le ene moya wa Modimo o ne wa tla mo go ene, mme o ne a tsamaya a ntse a itshwere jaaka moporofeti go fitlha a goroga kwa Naiothe kwa Rama. 24  Gape o ne a apola diaparo tsa gagwe mme le ene o ne a itshwara jaaka moporofeti fa pele ga ga Samuele, mme o ne a rapama foo a sa apara* letsatsi leo lotlhe le bosigo joo jotlhe. Ke gone ka moo ba neng ba re: “A Saulo le ene ke mongwe wa baporofeti?”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “ne′phesh.Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “poloko.”
Kgotsa “Fa o sa iphalotse.”
Kgotsa “modimo wa lelapa; modingwana.”
Kgotsa “modimo wa lelapa; modingwana.”
Kgotsa “a apere diaparo tse di lotsatsa.”