Daniele 5:1-31

  • Mokete wa ga Kgosi Beleshasare (1-4)

  • Mokwalo mo loboteng (5-12)

  • Daniele o kopiwa go tlhalosa mokwalo (13-25)

  • Tlhaloso: Babelona e tla wa (26-31)

5  Kgosi Beleshasare+ o ne a direla batlotlegi ba gagwe ba le sekete mokete o mogolo, mme o ne a nwa beine fa pele ga bone.+  E re ka Beleshasare a ne a tagilwe, o ne a laela gore go tlisiwe dijana tsa gauta le tsa selefera tse rraagwe e bong Nebukadenesare a neng a di tsere kwa tempeleng e e kwa Jerusalema,+ gore ene le batlotlegi ba gagwe, bagadingwana ba gagwe le basadi ba bangwe ba gagwe ba tle ba nwele mo go tsone.  Foo ba ne ba tlisa dijana tsa gauta tse di neng di tserwe mo lefelong le le boitshepo mo ntlong ya Modimo kwa Jerusalema, mme kgosi le batlotlegi ba yone, bagadingwana ba yone le basadi ba bangwe ba yone ba ne ba nwela mo go tsone.  Ba ne ba nwa beine, mme ba ne ba baka medimo ya gauta le selefera, ya kopore, tshipi, logong le leje.  Ka yone nako eo, go ne ga tlhaga menwana ya motho e bo e simolola go kwala mo loboteng lwa ntlo ya segosi go lebagana le setlhomo sa lobone, mme kgosi e ne e kgona go bona menwana eo fa e ntse e kwala.  Foo sefatlhego sa kgosi se ne sa setlhafala* le dikakanyo tsa yone di ne tsa simolola go e tshosa, e bile maoto a yone a ne a koafala+ le mangole a yone a simolola go kgwetlha.  Kgosi e ne ya goa mme ya laela gore go bidiwe badiradikgakgamatso, Bakaladia* le balepadinaledi.+ E ne ya raya banna bano ba ba botlhale ba ba mo Babelona ya re: “Motho ope fela yo o ka balang mokwalo ono a bo a mpolelela tlhaloso ya one o tla apesiwa seaparo se se phepole, o tla rwesiwa sebaga sa gauta mo molaleng,+ e bile o tla busa e le wa boraro mo bogosing.”+  Foo banna botlhe ba ba botlhale ba kgosi ba ne ba tsena kwa go yone, mme ba ne ba sa kgone go bala mokwalo oo kgotsa go bolelela kgosi tlhaloso ya one.+  Ka jalo, Kgosi Beleshasare o ne a tshogile thata e bile sefatlhego sa gagwe se ne se setlhafetse; mme batlotlegi ba gagwe ba ne ba akabetse.+ 10  Fa kgosigadi e utlwa mafoko a kgosi le batlotlegi ba yone, e ne ya tsena mo holong ya mokete. Kgosigadi e ne ya re: “Wena kgosi, e kete o ka tshela ka bosakhutleng. O se ka wa letla dikakanyo tsa gago di go tshosa, e bile o se ka wa letla sefatlhego sa gago se setlhafala. 11  Go na le monna mongwe* mo bogosing jwa gago yo o nang le moya wa medimo e e boitshepo. Mo motlheng wa ga rrago go ne ga fitlhelwa a na le kitso le temogo le botlhale jo bo tshwanang le botlhale jwa medimo.+ Rrago e bong Kgosi Nebukadenesare o ne a mo tlhoma gore a okamele baperesiti ba ba dirang maselamose, badiradikgakgamatso, Bakaladia* le balepadinaledi;+ rrago o ne a dira jalo, wena kgosi. 12  Gonne Daniele, yo kgosi e neng ya mmitsa Beleteshasare,+ o ne a na le moya o o sa tlwaelegang le kitso le temogo ya go tlhalosa ditoro, go tlhalosa dithamalakane le go rarabolola mathata a a raraaneng.*+ Jaanong laela gore Daniele a bidiwe, mme o tla go bolelela tlhaloso ya mokwalo ono.” 13  Ka jalo, Daniele o ne a tlisiwa fa pele ga kgosi. Kgosi e ne ya mmotsa jaana: “A ke wena Daniele, mongwe wa batshwarwa ba ba tswang kwa Juda,+ yo rre a neng a mo tsaya kwa Juda?+ 14  Ke utlwile gore o na le moya wa medimo+ le gore go fitlhetswe kitso le temogo le botlhale jo bo sa tlwaelegang mo go wena.+ 15  Jaanong banna ba ba botlhale le badiradikgakgamatso ba ne ba tlisiwa mo go nna gore ba bale mokwalo ono ba bo ba o ntlhalosetse, le fa go ntse jalo, ga ba kgone go ntlhalosetsa molaetsa wa one.+ 16  Mme ke utlwile gore o kgona go tlhalosa diphiri+ le go rarabolola mathata a a raraaneng.* Jaanong fa o ka kgona go bala mokwalo ono le go o ntlhalosetsa, o tla apesiwa seaparo se se phepole, o tla rwesiwa sebaga sa gauta mo molaleng, e bile o tla busa o le wa boraro mo bogosing.”+ 17  Foo Daniele o ne a raya kgosi a re: “A dimpho tsa gago di tswelele e le tsa gago mme o abele ba bangwe dineo tsa gago. Le fa go ntse jalo, ke tla go balela mokwalo ono, wena kgosi, ke bo ke go o tlhalosetsa. 18  Wena kgosi, Modimo Mogodimodimo o ne a naya rrago e bong Nebukadenesare bogosi, bogolo, seriti le tlotlomalo.+ 19  Ka ntlha ya bogolo jo Modimo a neng a bo mo neile, ditšhaba tsotlhe, merafe yotlhe le batho ba ba buang dipuo tse di farologaneng ba ne ba roroma fa pele ga gagwe ka gonne ba mmoifa.+ O ne a bolaya kgotsa a tlogela ope fela yo a mmatlang, e bile o ne a tlotlomatsa kgotsa a kokobetsa ope fela yo a mmatlang.+ 20  Mme fa a ne a nna mabela e bile a nna tlhogoethata a bo a ikgodisa,+ o ne a folosiwa mo setulong sa gagwe sa bogosi, e bile o ne a tseelwa seriti sa gagwe. 21  O ne a lelekwa mo bathong, mme pelo ya gagwe e ne ya fetoga mme ya tshwana le ya phologolo, e bile o ne a ya go nna le ditonki tsa naga. O ne a ja dimela fela jaaka dipoo, e bile mmele wa gagwe o ne wa kolobediwa ke monyo o o tswang kwa magodimong, go fitlha a itse gore Modimo Mogodimodimo o na le taolo mo bogosing jwa batho le gore o tlhoma ope fela yo a mmatlang mo go jone.+ 22  “Le fa go ntse jalo, wena Beleshasare morwawe, ga o a ka wa ikokobetsa le fa gone o ne o itse dilo tseno tsotlhe. 23  Go na le moo, o ne wa ikgodisetsa Morena wa magodimo,+ mme o ne wa laela gore go tlisiwe dijana tsa ntlo ya gagwe.+ Go tswa foo, wena le batlotlegi ba gago, bagadingwana ba gago le basadi ba bangwe ba gago lo ne lwa nwela beine mo go tsone, e bile lo ne lwa baka medimo ya selefera le gauta, ya kopore, tshipi, logong le leje, medimo e e sa boneng sepe, e e sa utlweng sepe le e e sa itseng sepe.+ Mme ga lo a ka lwa galaletsa Modimo yo botshelo jwa lona bo leng mo seatleng sa gagwe.+ 24  Ka jalo o ne a romela seatla, mme se ne sa gaba mokwalo ono mo loboteng.+ 25  Mme ono ke mokwalo o o neng o gabilwe: MENE, MENE, TEKELE le PARESINE. 26  “Eno ke tlhaloso ya mafoko ao: MENE, e raya gore Modimo o badile malatsi a bogosi jwa gago mme o bo fedisitse.+ 27  “TEKELE, e raya gore o lekantswe bokete mo dilekanyong mme o fitlhetswe o tlhaela. 28  “PERESE, e raya gore bogosi jwa gago bo kgaogantswe mme bo neilwe Bameda le Baperesia.”+ 29  Foo Beleshasare o ne a ntsha taelo, mme ba ne ba apesa Daniele seaparo se se phepole ba bo ba mo rwesa sebaga sa gauta mo molaleng; mme ba ne ba itsise gore o ne a tlile go nna mmusi wa boraro mo bogosing.+ 30  Mo go jone bosigo joo Beleshasare kgosi ya Bakaladia o ne a bolawa.+ 31  Mme Dario+ wa Momeda o ne a newa bogosi joo; o ne a na le dingwaga di ka nna 62.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “tsela e kgosi e lebegang ka yone e ne ya fetoga.”
Go tewa setlhopha sa batho ba ba nang le bokgoni jwa boitseanape le jwa tepodinaledi.
Go tewa setlhopha sa batho ba ba nang le bokgoni jwa boitseanape le jwa tepodinaledi.
Kgotsa “monna mongwe yo o nang le bokgoni.”
Seara., “go bofolola mafuto.”
Seara., “go bofolola mafuto.”