Daniele 1:1-21

  • Bababelona ba kampa go dikologa Jerusalema (1, 2)

  • Makawana a losika lwa segosi a batshwarwa a newa thuto e e kgethegileng (3-5)

  • Bahebera ba banê ba a lekwa (6-21)

1  Mo ngwageng wa boraro wa puso ya ga Kgosi Jehoiakime+ wa Juda, Kgosi Nebukadenesare wa Babelona o ne a tla mo Jerusalema a bo a kampa go e dikologa.+  Fa nako e ntse e tsamaya, Jehofa o ne a tsenya Kgosi Jehoiakime wa Juda mo seatleng sa Kgosi Nebukadenesare+ mmogo le dilwana dingwe tsa ntlo* ya Modimo wa boammaaruri, mme o ne a di isa kwa nageng ya Shinare*+ kwa ntlong* ya modimo wa gagwe. O ne a baya dilwana tseo mo bobolokelamatlotlong jwa modimo wa gagwe.+  Go tswa foo, kgosi e ne ya laela Ashepenase yo e neng e le mookamedi wa badiredibagolo ba ntlo ya kgosi gore a tlhophe Baiseraele* bangwe, go akaretsa ba losika lwa segosi le lwa batlotlegi.+  O ne a tshwanetse go tlhopha basha* ba ba se nang bogole bope, ba bantle, ba ba botlhale, ba ba nang le kitso le temogo+ e bile ba ka kgona go direla mo ntlong ya segosi. O ne a tshwanetse go ba ruta mokwalo le puo ya Bakaladia.  Mo godimo ga moo, kgosi e ne ya laela gore letsatsi le letsatsi ba newe dijo go tswa mo dijong tsa yone tsa maemo le go tswa mo beineng e e e nwang. Ba ne ba tshwanetse go rutiwa* dingwaga di le tharo, mme fa dingwaga tseo di sena go wela ba ne ba tla direla kgosi.  Jaanong mo go bone go ne go na le basha bangwe ba ba tswang mo lotsong lwa* Juda: Daniele,*+ Hanania,* Mishaele* le Asaria.*+  Mme mookamedi wa badiredibagolo ba ntlo ya kgosi o ne a ba naya maina* a masha; o ne a bitsa Daniele a re ke Beleteshasare,+ a bitsa Hanania a re ke Shaderake, a bitsa Mishaele a re ke Meshake, mme a bitsa Asaria a re ke Abedenego.+  Le fa go ntse jalo, Daniele o ne a ikemisetsa mo pelong ya gagwe gore ga a kitla a iteswafatsa ka dijo tsa maemo tsa kgosi kgotsa ka beine e kgosi e e nwang. Ka jalo, o ne a kopa mookamedi wa badiredibagolo ba ntlo ya kgosi tetla ya gore a se ka a iteswafatsa ka dilo tseno.  Mme Modimo wa boammaaruri o ne a dira gore mookamedi wa badiredibagolo ba ntlo ya kgosi a tlhomogele Daniele pelo* a bo a mo utlwele botlhoko.+ 10  Le fa go ntse jalo, mookamedi wa badiredibagolo ba ntlo ya kgosi o ne a raya Daniele a re: “Ke boifa morena wa me kgosi, yo o laetseng gore lo newe dijo tseno le dinô tseno. O tla reng fa a bona lo bopame lo sa tshwane le basha* ba bangwe ba ba lekanang le lona? Lo tla dira gore ke* nne molato fa pele ga kgosi.” 11  Mme Daniele o ne a raya motlhokomedi yo o neng a tlhomilwe ke mookamedi wa badiredibagolo ba ntlo ya kgosi gore a tlhokomele Daniele, Hanania, Mishaele le Asaria a re: 12  “Tsweetswee, leka batlhanka ba gago malatsi a le lesome, mme mma re letlelelwe go ja merogo le go nwa metsi; 13  go tswa foo o bapise tsela e re lebegang ka yone le e basha* ba bangwe ba ba jang dijo tsa maemo tsa kgosi ba lebegang ka yone, mme o dire tshwetso ya gore o tla dira eng ka rona batlhanka ba gago go ya ka se o se bonang.” 14  Ka jalo, o ne a dumalana le se ba neng ba se kopa a bo a ba leka malatsi a le lesome. 15  Fa malatsi a le lesome a wela, ba ne ba le bantle e bile ba itekanetse* go gaisa basha* botlhe ba ba neng ba ja dijo tsa maemo tsa kgosi. 16  Ka jalo, motlhokomedi o ne a tle a tseye dijo tsa bone tsa maemo le beine ya bone a bo a ba naya merogo. 17  Mme Modimo wa boammaaruri o ne a naya basha* bano ba banê kitso le bokgoni jwa go tlhaloganya mekwalo e e farologaneng e bile o ne a ba naya botlhale; Daniele ene o ne a newa bokgoni jwa go tlhaloganya mefuta yotlhe ya diponatshegelo le ditoro.+ 18  Fa nako e kgosi e neng e e tlhomile gore ba tlisiwe kwa go ene e wela,+ mookamedi wa badiredibagolo ba ntlo ya kgosi o ne a ba tlisa fa pele ga ga Nebukadenesare. 19  Fa kgosi e ne e bua le bone, go ne go se na ope mo setlhopheng seo sotlhe yo o neng a tshwana le Daniele, Hanania, Mishaele le Asaria;+ mme ba ne ba tswelela ba direla kgosi. 20  Fa kgosi e ne e ba botsa ka kgang nngwe le nngwe e e tlhokang botlhale le bokgoni jwa go tlhaloganya, e ne ya fitlhela ba gaisa baperesiti botlhe ba ba dirang maselamose le badiradikgakgamatso+ ba ba mo pusong yotlhe ya gagwe. 21  Mme Daniele o ne a tswelela a nna koo go fitlha ka ngwaga wa ntlha wa ga Kgosi Kurose.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “tempele.”
Go tewa Babelonia.
Kgotsa “tempele.”
Seheb., “bomorwa Iseraele.”
Seheb., “bana.”
Kgotsa gongwe “go otliwa.”
Mo go kayang “Jehofa o Thusitse.”
Gongwe go kaya “Ke Mang yo o Tshwanang le Modimo?”
Mo go kayang “Jehofa o Tlhomogile Pelo.”
Seheb., “mo go bomorwa.”
Mo go kayang “Moatlhodi Wa me Ke Modimo.”
Go tewa maina a Sebabelona.
Kgotsa “a nne pelonomi mo go Daniele.”
Seheb., “tlhogo ya me e.”
Seheb., “bana.”
Seheb., “bana.”
Seheb., “nama ya bone e nonne.”
Seheb., “bana.”
Seheb., “bana.”