Samuele wa Ntlha 8:1-22

  • Baiseraele ba batla kgosi (1-9)

  • Samuele o tlhagisa batho (10-18)

  • Jehofa o ba tlhomela kgosi (19-22)

8  Fa Samuele a ne a setse a tsofetse, o ne a tlhoma bomorwawe gore ba nne baatlhodi ba Iseraele.  Leina la ga morwawe wa leitibolo e ne e le Joele, mme leina la wa bobedi e le Abija;+ e ne e le baatlhodi kwa Beere-sheba.  Mme bomorwawe ga ba a ka ba tsamaya mo ditseleng tsa gagwe; ba ne ba leka go nna le madi ka boferefere,+ ba ne ba amogela pipamolomo+ e bile ba ne ba sa atlhole ka tsela e e siameng.+  Fa nako e ntse e tsamaya, bagolwane botlhe ba Iseraele ba ne ba phuthega mmogo mme ba tla kwa go Samuele kwa Rama.  Ba ne ba mo raya ba re: “O setse o tsofetse mme bomorwao ga ba tsamaye mo ditseleng tsa gago. Jaanong re tlhomele kgosi gore e re atlhole jaaka ditšhaba tse dingwe tsotlhe.”+  Mme seno ga se a ka sa itumedisa* Samuele, fa ba ne ba re: “Re tlhomele kgosi gore e re atlhole.” Foo Samuele o ne a rapela Jehofa,  mme Jehofa o ne a raya Samuele a re: “Reetsa sengwe le sengwe se batho bano ba se go bolelelang; ka gonne ga ba a gana wena, mme ba ganne nna gore ke nne kgosi ya bone.+  Ba dira fela jaaka ba ile ba dira go tloga mo letsatsing la fa ke ne ke ba ntsha kwa Egepeto go fitlha mo letsatsing leno; ba nna ba ntlogela+ ba ya go direla medimo e mengwe,+ mme ke sone se ba se dirang mo go wena.  Jaanong ba reetse. Le fa go ntse jalo, o ba tlhagise o tiisitse; o ba bolelele se kgosi e e tla ba busang e tla nnang le tshwanelo ya go se dira.” 10  Ka jalo, Samuele o ne a bolelela batho ba ba neng ba mo kopa gore a ba tlhomele kgosi mafoko otlhe a ga Jehofa. 11  O ne a re: “Tseno ke dilo tse kgosi e e tla lo busang e tla nnang le tshwanelo ya go di dira:+ O tla tsaya bomorwaalona+ a bo a ba tsenya mo dikareng tsa gagwe+ a ba dira masole a gagwe a a tsamayang ka dipitse,+ mme bangwe ba bone ba tla tshwanelwa ke go siana fa pele ga dikara tsa gagwe. 12  Mme o tla itlhomela baokamedi ba ba okamelang dikete+ le baokamedi ba ditlhopha tsa masome a matlhano,+ mme bangwe ba bone ba tla mo lemela,+ ba tla roba thobo ya gagwe+ e bile ba tla mo direla dibetsa tsa ntwa le didirisiwa tsa dikara tsa gagwe.+ 13  O tla tsaya bomorwadialona gore e nne ba ba tlhakanyang ditlôlô,* ba ba apayang le ba ba besang senkgwe.+ 14  O tla tsaya tse di di gaisang tsotlhe mo masimong a lona, mo masimong a lona a morara* le mo masimong a lona a motlhware+ mme o tla di naya batlhanka ba gagwe. 15  O tla tsaya sa bolesome sa masimo a lona a dijo tsa ditlhaka le masimo a lona a morara, mme o tla se naya badiredibagolo ba ba mmerekelang le batlhanka ba gagwe. 16  Mme o tla tsaya batlhanka ba lona, malata a lona, metlhape ya lona e e e gaisang yotlhe le ditonki tsa lona, mme o tla di dirisa mo tirong ya gagwe.+ 17  O tla tsaya sa bolesome sa matsomane a lona,+ mme lo tla nna batlhanka ba gagwe. 18  Letsatsi le tla tla le lo tla goang lo lela ka ntlha ya kgosi e lo e itlhophetseng,+ mme gone Jehofa ga a kitla a lo araba mo letsatsing leo.” 19  Le fa go ntse jalo, batho ba ne ba gana go reetsa se Samuele a neng a se ba bolelela mme ba ne ba re: “Nnyaa, re batla go busiwa ke kgosi. 20  Gore re tle re tshwane le ditšhaba tse dingwe tsotlhe, mme kgosi ya rona e tla re atlhola e bo e re etelela pele e bile e tla tlhabana dintwa tsa rona.” 21  Fa Samuele a sena go utlwa mafoko otlhe a batho, o ne a a boeletsa Jehofa a reeditse. 22  Jehofa o ne a raya Samuele a re: “Ba reetse, mme o tlhome kgosi gore e ba buse.”+ Go tswa foo, Samuele o ne a raya batho ba Iseraele a re: “A mongwe le mongwe wa lona a boele kwa motseng wa gagabo.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “seno se ne se le bosula mo matlhong a ga.”
Kgotsa “ba ba dirang dinkgisamonate.”
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”