Hosea 12:1-14

  • Eferaime o tshwanetse go boela kwa go Jehofa (1-14)

    • Jakobe o sokasokana le Modimo (3)

    • Jakobe o ne a lela gore Modimo a mo segofatse (4)

12  “Eferaime o iphepa ka phefo. O lelekisa phefo ya botlhaba letsatsi lotlhe. O anamisa maaka le thubakanyo. O dira kgolagano le Asiria,+ e bile o tsaya leokwane kwa Egepeto.+   Jehofa o tla sekisa Juda;+O tla otlhaya Jakobe go dumalana le ditsela tsa gagwe,E bile o tla mo duela go dumalana le ditiro tsa gagwe.+   Fa a ne a le mo popelong, o ne a tshwara morwarraagwe ka serethe,+E bile o ne a sokasokana le Modimo ka maatla otlhe a gagwe.+   O ne a nna a sokasokana le moengele mme o ne a fenya. O ne a lela a bo a kopa gore a mo segofatse.”+ Modimo o ne a mo fitlhela kwa Bethele, mme o ne a bua le rona gone koo,+   Jehofa, Modimo wa masomosomo,+Jehofa ke leina le a gopolwang ka lone.+   “Ka jalo, boela kwa Modimong wa gago,+Tswelela o na le lorato lo lo sa kgaotseng le tshiamiso,+Mme o solofele mo Modimong wa gago ka metlha.   Mo seatleng sa mogwebi go na le dikale tsa tsietso;O rata go tsietsa.+   Eferaime o nna a re, ‘Eleruri ke humile;+Ke na le dikhumo.+ E bile mo dilong tsotlhe tse ke di bereketseng ka natla, ga ba kitla ba fitlhela sepe se se phoso kgotsa boleo bope.’   Mme nna Jehofa, ke Modimo wa gago, go tloga* ka nako ya fa o ne o sa ntse o le kwa lefatsheng la Egepeto.+ Ke tla dira gore o nne mo ditenteng gape Fela jaaka mo malatsing a nako e e tlhomilweng.* 10  Ke ne ka bua le baporofeti,+Ke ne ka dira gore diponatshegelo tsa bone di nne dintsi,E bile ke ne ka bua ka ditshwantsho ke dirisa baporofeti. 11  Go ne go na le tsietso* le maaka mo Gileade.+ Ba ntshitse ditlhabelo tsa dipoo mo Gilegala,+E bile dibeso tsa bone di tshwana le mokoa wa maje mo meseleng ya tshimo.+ 12  Jakobe o ne a tshabela kwa nageng* ya Arame,*+Iseraele+ o ne a direla gone koo gore a bone mosadi,+E bile o ne a disa dinku gore a bone mosadi.+ 13  Jehofa o ne a ntsha Iseraele kwa Egepeto a dirisa moporofeti,+E bile o ne a dirisa moporofeti gore a mo dise.+ 14  Eferaime o ne a nkgalefisa thata;+Molato wa gagwe wa madi o tla nna o le mo go ene;Morena wa gagwe o tla mo naya tuelo ya kgobo e a mo tliseditseng yone.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa gongwe “a moletlo.”
Kgotsa “fa e sa le.”
Kgotsa “maatla a masaitseweng; boselamose.”
Seheb., “kwa tshimong.”
Kgotsa “Siria.”