Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

DOMINICAN REPUBLIC

Boitshoko bo Tlisa Kgololo

Boitshoko bo Tlisa Kgololo

Go Rera ka Botlhale

Rafael Pared, o direla kwa Bethele le mosadi wa gagwe e bong Francia. Rafael o ne a nna mmoledi ka 1957 a le dingwaga di le 18. O sa ntse a gopola nako ya fa a ne a ile go rera a setswe morago ke lepodise le le direlang mo sephiring le le neng le batla go mo tshwara mmogo le ba a neng a rera le bone. Rafael a re: “Ka dinako tse dingwe, re ne re patelesega go sia re tlola magora gore re se ka ra tshwarwa.” Andrea Almánzar o tlhalosa jaana ka se ba ileng ba se dira gore ba se ka ba tshwarwa: “Re ne re tshwanetse go nna botlhale. Fa re le mo bodireding re ne re tsena mo ntlong ya ntlha re bo re tlola a le lesome pele re ka tsena mo go ya bobedi.”

Kgabagare ba a Gololwa!

Ka 1959, Trujillo o ne a na le dingwaga di ka nna 30 a ntse a busa mme maemo a sepolotiki a ne a fetoga. Ka June 14, 1959, Ba-Dominican ba ba neng ba tshabetse kwa dinageng tse dingwe ba ne ba tla go tlhasela Dominican Republic gape, ka maikaelelo a go menola puso ya ga Trujillo. Maiteko a bone a ile a itaya se fololetse mme balogamaano bano ba ile ba bolawa, ba bangwe ba isiwa kgolegelong. Batho ba le bantsi ba ba neng ba sa rate puso ya ga Trujillo ba ne ba dumela gore ba ka menola puso eno, ka jalo ba tswelela ba eme kgatlhanong le Trujillo.

Kereke ya Katoliki e ne e na le dingwaga di le dintsi e dirisana le puso ya ga Trujillo mme ka January 25, 1960 e ne ya kwalela baruti lekwalo le le kgatlhanong le go gatakwa ga ditshwanelo tsa batho. Rahisitori wa Mo-Dominican e bong Bernardo Vega a re: “Kereke e ne ya patelesega go ema kgatlhanong le Trujillo ka ntlha ya ditlhaselo tsa June 1959, go gatelelwa ga batho ba ba nnileng le seabe mo letsholong leno le lekoko le le neng la tswelela ka go ganetsa puso mo sephiring.”

Se se itumedisang ke gore ka May 1960, puso e ne ya tlogela go thibela Basupi ba ga Jehofa. Morago ga dingwaga tse dintsi tsa go thibelwa, kgololo e ne ya tla ka mongwe yo ba neng ba sa mo solofela—Trujillo ka sebele—morago ga gore a tlhobogane le Kereke ya Katoliki.