Esekiele 16:1-63

  • Tsela e Modimo a ratang Jerusalema ka yone (1-63)

    • E fitlhetswe e le ngwana yo o latlhilweng (1-7)

    • Modimo o a e kgabisa a bo a dira kgolagano ya lenyalo le yone (8-14)

    • Ga e sa tlhole e ikanyega (15-34)

    • E otlhaiwa ka gonne e le seaka (35-43)

    • E tshwantshiwa le Samarea le Sodoma (44-58)

    • Modimo o gakologelwa kgolagano ya gagwe (59-63)

16  Jehofa o ne a bua le nna gape a re:  “Morwa motho, itsise Jerusalema ditiro tsa gagwe tse di makgapha.+  O mo reye o re, ‘Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se bolelelang Jerusalema: “O simologile kwa lefatsheng la Bakanana e bile o tsholetswe gone. Rrago e ne e le Moamore,+ mme mmago e ne e le Mohite.+  Mme fa o ne o tsholwa, mo letsatsing le o belegweng ka lone, mogala wa khubu ya gago ga o a ka wa kgaolwa, wena ga o a ka wa tlhapisiwa ka metsi gore o nne phepa, ga o a ka wa tshasiwa letswai, e bile ga o a ka wa phuthelwa ka matsela.  Ga go na ope yo o neng a go utlwela botlhoko gore a go direle sepe sa dilo tseno. Ga go na ope yo o neng a go tlhomogela pelo. Go na le moo, o ne wa latlhelwa mo nageng ka gonne o ile wa tlhoiwa mo letsatsing le o belegweng ka lone.  “‘“Fa ke ne ke feta, ke ne ka go bona o ragaraga mo mading a gago, mme fa o ntse o rapaletse foo, ke ne ka re: ‘O tla tshela!’ Ke ne ka go raya jaana o rapaletse mo mading a gago: ‘O tla tshela!’  Ke ne ka go dira montsi thata, jaaka dijalo tse di tlhogang mo tshimong, mme o ne wa gola, wa nna mogolo wa bo wa ikgabisa ka mekgabisa e mentle thata. Mabele a gago a ne a gola, le moriri wa gago o ne wa gola; le fa go ntse jalo o ne o sa ntse o sa apara gotlhelele.”’  “‘Fa ke ne ke feta mme ke go bona, ke ne ka lemoga gore o godile mo o lekaneng gore o ka bontshiwa lorato. Ka jalo, ke ne ka phuthololela seaparo* sa me mo godimo ga gago+ mme ka go apesa, ka dira maikano ke bo ke tsena mo kgolaganong le wena,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa, ‘mme o ne wa nna wa me.  Mo godimo ga moo, ke ne ka go tlhapisa ka metsi, ka tsokotsa madi a a neng a le mo go wena mme ka go tshasa leokwane.+ 10  Go tswa foo, ke ne ka go apesa seaparo se se kgabisitsweng, ka go naya ditlhako* tse di dirilweng ka letlalo le lentle,* ka go hapa ka letsela le le boleta ke bo ke go apesa diaparo tse di turang. 11  Ke ne ka go kgabisa ka mekgabisa, ka go rwesa maseka mo diatleng le sebaga mo molaleng. 12  Gape ke ne ka go rwesa lenyena mo nkong le manyena mo ditsebeng le serwalo se sentle mo tlhogong. 13  O ne wa nna wa ikgabisa ka gauta le selefera, mme diaparo tsa gago e ne e le tsa letsela le le boleta, letsela le le turang le seaparo se se kgabisitsweng.+ O ne o ja bupi jo bo boleta, tswina ya dinotshe le leokwane, mme o ne wa nna montle fela thata, e bile o ne wa tshwanelwa ke go nna kgosigadi.’”* 14  “‘Go tuma* ga gago go ne ga simolola go anamela kwa ditšhabeng tse dingwe+ ka ntlha ya bontle jwa gago, ka gonne bo ne bo itekanetse ka ntlha ya gore ke ne ke beile kgalalelo ya me mo go wena,’+ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa.” 15  “‘Le fa go ntse jalo, o ne wa simolola go ikanya bontle jwa gago,+ mme o ne wa nna mogwebakammele ka gonne o tumile.+ O ne wa dira boaka le monna mongwe le mongwe yo o fetang ka tsela,+ mme bontle jwa gago e ne ya nna jwa gagwe. 16  O ne wa tsaya diaparo dingwe tsa gago o bo o dira mafelo a a kwa godimo a a boitshepo a a mebalabala kwa o neng o direla boaka gone,+ dilo tse di ntseng jalo ga di a tshwanela go nna teng e bile ga di a tshwanela go direga le ka motlha. 17  Gape o ne wa tsaya dibenyane* tsa gago tse dintle tsa gauta le tsa selefera tse ke neng ke go di neile mme wa itirela ditshwantsho tsa banna ka tsone o bo o dira boaka le tsone.+ 18  Mme o ne wa tsaya diaparo tsa gago tse di kgabisitsweng o bo o di* khurumetsa, e bile o ne wa di ntshetsa leokwane la me le maswalo a me.+ 19  Mme senkgwe se ke neng ke se go neile se se dirilweng ka bupi jo bo boleta, leokwane le tswina ya dinotshe e ke neng ke e go neile gore o e je, le sone o ne wa se ntshetsa ditshwantsho tseo e le lonko lo lo itumedisang.*+ Seo ke sone se se neng sa diragala,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa.” 20  “‘O ne wa tsaya bomorwao le bomorwadio ba o neng o ba ntsholetse,+ mme wa ntshetsa medingwana eo ditlhabelo ka bone.+ A ditiro tsa gago tsa boaka ga di a lekana? 21  O ne wa bolaya bomorwaake setlhogo, e bile o ne wa ba ntsha ditlhabelo ka go ba fisa mo molelong.+ 22  Fa o ntse o dira ditiro tsotlhe tsa gago tse di makgapha e bile o dira boaka, ga o a ka wa gakologelwa malatsi a fa o ne o sa ntse o le mosha fa o ne o sa apara gotlhelele, o ragaraga mo mading a gago. 23  Ijoo, ruri go latlhega wena ka ntlha ya dilo tseno tsotlhe tse di bosula tse o di dirileng,’+ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa. 24  ‘O ne wa ikagela thotana o bo o itirela lefelo le le kwa godimo le le boitshepo mo patlelong nngwe le nngwe. 25  O ne wa aga mafelo a gago a a kwa godimo a a boitshepo mo lefelong le le bonwang ke mongwe le mongwe mo mmileng mongwe le mongwe, mme o ne wa dira gore bontle jwa gago e nne selo se se makgapha ka go inaya* mongwe le mongwe yo o fetang ka tsela,+ e bile o ne wa dira gore ditiro tsa gago tsa boaka di nne dintsi.+ 26  O ne wa akafala le bomorwa Egepeto,+ baagelani ba gago ba ba nang le keletso e kgolo ya tlhakanelodikobo,* mme o ne wa nkgopisa ka ditiro tsa gago tsa boaka tse dintsintsi. 27  Jaanong ke tla otlolola seatla sa me ke bo ke go otlhaya mme ke tla fokotsa dijo tsa gago+ ke bo ke letla gore basadi ba ba go tlhoileng ba dire sepe fela se ba se batlang ka wena,+ e leng bomorwadia Bafilisitia, ba ba neng ba tshositswe ke boitshwaro jwa gago jo bo maswe thata.+ 28  “‘E re ka o ne o sa kgotsofale, o ne wa dira boaka le bomorwa Asiria,+ mme fa o sena go akafala le bone, le teng ga o a ka wa kgotsofala. 29  Ka jalo, o ne wa anamisetsa boaka jwa gago kwa lefatsheng la bagwebi* le kwa Bakaladieng,+ mme le ka nako eo ga o a ka wa kgotsofala. 30  Ruri pelo ya gago e ne e lwala,’* go bua Morena Molaodimogolo Jehofa, ‘fa o ne o dira dilo tseno tsotlhe, o itshwara jaaka seaka se se sa kgathaleng!+ 31  Le fa go ntse jalo, fa o ne o aga thotana ya gago mo lefelong le le bonwang ke mongwe le mongwe mo mmileng mongwe le mongwe e bile o dira lefelo le le kwa godimo le le boitshepo mo patlelong nngwe le nngwe, o ne o sa tshwane le mogwebakammele ka gonne o ne o gana tuelo. 32  O mosadi wa seaka yo o ratang batswakwa mo boemong jwa monna wa gagwe!+ 33  Batho ba naya bagwebakammele mpho,+ mme wena, ke wena o neileng botlhe ba ba eletsang go tlhakanela dikobo le wena dimpho,+ mme o ba naya madi gore ba tle kwa go wena ba tswa kwa dikarolong tsotlhe gore ba tle go dira boaka le wena.+ 34  O farologane le basadi ba bangwe ba ba gwebang ka mmele. Ga go na ope yo o gwebang ka mmele ka tsela e e tshwanang le ya gago! O duela batho ba bangwe, mme ga se bone ba go duelang. O dira dilo ka tsela e e farologaneng.’ 35  “Ka jalo, wena mogwebakammele,+ utlwa se Jehofa a se buang. 36  Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘E re ka o bontshitse keletso ya gago ya tlhakanelodikobo ka tsela e e feteletseng e bile batho ba ile ba go bona o sa apara ka nako ya fa o ne o dira boaka le ba o ba ratang le medingwana ya gago yotlhe e e makgapha, e e ferosang sebete,*+ e o neng wa e ntshetsa ditlhabelo ka madi a bomorwao,+ 37  jaanong ke phutha botlhe ba o ba ratang ba o neng o ba itumedisa, botlhe ba o neng o ba rata mmogo le botlhe ba o neng o ba tlhoile. Ke tla ba phuthela kwa go wena ba tswa kwa dikarolong tsotlhe ke bo ke go apola fa pele ga bone, mme ba tla go bona o sa apara gotlhelele.+ 38  “‘Mme ke tla go otlhaya ka dikatlholo tse di tshwanelang basadi ba ba dirileng boaka+ le basadi ba ba bolayang batho,+ mme ke tla go bolaya ke shakgetse e bile ke le lefufa.+ 39  Ke tla go tsenya mo seatleng sa bone, mme ba tla thuba thotana ya gago, e bile mafelo a gago a a kwa godimo a a boitshepo a tla digiwa;+ mme ba tla go apola diaparo+ e bile ba tla tsaya dibenyane* tsa gago tse dintle+ ba bo ba go tlogela o sa apara gotlhelele. 40  Ba tla go tlisetsa boidiidi jwa batho,+ mme ba tla go kgobotletsa ka maje+ e bile ba tla go bolaya ka ditšhaka tsa bone.+ 41  Ba tla fisa matlo a gago ka molelo+ ba bo ba diragatsa katlholo mo go wena fa pele ga matlho a basadi ba bantsi; mme ke tla fedisa ditiro tsa gago tsa boaka,+ mme o tla kgaotsa go ntsha tuelo. 42  Ke tla kokobetsa bogale jo ke go galefetseng ka jone,+ e bile tšhakgalo ya me e tla fapoga mo go wena;+ mme ke tla ritibala e bile ga nkitla ke tswelela ke kgopisegile.’ 43  “‘E re ka o sa gakologelwa malatsi a fa o ne o sa ntse o le mosha+ mme o ile wa nkgalefisa ka go dira dilo tseno tsotlhe, jaanong ke tla tlisa ditlamorago tsa tsela e o itshwarang ka yone mo tlhogong ya gago,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa, ‘mme ga o kitla o tlhola o tswelela ka boitshwaro jwa gago jo bo maswe thata le ka ditiro tsotlhe tsa gago tse di makgapha. 44  “‘Mongwe le mongwe yo o dirisang diane o tla dirisa seane seno mo go wena: “Morwadi o tshwana le mmaagwe!”+ 45  O morwadia mmago, yo o neng a nyatsa monna wa gagwe le bana ba gagwe. Gape o morwadiarraagwe bomorwadiarrago, ba ba neng ba nyatsa banna ba bone le bana ba bone. Mmaalona e ne e le Mohite, mme rraalona e ne e le Moamore.’”+ 46  “‘Morwadiarrago yo mogolo ke Samarea,+ yo o nnang kwa bokone jwa gago* le bomorwadie,*+ mme morwadiarrago yo mmotlana, yo o nnang kwa borwa jwa gago,* ke Sodoma+ le bomorwadie.+ 47  Ga se fela gore o ne o tsamaya mo ditseleng tsa bone e bile o latela ditiro tsa bone tse di makgapha, mme gape mo lobakeng lo lo khutshwane boitshwaro jwa gago bo ne bo setse bo le maswe thata go gaisa jwa bone.+ 48  Ke ikana ka nna,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa, ‘morwadiarrago e bong Sodoma le bomorwadie ga ba a dira se wena le bomorwadio lo se dirileng. 49  Eno e ne e le phoso ya ga morwadiarrago e bong Sodoma: Ene le bomorwadie+ ba ne ba ikgogomosa,+ ba na le letlepu la dijo+ e bile ba sa tshwenyege ka sepe;+ le fa go ntse jalo, ba ne ba sa thuse ba ba bogang le ba ba humanegileng.+ 50  Ba ne ba tswelela ba le mabela+ e bile ba dira ditiro tse di makgapha fa pele ga me,+ ka jalo, ke ne ke bona go tlhokega gore ke ba tlose.+ 51  “‘Tota le Samarea+ ga a ka a dira halofo ya maleo a mantsi a o a dirileng. O ne wa nna wa dira ditiro tse dintsi tse di makgapha go feta tse ba di dirileng, mo e leng gore bomorwadiarrago ba ne ba lebega ba siame ka ntlha ya ditiro tsotlhe tsa gago tse di makgapha.+ 52  Jaanong o tshwanetse go itshokela go tlontlololwa ka gonne o ne wa mpampetsa boitsholo jwa* bomorwadiarrago. E re ka maleo a gago a le makgapha thata go feta a bone, ba siame go go feta. Jaanong, tlhabiwa ke ditlhong o bo o itshokele go tlontlololwa ka gonne o dirile gore bomorwadiarrago ba lebege ba siame.’ 53  “‘Mme ke tla phutha batho ba bone ba ba isitsweng botshwarwa, batshwarwa ba Sodoma le bomorwadie le batshwarwa ba Samarea le bomorwadie; gape ke tla phutha batshwarwa ba gago mmogo le bone,+ 54  gore o tle o rwale tlontlologo ya gago; mme o tla ikutlwa o tlontlologile ka ntlha ya se o se dirileng fa o ne o ba gomotsa. 55  Bomorwadiarrago, e bong Sodoma le bomorwadie, ba tla nna jaaka ba ne ba ntse pele, le Samarea le bomorwadie ba tla nna jaaka ba ne ba ntse pele, le wena le bomorwadio lo tla nna jaaka lo ne lo ntse pele.+ 56  O ne o bona go sa tshwanela go umaka morwadiarrago e bong Sodoma mo letsatsing la fa o ne o ikgogomosa, 57  pele ga bosula jwa gago bo senolwa.+ Jaanong bomorwadia Siria le baagelani ba gagwe ba a go kgoba, e bile bomorwadia Bafilisitia,+ ba ba go dikologileng, ba a go sotla. 58  O tla rwala ditlamorago tsa boitsholo jwa gago jo bo maswe thata le tsa ditiro tsa gago tse di makgapha,’ go bua Jehofa.” 59  “Gonne seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘Jaanong ke tla go dira fela jaaka o dirile,+ ka gonne o ne wa nyatsa maikano a gago ka go tlola kgolagano ya me.+ 60  Mme nna ke tla gakologelwa kgolagano e ke neng ka e dira le wena mo malatsing a fa o ne o sa ntse o le mosha, e bile ke tla dira kgolagano e e nnelang ruri le wena.+ 61  O tla gakologelwa boitshwaro jwa gago o bo o ikutlwa o tlontlologile+ fa o amogela bomorwadiarrago, ba bagolo mo go wena mmogo le ba babotlana mo go wena, mme ke tla go ba naya gore e nne bomorwadio, mme e se ka ntlha ya kgolagano e o e dirileng.’ 62  “‘Mme nna ke tla dira kgolagano le wena; mme o tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa. 63  Foo o tla gakologelwa se o se dirileng o bo o tlhabiwa ke ditlhong thata go bula molomo wa gago ka gonne o tlontlologile,+ fa ke tla bo ke go itshwarela* go sa kgathalesege sotlhe se o se dirileng,’+ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “karolo e e kwa tlase ya seaparo.”
Seheb., “bompaatšhane.”
Kgotsa “letlalo la manyebi,” e leng phologolo e e nnang mo metsing.
Kgotsa “o ne wa tshwanelwa ke maemo a segosi.”
Seheb., “Leina.”
Kgotsa “mekgabisa.”
Go tewa medingwana ya banna.
Kgotsa “monate; ritibatsang.” Seheb., “lapolosang.”
Seheb., “ka go tsharololela dinao tsa gago kwa go.”
Seheb., “baagelani ba gago ba ba nang le nama e kgolo.”
Seheb., “kwa lefatsheng la Kanana.”
Kgotsa “e le bokoa.” Kgotsa gongwe “Ruri ke ne ke go shakgaletse.”
Polelwana eno ka Sehebera e ka tswa e amana le lefoko le le kayang “boloko” mme e dirisitswe e le go bontsha letlhoo.
Kgotsa “mekgabisa.”
Go ka tswa go tewa metsana e e e dikologileng.
Seheb., “ka fa mojeng wa gago.”
Seheb., “ka fa molemeng wa gago.”
Kgotsa “wa nganga o buelela.”
Seheb., “ke go direla tetlanyo.”