Samuele wa Ntlha 28:1-25

  • Saulo o etela mosadi yo o dirisanang le badimo kwa Ene-dore (1-25)

28  Mo metlheng eo, Bafilisitia ba ne ba phutha mephato ya bone ya masole gore ba ye go lwa le Baiseraele.+ Ka jalo, Akishe o ne a raya Dafide a re: “O a itse gore wena le banna ba gago lo tshwanetse go tsamaya le nna kwa tlhabanong.”+  Foo Dafide o ne a raya Akishe a re: “O itse sentle se nna motlhanka wa gago ke tla se dirang.” Akishe o ne a raya Dafide a re: “Ke gone ka moo ke tla go tlhomang gore o nne mofemedi wa me ka metlha.”*+  Jaanong Samuele o ne a sule, mme Baiseraele botlhe ba ne ba ile ba mo hutsafalela ba bo ba mo fitlha kwa Rama, e leng motse wa gagabo.+ Mme Saulo o ne a tlositse batho ba ba dirisanang le badimo le ba ba bolelelang ditiragalo pele mo lefatsheng leo.+  Bafilisitia ba ne ba phuthega mme ba tsamaya ba ya go kampa kwa Shunema.+ Ka jalo, Saulo o ne a phutha Baiseraele botlhe mme ba ne ba kampa kwa Gileboa.+  E rile Saulo a bona kampa ya Bafilisitia, o ne a boifa mme a tshoga fela thata.+  Le fa Saulo a ne a botsa Jehofa,+ Jehofa ga a ka a mo araba, e ka tswa e le mo ditorong kgotsa ka Urime+ kgotsa ka baporofeti.  La bofelo Saulo o ne a raya batlhanka ba gagwe a re: “Mpatleleng mosadi yo o dirisanang le badimo,+ mme ke tla ya go kopa kgakololo kwa go ene.” Batlhanka ba gagwe ba ne ba mo araba ba re: “Go na le mosadi yo o dirisanang le badimo kwa Ene-dore.”+  Ka jalo, Saulo o ne a dira gore batho ba se ka ba mo lemoga a bo a apara diaparo tse dingwe mme o ne a ya kwa mosading yoo go le bosigo a na le banna ba gagwe ba le babedi. O ne a re: “Tsweetswee, dirisa boitseanape o bue le badimo+ mme o ntlisetse mongwe yo ke tla go mmolelelang.”  Le fa go ntse jalo, mosadi yoo o ne a mo raya a re: “O tshwanetse wa bo o itse se Saulo a se dirileng, kafa a tlositseng ka gone batho ba ba dirisanang le badimo le ba ba bolelelang ditiragalo pele mo lefatsheng.+ Jaanong, ke ka ntlha yang fa o leka go mpeela serai gore ke bolawe?”+ 10  Foo Saulo o ne a mo ikanela ka Jehofa, a re: “Ke ikana ka Jehofa Modimo yo o tshelang, ga o kitla o nna le molato ope mo kgannyeng eno!” 11  Fa a rialo, mosadi o ne a re: “Ke go tlisetse mang?” O ne a araba a re: “Ntlisetse Samuele.” 12  E rile mosadi a bona “Samuele,”*+ o ne a goa ka lentswe le le kwa godimo mme a raya Saulo a re: “Goreng o ne o ntsietsa? O Saulo!” 13  Kgosi e ne ya mo raya ya re: “O se ka wa boifa, mme gone o bona eng?” Mosadi o ne a araba Saulo a re: “Ke bona mongwe yo o tshwanang le modimo a tlhatloga a tswa mo lefatsheng.” 14  Ka yone nako eo o ne a mmotsa jaana: “O lebega jang?” mme mosadi o ne a re: “Go tlhatloga monnamogolo mme o apere seaparo se se se nang mabogo.”+ Foo Saulo o ne a lemoga gore e ne e le “Samuele,” mme o ne a ikoba sefatlhego sa gagwe se lebile fa fatshe a bo a obama. 15  Go tswa foo, “Samuele” o ne a raya Saulo a re: “Goreng o ne o ntshwenya ka go dira gore ke tlisiwe fano?” Saulo o ne a araba jaana: “Ke mo mathateng a magolo thata. Bafilisitia ba tlhabana le nna, mme Modimo o dule mo go nna e bile ga a tlhole a nkaraba, e ka tswa e le ka baporofeti kgotsa mo ditorong;+ ka jalo, ke gone ka moo ke go bitsang gore o nkitsise se ke tshwanetseng go se dira.”+ 16  Mme “Samuele” o ne a re: “Goreng jaanong o botsa nna, e re ka Jehofa a dule mo go wena+ e bile a fetogile mmaba wa gago? 17  Jehofa ka boene o tla dira seno se a neng a se bolelela pele ka nna: Jehofa o tla tsaya bogosi mo diatleng tsa gago a bo a bo naya motho yo mongwe, e bong Dafide.+ 18  E re ka o ne wa se ka wa ikobela lentswe la ga Jehofa e bile o ne wa se ka wa diragatsa bogale jwa gagwe jo bo tukelang Baamaleke,+ ke gone ka moo Jehofa a go dirang seno mo letsatsing leno. 19  Gape Jehofa o tla tsenya wena le Baiseraele mo seatleng sa Bafilisitia,+ mme kamoso+ wena le bomorwao+ lo tla bo lo na le nna. Jehofa o tla tsenya le masole a Iseraele mo diatleng tsa Bafilisitia.”+ 20  Ka yone nako eo, Saulo o ne a wa a namalala fa fatshe mme o ne a boifa fela thata ka ntlha ya mafoko a ga “Samuele.” Mme go ne go se na maatla ape a a setseng mo go ene, ka gonne o ne a sa ja dijo letsatsi lotlhe le bosigo jotlhe. 21  E rile mosadi a tla mo go Saulo mme a bona gore o ne a tshwenyegile thata, o ne a mo raya a re: “Nna lelata la gago ke ne ka ikobela se o neng wa se bua, mme ke ne ka tsenya botshelo*+ jwa me mo kotsing, ka dira se o neng wa mpolelela gore ke se dire. 22  Tsweetswee, jaanong reetsa se ke tla se buang. Mma ke beye thathana ya senkgwe fa pele ga gago; mme o je gore o nne le maatla gore o kgone go tsamaya.” 23  Mme gone, o ne a gana mme a re: “Ga nkitla ke ja.” Le fa go ntse jalo, batlhanka ba gagwe le mosadi yoo ba ne ba nna ba mo emelela. La bofelo o ne a ba reetsa mme a tsoga fa fatshe a bo a nna mo bolaong. 24  Mosadi yoo o ne a na le namane e e nonneng mo lapeng, ka jalo o ne a itlhaganela a e tlhaba* mme o ne a tsaya bupi, a duba tlhama a bo a dira senkgwe se se se nang sebediso. 25  O ne a di tsholela Saulo le batlhanka ba gagwe, mme ba ne ba ja. Morago ga moo, ba ne ba ema ba bo ba tsamaya go le bosigo.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “o nne motlhokomedi wa tlhogo ya me malatsi otlhe.”
Kgotsa “se se neng se bonala e kete ke Samuele.”
Seheb., “ne′phesh.Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “a e ntsha setlhabelo.”