Hosea 3:1-5

  • Hosea o rekolola mosadi wa gagwe yo o dirileng boaka (1-3)

  • Iseraele o tla boela kwa go Jehofa (4, 5)

3  Go tswa foo, Jehofa o ne a nthaya a re: “Tsamaya gape, mme o rate mosadi yo o ratiwang ke monna yo mongwe e bile a dira boaka,+ fela jaaka Jehofa a rata batho ba Iseraele+ le fa ba retologela kwa medimong e mengwe+ e bile ba rata dikuku tsa morara* o o swabisitsweng.”*  Ka jalo, ke ne ka mo ithekela ka dishekele tsa selefera di le 15 le ka barele* ya selekanyo sa dikilogerama di le 195.*  Foo ke ne ka mo raya ka re: “O tla tswelela o le wa me malatsi a le mantsi. O se ka wa dira boaka,* e bile o se ka wa tlhakanela dikobo le monna yo mongwe, mme le nna ga nkitla ke tlhakanela dikobo le wena.”  Gonne batho ba Iseraele ba tla nna lobaka lo loleele* ba se na kgosi,+ ba se na kgosana, ba se na setlhabelo, ba se na pilara, ba se na khiba+ le difikantswe tsa terafime.*+  Morago ga moo, batho ba Iseraele ba tla leka go boela kwa go Jehofa, Modimo wa bone+ le Dafide kgosi ya bone,+ mme kwa bokhutlong jwa malatsi ba tla tla kwa go Jehofa ba roroma gore ba bone bomolemo jwa gagwe gape.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Go tewa tse di dirisiwang mo kobamelong ya maaka.
Semela se se tshwanang le korong.
Seheb., “sa homere le halofo.” Bona Dintlha B14.
Kgotsa “wa dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.”
Seheb., “malatsi a le mantsi.”
Kgotsa “medimo ya lelapa; medingwana.”