Samuele wa Bobedi 23:1-39

  • Mafoko a ga Dafide a bofelo (1-7)

  • Diphenyo tsa batlhabani ba ga Dafide (8-39)

23  Ano ke mafoko a bofelo a ga Dafide:+ “Lefoko la ga Dafide morwa Jese,+E bile e le lefoko la monna yo o neng a godisiwa,+Motlodiwa+ wa Modimo wa ga Jakobe,Moopedi yo o itumedisang* wa dipina+ tsa Iseraele.   Moya wa ga Jehofa o ne wa bua ka nna;+Lefoko la gagwe le ne le le mo lolemeng lwa me.+   Modimo wa Iseraele o ne a bua;Lefika la Iseraele+ le ne la nthaya la re: ‘Fa motho yo o busang batho a siame,+A busa ka go boifa Modimo,+   Puso ya gagwe e tshwana le lesedi fa letsatsi le phatsima+ Mo mosong go se na maru. E tshwana le fa lesedi le phatsima fa pula e sena go na,Mme di dira gore bojang bo tlhoge mo lefatsheng.’+   A losika* lwa me ga lo a nna jalo fa pele ga Modimo? Ka gonne o dirile kgolagano e e nnelang ruri le nna,+E e rulagantsweng sentle e bile go tlhomamisitswe gore e boammaaruri. Ka gonne e kaya poloko ya me e e feletseng le boitumelo jotlhe jwa me,A leo ga se lone lebaka la go bo a dira gore e atlege?+   Le fa go ntse jalo, batho ba ba se nang mosola ba latlhilwe botlhe fela+ jaaka ditlhatshana tse di mmitlwa,Gonne ga ba ka ke ba tsewa ka seatla.   Fa motho a ba tshwara,O tshwanetse a bo a ipaakantse sentle ka tshipi le thobane ya lerumo,Mme ba tshwanetse go fisiwa ka molelo mo lefelong la bone.”  Ano ke maina a batlhabani ba ba maatla ba ga Dafide:+ Joshebe-bashebethe wa Motakemone, yo e neng e le tlhogo ya ba bararo.+ O ne a bolaya batho ba le 800 ka lerumo ka nako e le nngwe.  Mo morago ga gagwe, Eliasare+ morwa Dodo+ morwa Ahohi e ne e le mongwe wa batlhabani ba bararo ba ba maatla ba ba neng ba na le Dafide fa ba ne ba kgoba Bafilisitia. Ba ne ba phuthegetse koo ba tlile tlhabanong, mme fa banna ba Iseraele ba ne ba tshaba, 10  o ne a ema mme a nna a kgemetha Bafilisitia go fitlha lebogo la gagwe le lapa le seatla sa gagwe se gagamala ka gonne a ne a ngangatletse tšhaka.+ Ka jalo, Jehofa o ne a tlisa phenyo* e kgolo mo letsatsing leo;+ mme batho ba ne ba boa ba tla kwa morago ga gagwe gore ba tle go tsaya diaparo le dibetsa tsa ba ba bolailweng. 11  Morago ga gagwe o ne a latelwa ke Shammahe morwa Agee wa Moharara. Bafilisitia ba ne ba phuthegetse kwa Lehi, kwa go neng go na le tshimo e e tletseng letlhodi; mme batho ba ne ba tshaba ka ntlha ya Bafilisitia. 12  Le fa go ntse jalo, o ne a ema fa gare ga tshimo a bo a e lwela mme o ne a nna a kgemetha Bafilisitia, mo Jehofa a neng a tlisa phenyo* e kgolo.+ 13  Dikgosana di le tharo mo go tse 30 di ne tsa ya kwa go Dafide kwa logageng lwa Adulama+ ka nako ya thobo, mme mophato* wa Bafilisitia o ne o kampile mo Mokgatšheng* wa Refaime.+ 14  Ka nako eo, Dafide o ne a le mo lefelong le le sireletsegileng,+ mme masole a a sireletsang a Bafilisitia a ne a le kwa Bethelehema. 15  Mme Dafide o ne a nyorilwe a bo a re: “E kete nka nwa metsi a khuti ya go bolokela metsi* e e fa kgorong ya Bethelehema!” 16  Foo batlhabani bao ba bararo ba ba maatla ba ne ba tsena ka dikgoka mo kampeng ya Bafilisitia mme ba ga metsi mo khuting ya go bolokela metsi* e e fa kgorong ya Bethelehema ba bo ba a tlisa kwa go Dafide; le fa go ntse jalo, o ne a gana go a nwa mme a a tshololela kwa go Jehofa.+ 17  O ne a re: “Ga nkitla ke nwa metsi ano, tlhe Jehofa! A nka nwa madi+ a banna ba ba tsentseng matshelo a bone mo kotsing ka go ya go ga metsi?” Ka jalo, o ne a gana go a nwa. Tseno ke dilo tse batlhabani ba gagwe ba bararo ba ba maatla ba neng ba di dira. 18  Abishai+ morwarraagwe Joabe morwa Seruia+ e ne e le tlhogo ya ba bangwe ba bararo; o ne a bolaya batho ba le 300 ka lerumo la gagwe, mme o ne a itsege jaaka ba bararo bale.+ 19  Le fa gone a ne a tlhomologile thata mo go ba bangwe ba bararo e bile e ne e le tlhogo ya bone, o ne a sa fitlhe mo maemong a ba ntlha ba bararo. 20  Benaia+ morwa Jehoiada e ne e le monna yo o pelokgale,* yo o neng a dira ditiro di le dintsi kwa Kabeseele.+ O ne a bolaya barwa ba babedi ba ga Ariele wa kwa Moabe, mme o ne a fologela mo khuting mo letsatsing la fa go ne go le kapoko a bo a bolaya tau.+ 21  Gape o ne a bolaya monna wa Moegepeto yo o neng a le bogolo jo bo sa tlwaelegang. Le fa gone Moegepeto yoo a ne a tshwere lerumo ka seatla, o ne a ya kwa go ene a tshotse thobane mme o ne a phamola lerumo mo seatleng sa Moegepeto yoo a bo a mmolaya ka lerumo leo la gagwe. 22  Benaia morwa Jehoiada o ne a dira dilo tseno, mme o ne a itsege ka tsela e batlhabani ba bararo bale ba ba maatla ba neng ba itsege ka yone. 23  Le fa gone a ne a tlhomologile thata go feta ba ba masome a mararo, o ne a sa fitlhe mo maemong a ba bararo bale. Le fa go ntse jalo, Dafide o ne a mo tlhoma go okamela bafemedi ba gagwe. 24  Asahele+ morwarraagwe Joabe e ne e le mongwe wa ba ba masome a mararo: Elehanane morwa Dodo wa kwa Bethelehema,+ 25  Shammahe wa Moharode, Elika wa Moharode, 26  Helese+ wa Mopalete, Ira+ morwa Ikeshe wa Motekoa, 27  Abiesere+ wa Moanathothe,+ Mebunai wa Mohusha, 28  Salemone wa Moahohi, Maharai+ wa Monetofa, 29  Helebe morwa Baana wa Monetofa, Itai morwa Ribai wa Gibea wa Babenjamine, 30  Benaia+ wa Mopirathone, Hidai wa kwa melapong ya Gaashe,+ 31  Abi-alebone wa Moareba, Asamafetha wa Mobara-hume, 32  Eliaba wa Moshaalabone, bomorwa Jashene, Jonathane, 33  Shammahe wa Moharara, Ahiame morwa Sharare wa Moharara, 34  Elifelete morwa Ahasebai morwa wa Momaakathe, Eliame morwa Ahitofele+ wa Mogilo, 35  Hesero wa Mokaremele, Paarai wa Moaraba, 36  Igale morwa Nathane wa Soba, Bani wa Mogada, 37  Seleke wa Moamone, Naharai wa Moberothe, motsholadibetsa wa ga Joabe morwa Seruia, 38  Ira wa Moithere, Garebe wa Moithere,+ 39  le Uria+ wa Mohite, botlhe ba ne ba le 37.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “Motho yo o nang le lentswe le le monate.”
Kgotsa “ba ntlo.”
Kgotsa “poloko.”
Kgotsa “poloko.”
Kgotsa “mo Lebaleng le le Kwa Tlase.”
Kgotsa “motse wa ditente.”
Seheb., “morwa monna wa segatlhamelamasisi.”