Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

DINTLHAKGOLO TSA NGWAGA O O FETILENG

“Re Bone Dilo Tse di sa Tlwaelegang”

“Re Bone Dilo Tse di sa Tlwaelegang”

Mokaulengwe yo o sa boneng a kolobediwa

NAKO nngwe fa Jesu a sena go fodisa monna yo o suleng ditokololo, ‘botlhe fela ba ne ba tlhapelwa ke boitumelo, ba simolola go galaletsa Modimo, mme ba tlala poifo, ba re: “Re bone dilo tse di sa tlwaelegang gompieno!”’ (Luke 5:25, 26) Gompieno, Jehofa Modimo o dirisa Morwawe yo o rategang, motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale le baobamedi ba gagwe ba ba ikanyegang go diragatsa maikaelelo a gagwe. Mme seno se dira gore le rona re re: “Re bone dilo tse di sa tlwaelegang.”