Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

DINTLHAKGOLO TSA NGWAGA O O FETILENG

Baebele e e Diretsweng go Nnela Ruri

Baebele e e Diretsweng go Nnela Ruri

BASUPI BA GA JEHOFA ba rata Baebele go feta buka epe fela. Re ithuta Baebele ka metlha e bile re e dirisa go ruta ba bangwe dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo. (Math. 24:14) Ke gone ka moo bakaulengwe ba ileng ba dira maiteko a magolo go tlhomamisa gore Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo ya Seesemane e e tlhabolotsweng ya 2013, e tla kgatlha le gore e tla nnela ruri.

Fa bakaulengwe ba ba dirang kwa bogatisetsong jwa rona kwa Wallkill, New York, U.S.A. ba ne ba buisana le moeteledipele wa khampani nngwe ya dibuka ka tsela e ba batlang Baebele e lebega ka yone, o ne a ba raya a re: “Ga go kgonege gore re ka dira Baebele e lo e batlang. Go utlwisa botlhoko gore Dibaebele tse dintsi di diretswe go kgabisa kgotsa go bewa fela mo shelofong—ga di a direlwa go nna lobaka lo loleele.”

Dikgatiso dingwe tsa ntlhantlha tsa Thanolo ya Lefatshe le Lesha di ne tsa onala ka bonako. Ka jalo, bakaulengwe ba ne ba sekaseka dikhabara, dikgomaretsi le mekgwa ya go kopanya dibuka gore ba dire Baebele e e tla emelanang le maemo mangwe le mangwe. Go tswa foo, ba ne ba dira Dibaebele di le mmalwa mme ba di romelela Basupi ba ba nnang mo dinageng tse di nang le maemo a bosa a a tsididi thata le a a mogote thata gore ba di lekeletse.

Morago ga dikgwedi tse thataro, Dibaebele tseo di ne tsa busiwa gore di tlhatlhobiwe. Bakaulengwe ba ba berekang kwa bogatisetsong ba ne ba tokafatsa mo go tlhokegang teng mme ba romela Dibaebele tse dingwe gore di lekelediwe gape. Dibaebele tsotlhe tse di neng tsa lekelediwa di ne di feta 1 690. Dingwe tsa tsone di ne tsa senyega ka ntlha ya maemo a a sa lebelelwang. Ka sekai, Baebele e nngwe e ne ya gatwa ke koloi, e nngwe e ne ya nelwa ke pula bosigo jotlhe mme e nngwe yone e ne ya nwela mo morwaleleng o o neng o bakilwe ke setsuatsue.

Ka 2011, fa Dibaebele di ntse di lekelediwa, re ne ra reka metšhine e mesha e e kopanyang dibuka ka lobelo lo lo kwa godimo gore e dirisiwe kwa bogatisetsong jwa kwa Wallkill le jwa kwa Ebina, Japane. Mokgele wa rona e ne e se fela go fitlhelela palo ya Dibaebele tse di neng di tla tlhokega fa di gololwa mme gape e ne e le go gatisa Dibaebele tse di tshwanang mo mafelong oomabedi.

Dikhabara Tse di Obegang

Dikhabara tsa ntlha di ne tsa obega

Mo masimologong a 2012, magatisetso ano a mabedi a ne a simolola go dirisa khabara e ntšha go gatisa Baebele ya 1984 ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Seesemane. Le fa go ntse jalo, metšhini eno e mesha e ne e dirisa sekgomaretsi le letsela le le ngaparediwang mo teng ga khabara (liner), tse di neng di sa lekelediwa, mme ba ne ba lemoga gore dikhabara tseo di ne di obega thata. Ka jalo, re ne ra emisa go di gatisa.

Badiri ba sengwe sa didirisiwa tseno ba ne ba re go obega gono ke bothata jo bo tlwaelegileng mo madirelong a dibuka e bile bo ka se rarabologe. Bakaulengwe ga ba a ka ba itlhoboga, go na le moo ba ne ba ikemiseditse go gatisa Baebele ya khabara e e obegang e e neng e tla lebega sentle. Morago ga dikgwedi di ka nna nnè go ntse go lekelediwa dikgomaretsi le di-liner tse di farologaneng, ba ne ba bona tse di tla dirang gore ba tswelele ka go gatisa Dibaebele tsa dikhabara tse di obegang mme gone di sa senyege.

Motšhine o o kopanyang dibuka kwa Wallkill

Go ne go rulagantswe gore Thanolo ya Lefatshe le Lesha e gololwe ka October 5, 2013, kwa pokanong ya ngwaga le ngwaga ya Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania. Ka Labotlhano, August 9, 2013, go ne ga romelwa difaele tsa ileketeroniki tse di nang le tshedimosetso ya Baebele e ntšha kwa magatisetsong mme a ne a simolola go gatisa mo letsatsing le le latelang. Ba ne ba fetsa go gatisa Baebele ya ntlha e e feletseng ka August 15. Mo dibekeng di le supa tse di neng tsa latela, ba ba berekang kwa magatisetsong a Wallkill le Ebina ba ne ba bereka bosigo le motshegare ba gatisa le go romela Dibaebele di feta 1 600 000, e leng palo e e neng e lekane gore mongwe le mongwe yo o neng a tla nna gone kwa pokanong eo a kgone go amogela khopi ya gagwe.

Le fa gone Baebele eno e le ntle e bile e diretswe go nnela ruri, molaetsa wa yone o o nayang botshelo ke one o kgatlhang le go feta. Kgaitsadi mongwe kwa United States o ne a kwala jaana letsatsi fela a sena go amogela Baebele ya gagwe e ntšha: “Jaanong ke kgona go tlhaloganya Baebele botoka.”