Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

DOMINICAN REPUBLIC

Ba Golotswe Ba bo Ba Tshwarwa Gape

Ba Golotswe Ba bo Ba Tshwarwa Gape

Kgololesego e e Neng e sa Lebelelwa

Manuel Hierrezuelo, yo o bolailweng ka nako ya fa a botsolodiwa ke balaodi

Ka nako ya fa tiro ya go rera e ne e thibetswe, Lennart le Virginia Johnson le Roy le Juanita Brandt ba ne ba tswelela ka kabelo ya bone ya borongwa. Lennart a re: “Nna le Roy Brandt re ne ra bilediwa go ya go botsolotswa. Badiredi ba puso ya ga Trujillo ba ne ba kile ba kopa Mokaulengwe Manuel Hierrezuelo gore a tle kwa go bone.” Manuel o ne a bolawa ka nako ya potsolotso mme o ile a boloka bothokgami jwa gagwe go fitlha a swa. Ka jalo, go ne ga diragalang ka Lennart le Roy? Lennart o tswelela ka go re: “Fa re goroga ba ne ba re kgaoganya gore ba re botsolotse mme ba rekota dikarabo tsa rona. Ga go a ka ga direga sepe mo nakong eo mme morago ga dikgwedi tse pedi lokwalodikgang lo ne lwa itsise gore puso ya ga Trujillo ga e sa tlhole e thibetse Basupi ba ga Jehofa le gore re ka tswelela ka ditiro tsa rona.”

Pele ga Basupi ba thibelwa ka 1950, baboledi ba le 261 ba ne ba nna le seabe mo tirong ya go rera mo Dominican Republic. Fa thibelo e sena go tlosiwa ka August 1956, go ne go na le baboledi ba le 522 ba ba rerang dikgang tse di molemo. Morago ga dingwaga di le thataro tsa go nna ba isiwa kgolegelong, ba thibelwa le go nna ba tlhomilwe leitlho, bakaulengwe ba ne ba itumelela go utlwa gore ba gololesegile go rera phatlalatsa.

Batho ba ga Jehofa ba ne ba tsibogela jang tiragalo eno e ba neng ba sa e lebelela? Kwantle ga go okaoka ba ne ba simolola go rulaganya tiro gape! Ba ne ba senka mafelo a go kopanela, ba dira dimmapa tse disha tsa tshimo le difaele tse disha tsa phuthego. Bakaulengwe ba ne ba itumelela gore ba kgona go otara le go amogela dikgatiso. Ba ne ba dirisa kgololesego ya bone ya go rera ka botlalo mme morago ga dikgwedi di le tharo fela, ka November 1956, baboledi ba le 612 ba ne ba nna le seabe mo tirong ya go rera.

Letlhoo la Baruti

Memorantamo wa ga Toledano o o neng o bua ka ditsela tsa go thibela dikgatiso tsa rona mo nageng

Le fa go ntse jalo, baruti ba Katoliki ga ba a ka ba okaoka go senya Basupi leina. Ba ne ba dirisa tumalano e Trujillo a e saenileng le Vatican go tlhotlheletsa puso gore e fedise Basupi. Moruti wa Katoliki e bong Oscar Robles Toledano o ne a romelela Virgilio Álvarez Pina, Mokwaledi wa Selegae, memorantamo a kopa gore puso e mo eme nokeng mo maitekong a gagwe a go “tlhagisa Ba-Dominican ka lekoko le le kotsi la ‘Basupi ba ga Jehofa’.”

Toledano o ne a tlhalosa gore boikaelelo jwa gagwe jo bogolo ke “go kgoba Basupi marapo mo tirong ya bone ya go sokolola batho.” Gape memorantamo wa ga Toledano o ne o kgothaletsa gore dikgatiso tsa rona di se ka tsa letlelelwa mo Dominican Republic, “segolobogolo buka ya ‘The Truth Shall Make You Free’ le makasine wa Tora ya Tebelo.”

Ba Thibetswe Gape

Baeteledipele ba bodumedi ba ne ba dirisana le maloko mangwe a puso ya ga Trujillo go tlhasela Basupi. Ka June 1957, poresidente ya Lekoko la Dominican, Francisco Prats-Ramírez, o ne a kwalela Trujillo memorantamo a re: “Ke rulaganya motseletsele wa dikopano gore re batle ditsela tsa go fedisa ditiro tse di kotsi tsa Basupi ba ga Jehofa le mokgwa wa bone wa go nna kgatlhanong le ditiro tsa setšhaba.”

Letsholo leno la go latofatsa Basupi le ne la atlega ka bonako fela jaaka go tlhalositswe mo bukeng ya Trujillo—Little Caesar of the Caribbean: “Mo dikgweding tsa selemo ka 1957, baanamisi ba dikgang ba ne ba gatisa motseletsele wa ditatofatso tse di builweng ke balaodi ba Puso ka Basupi ba ga Jehofa ba re ditiro tsa bone di ‘kgatlhanong le puso e bile di kotsi.’ Motseletsele ono o ne wa simololwa ke moruti wa Mojesuite e bong Mariano Vásquez Sanz yo o neng a latofatsa lekoko la Basupi mo radiong ya ga Trujillo, La Voz Dominicana [Lentswe la Dominican], a re ke batlhanka ba Bokomonise e bile ba ‘ditlhogodithata, ke maferefere, ke dikebekwa e bile ba kgatlhanong le puso.’ Go tswa foo, go ne ga kwalwa lekwalo mme la saeniwa ke Bobishopo ba bagolo e bong Ricardo Pittini le Octavio Antonio Beras, mme la romelelwa baruti gore ba sireletse maloko a dikereke tsa bone mo ‘bakgeloging’ bano.”

Kereke le Puso di ne tsa fitlhelela maikalelo a tsone. Ka July, Kongerese ya Dominican Republic e ne ya tlhoma molao o o neng o thibela Basupi ba ga Jehofa. Go ise go ye kae, bakaulengwe ba rona ba ne ba itewa ba bo ba tshwara makgwakgwa ke mapodise. Basupi ba ka nna 150 ba ne ba felela ba tshwerwe.