Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2015

Bala ka tiro e Basupi ba ga Jehofa ba e fitlheletseng ka 2014 le ka hisitori ya bone kwa Dominican Republic.

Temana ya Ngwaga ya 2015

Temana ya rona ya ngwaga ke Pesalema 106:1: “Ntshetsang Jehofa ditebogo, gonne o molemo.”

Lekwalo le le Tswang Kwa Setlhopheng se se Laolang

Setlhopha se se Laolang se leboga bakaulengwe mo lefatsheng lotlhe ka ntlha ya tiro ya bone ya go nna le tumelo, tiro ya bonatla ya lorato le go nna le boitshoko.

Tiro e Gatetse Pele Kwa Warwick

Bona gore bakaulengwe ba itumela jang fa ba direla kwa ntlokgolong e ntšha ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa.

Lefapha la Lefatshe Lotlhe la go Tlhama Dipolane Le la Go Aga

Lefapha leno le lesha le na le tiro e ntsi ya go akofisa diporojeke tsa kago di feta 13 000.

Baebele e e Diretsweng go Nnela Ruri

Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo e e tlhabolotsweng ya 2013 ya Seesemane e a kgatlha e bile e diretswe go nnela ruri.

Pokano e Kgolo go Gaisa Tsotlhe Tsa Basupi ba ga Jehofa

Batho ba le bantsi ba ne ba nna gone kwa pokanong ya bo129 ya Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania.

Lekala la Sri Lanka le a Neelwa

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba kgona go bonana le go utlwana ka bidio.

Pego ya Tsa Molao

Basupi ba ga Jehofa ba sa ntse ba lwela tshwanelo ya bone ya kgololesego ya go obamela.

Dipego—Dikgang go Tswa mo Lefatsheng Lotlhe

Ke eng se se dirileng gore basetsanyana ba kwa Georgia ba ntshe moneelo ka madi a ba neng ba batla go reka founo ka one?

“Re Bone Dilo Tse di sa Tlwaelegang”

Re ka bapisa jang ditiragalo tsa motlha ono le dikgakgamatso tsa ga Jesu?

Afrika

Bala dintlhakgolo tsa tiro ya go rera ya Basupi ba ga Jehofa ka 2014 kwa Afrika Borwa, Angola, Congo (Kinshasa), Ghana le Nigeria.

Dinaga Tsa Amerika

Bala dintlhakgolo tsa tiro ya go rera ya Basupi ba ga Jehofa ka 2014 kwa Argentina, Brazil, Haiti, Paraguay le Suriname.

Asia le Botlhabagare

Bala dintlhakgolo tsa tiro ya go rera ya Basupi ba ga Jehofa ka 2014 kwa Indonesia, Mongolia, Philippines le naga e nngwe ya Asia.

Yuropa

Bala dintlhakgolo tsa tiro ya go rera ya Basupi ba ga Jehofa ka 2014 kwa Bulgaria, Finland, Jeremane, Romania, Russia, Spain le Sweden.

Oceania

Bala dintlhakgolo tsa tiro ya go rera ya Basupi ba ga Jehofa ka 2014 kwa Kiribati, Marshall Islands, Papua New Guinea le Vanuatu.

Tlhaloso e Khutshwane ka Dominican Republic

Bala dintlha ka bokhutshwane ka naga eno le ka batho ba yone.

Tiro ya go Rera e a Simologa

Barongwa ba ntlha mo Dominican Republic ba tsere lobaka lo lo kae go simolola thuto ya Baebele?

“Re Tla Kopana le Bone”

Morago ga dingwaga di le 13, Pablo González o ne a bona batho ba a sa bolong go ba batla.

Ba Kwa Kgolegelong Mme Ga ba A Letlelelwa go Rera

Basupi bangwe ba kgonne jang go itshokela go tshwarwa makgwakgwa kwa kgolegelong?

Ba Tswelela ka go Rera

Go na le gore baboledi ba bege maeto a go boela le diura, ba ne ba bega lenaane la korosari le le akaretsang dikhabetšhe le sepinatšhe.

Ba Golotswe Ba bo Ba Tshwarwa Gape

Ka 1956, morago ga dingwaga di le thataro, thibelo ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya tlosiwa mme morago ga dikgwedi di le 11, ba thibelwa gape.

Kereke ya Katoliki le Trujillo

Kereke e ne e sa bolo go ema Trujillo nokeng mme e ne ya fetola tsela e e neng e dirisana le ene ka yone mme ya kopa maitshwarelo mo bathong ba Dominican.

Ba Tlhaselwa Setlhogo

Basupi ba ne ba le mo kotsing ya mmatota, a mme gone ba ne ba tshogile?

Moeteledipele ke Mang?

Go ne go dirisiwa motšhine wa mimeograph, thini, kgetsana le cassava go gatisa le go anamisa dikgatiso ka nako ya fa tiro e thibetswe.

Kotsi ya go Tshwarwa

Le fa dipokano tsa bone di ne di thibetswe, Basupi kwa Dominican Republic ba ne ba tla ka ditsela tse di botlhale tsa go dira gore ba se ka ba tshwarwa.

Boitshoko bo Tlisa Kgololo

Morago ga dingwaga tsa go ganediwa ke puso, Basupi ba kwa Dominican Republic ba ne ba gololwa ke mongwe yo ba neng ba sa mo solofela.

“Ke ne Ka Lwa Jaaka Tau”

Luis Eduardo Montás, yo o neng a leka ka makgetlo a mabedi go bolaya mmusaesi wa naga, o ne a bona boammaaruri jwa Baebele fa a ntse a batla thuso ya go tswelela ka leano la gagwe.

“Go Solofela Bogosi Ga se Go Ijesa Dijo Tsa Ditoro”

Efraín De La Cruz o ne a tshwarwa mme a itewa setlhogo mo dikgolegelong di le supa ka ntlha ya go rera dikgang tse di molemo. O kgonne jang go nna a tlhagafetse ka dingwaga di feta 60?

“Ke Tla Tswelela ke le Mosupi wa ga Jehofa”

Moruti o ne a raya Mary Glass a re o tla tsenwa fa a ka bala Baebele mme o ne a e bala fela a bo a lemoga gore ke eng fa go ne go twe a se ka a e bala.

Kgololesego ya go Rera

Fa Trujillo a sena go bolawa, go ne ga tla barongwa ba bangwe mme ba simolola go rera. Ka iketlo, ba ne ba kgona go dira gore Basupi ba ga Jehofa ba se ka ba tlhola ba kgethololwa.

Ba Tlile go Nnela Ruri

Tiro ya go rera e ne ya gatela pele le fa maemo a sepolotiki a ne a sa iketla. Ke eng se se neng se bontsha gore Basupi “ba tlile go nnela ruri” kwa Dominican Republic?

Go Tlhokega Bareri ba ba Oketsegileng

Hisitori ya batho ba ga Jehofa kwa Dominican Republic e ne e tla bo e sa felela fa e sa akaretse Basupi ba le bantsi ba ba neng ba fudugela teng go ya go rera.

Ba Rata Bakaulengwe ba Bone

Basupi ba thusitse ba le bantsi ka lorato morago ga gore Kgwanyape ya Georges e ripitle Dominican Republic ka 1998 mme seno se ne sa dira gore Jehofa Modimo a bakwe.

Koketsego Kwa Dominican Republic

Fa palo ya Basupi e ntse e oketsega, ba ne ba dira jang gore go nne le dikago tse di lekaneng tsa kobamelo le bakaulengwe ba ba tshwanelegang go ka etelela pele?

Go Rera mo Tshimong ya Se-Creole

Basupi ba ga Jehofa ba rerela batho ba ba buang Se-Creole. Mme seno se dirile gore go tlhomiwe diphuthego le ditlelase tsa Se-Creole.

Thoromo ya Lefatshe Kwa Haiti

Ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa ya Dominican Republic e ne ya romela thuso ya namolo kwa Haiti morago ga thoromo ya lefatshe ya 2010. Baithaopi ba le bantsi ba ne ba tla go thusa.

Isagwe e e Itumedisang

Go rera le go dira barutwa mo Dominican Republic e nnile namane e tona ya tiro fa e sa le ka 1945. Go lebega ba le bantsi ba tla amogela boammaaruri.

Jehofa o Gogetse Batho ba le Bantsi mo Boammaaruring

Fa Leonardo Amor a direla kwa La Vega, ga go na ope yo o neng a kgatlhegela boammaaruri. A seno se ne se tla tsamaya se fetoga?

Batho ba le 22 ba Tlogetse Kereke

Go ne gotwe Basupi ba ga Jehofa ba ruta batho ‘dithuto tsa ga Diabolo.’ Mme gone, Basupi ba ne ba dirisa Baebele go naya batho dikarabo tse di kgotsofatsang.

Molatolamodimo e Nna Motlhanka wa Modimo

Juan Crispín e ne e le molatolamodimo yo o neng a dumela gore lefatshe le tlhoka diphetogo tse dintsi gore le tokafale. Ke eng se se dirileng gore a dumele mo Modimong?

Motho wa Ntlha go Amogela Boammaaruri a sa Utlwe mo Ditsebeng

José Pérez ke motho wa ntlha kwa Dominican Republic go nna Mosupi a sa utlwe. O ne a kgona jang go tlhaloganya boammaaruri?

O Bone Botshelo jo bo Nang le Bokao

José Estévez le lelapa la gagwe ba tshela botshelo jo bo nang le bokao. Ba ile ba bona jang gore Jehofa o diragatsa ditsholofetso tsa gagwe?

Ke Batlile ke Tlogela Modimo

Le fa Martín Paredes a ne a ithutela boruti, o ne a batla go tlogela Modimo. O ne a fetolwa jang ke buka e a neng a e adimilwe?

Dingwaga di le Lekgolo Tse di Fetileng—1915

Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itshokela jang diteko morago ga 1914?