Samuele wa Ntlha 26:1-25

  • Dafide o gana gape go bolaya Saulo (1-25)

    • Dafide o tlotla motlodiwa wa ga Jehofa (11)

26  Fa nako e ntse e tsamaya, banna ba Siife+ ba ne ba tla kwa go Saulo kwa Gibea+ ba re: “Dafide o iphitlhile mo thoteng ya Hakila, e e lebaganeng le Jeshimone.”*+  Ka jalo, Saulo o ne a tsamaya a ya kwa nageng ya Siife a na le banna ba le 3 000 ba ba tlhophilweng ba Iseraele gore ba ye go batla Dafide kwa nageng ya Siife.+  Saulo o ne a kampa mo thoteng ya Hakila, e e lebaganeng le Jeshimone, fa tseleng. Ka nako eo, Dafide o ne a nna mo nageng mme o ne a utlwela gore Saulo o ne a tlile mo nageng a mo lateletse.  Ka jalo, Dafide o ne a romela ditlhola go tlhomamisa gore a ruri Saulo o ne a tlile.  Moragonyana Dafide o ne a ya kwa lefelong le Saulo a neng a kampile mo go lone, mme Dafide o ne a bona lefelo le Saulo le Abenere+ morwa Nere, molaodi wa masole a gagwe, ba neng ba robetse mo go lone; Saulo o ne a robetse mo gare ga kampa mme masole a ne a kampile go mo dikologa.  Foo Dafide o ne a raya Abishai+ morwarraagwe Joabe (mmaabone e ne e le Seruia)+ le Ahimeleke wa Mohite+ a re: “Ke mang yo o tla yang le nna kwa kampeng kwa go Saulo?” Abishai o ne a araba a re: “Ke tla tsamaya le wena.”  Ka jalo, Dafide le Abishai ba ne ba ya kwa masoleng ao go le bosigo, mme ba ne ba fitlhela Saulo a robetse mo gare ga kampa, lerumo la gagwe le tlhometswe fa fatshe gaufi le tlhogo ya gagwe; Abenere le masole ba ne ba robetse go mo dikologa.  Jaanong Abishai o ne a raya Dafide a re: “Gompieno Modimo o tsentse mmaba wa gago mo seatleng sa gago.+ Tsweetswee, mma jaanong ke mo tlhabele fa fatshe ka lerumo gangwe fela, mme ga nkitla ke tlhoka go dira jalo gabedi.”  Le fa go ntse jalo, Dafide o ne a raya Abishai a re: “O se ka wa mo gobatsa, gonne ke mang yo o ka tsholeletsang motlodiwa wa ga Jehofa seatla+ a bo a tswelela a se na molato?”+ 10  Dafide o ne a tswelela a re: “Ke ikana ka Jehofa Modimo yo o tshelang, Jehofa ka boene o tla mo otlhaya+ kgotsa letsatsi la gagwe le tla tla+ mme o tla swa, kgotsa o tla ya kwa tlhabanong a bo a swela teng.+ 11  Go ya kafa Jehofa a lebang dilo ka gone, go ka se direge ka nna gore ke tsholeletse motlodiwa wa ga Jehofa seatla!+ Tsweetswee, jaanong tsaya lerumo le le gaufi le tlhogo ya gagwe le nkgwana ya metsi, mme re tsene mo tseleng.” 12  Ka jalo, Dafide o ne a tsaya lerumo le nkgwana ya metsi tse di fa tlhogong ya ga Saulo mme ba tsamaya. Ga go na ope yo o neng a ba bona+ kgotsa yo o neng a ba lemoga kgotsa yo o neng a thanya, ka gonne botlhe ba ne ba thulametse, ka ntlha ya gore ba ne ba wetswe ke boroko jo bogolo jo bo tswang kwa go Jehofa. 13  Foo Dafide o ne a kgabaganyetsa ka kwa letlhakoreng le lengwe a bo a ema mo godimo ga thaba a le kgakala, go na le sekgala se segolo fa gare ga bone. 14  Dafide o ne a tlhaeletsa kwa masoleng le kwa go Abenere+ morwa Nere, a re: “Abenere, a ga o kitla o araba?” Abenere o ne a araba a re: “O mang wena yo o tlhaeletsang kwa kgosing?” 15  Dafide o ne a raya Abenere a re: “A ga o monna yo o pelokgale? Mme ke mang yo o tshwanang le wena mo Iseraele? Ka jalo, ke ka ntlha yang fa o ne o sa dise morena wa gago kgosi? Gonne mongwe wa masole o ne a tsena koo a re o bolaya morena wa gago kgosi.+ 16  Se lo se dirileng ga se a siama. Ke ikana ka Jehofa Modimo yo o tshelang, lo tshwanelwa ke go swa ka gonne ga lo a ka lwa disa morena wa lona, motlodiwa wa ga Jehofa.+ Jaanong lebang go lo dikologa! Lerumo la kgosi le nkgwana ya metsi+ tse di neng di le gaufi le tlhogo ya gagwe di kae?” 17  Foo Saulo o ne a lemoga lentswe la ga Dafide mme a re: “A ke wena o buang, Dafide morwaaka?”+ Dafide o ne a araba a re: “Ke nna ke buang, morena wa me kgosi.” 18  O ne a oketsa ka go re: “Morena wa me, ke ka ntlha yang fa o ntelekisa, nna motlhanka wa gago,+ ke dirile eng, mme molato wa me ke ofe?+ 19  Tsweetswee, morena wa me kgosi, reetsa mafoko a me: Fa e le gore Jehofa ke ene a go tlhotlheleditseng gore o ntlhasele, a a amogele* setlhabelo sa me sa dijo tsa ditlhaka. Mme fa e le gore batho ke bone ba go tlhotlheleditseng,+ ba hutsegile fa pele ga ga Jehofa, ka gonne ba ntelekile gompieno gore ke se ka ka golagana le boswa jwa ga Jehofa,+ ba re, ‘Tsamaya o ye go direla medimo e mengwe!’ 20  Mme jaanong o se ka wa letla gore madi a me a tshologele fa fatshe kgakala le sefatlhego sa ga Jehofa ka gonne kgosi ya Iseraele e dule gore e ye go batla letsetse le le lengwe fela,+ jaaka e kete o ne a lelekisa nonyane ya lesogo mo dithabeng.” 21  Saulo o ne a mo raya a re: “Ke leofile.+ Boa, Dafide morwaaka, ka gonne ga nkitla ke go gobatsa, ka ntlha ya gore o ne wa tsaya botshelo jwa me bo le tlhwatlhwakgolo+ mo letsatsing leno. Ruri ke dirile bomatla e bile ke dirile phoso e kgolo.” 22  Dafide o ne a araba a re: “Lerumo la kgosi ke leno. A mongwe wa makawana a tle go le tsaya. 23  Jehofa ke ene a tla duelelang mongwe le mongwe tshiamo ya gagwe+ le boikanyegi jwa gagwe, ka gonne gompieno Jehofa o go tsentse mo seatleng sa me, le fa go ntse jalo, ke ne ke sa batle go tsholeletsa motlodiwa wa ga Jehofa seatla.+ 24  Fela jaaka botshelo jwa gago bo ne bo le tlhwatlhwakgolo mo go nna mo letsatsing leno, e kete botshelo jwa me bo ka nna tlhwatlhwakgolo jalo mo matlhong a ga Jehofa mme e kete a ka nkgolola mo matshwenyegong otlhe.”+ 25  Saulo o ne a araba Dafide a re: “E kete o ka segofala, Dafide morwaaka. Ruri o tla dira dilo tse dikgolo, mme ruri o tla fenya.”+ Go tswa foo, Dafide o ne a tsamaya, mme Saulo o ne a boela gae.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa gongwe “sekaka; naga.”
Seheb., “dupe.”