Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

DOMINICAN REPUBLIC

Kgololesego ya go Rera

Kgololesego ya go Rera

Trujillo o a Bolawa

Ka 1960, bobusaesi jwa ga Trujillo bo ne jwa simolola go tshwaiwa phoso ke dinaga tse dingwe e bile bo ganediwa ke ba ba mo nageng ya gagwe. Fa dikgotlhang tseno tsa dipolotiki di ntse di tsweletse, Milton Henschel go tswa kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe, o ne a etela Dominican Republic a bo a ya kopanong ya malatsi a le mararo ka January 1961. Go ne go tlile batho ba le 957 mme go ne ga kolobediwa ba le 27. Gape Mokaulengwe Henschel o ne a thusa bakaulengwe go rulaganya tiro ya go rera le go dira dimmapa tsa tshimo.

Balebedi ba babedi ba potologo, Enrique Glass le Julián López, ba ne ba simolola go etela diphuthego. Julián a re: “Potologo ya me e ne e akaretsa diphuthego tse pedi tsa kwa botlhaba jwa naga le diphuthego tsotlhe tsa kwa bokone. Potologo ya ga Enrique e ne e akaretsa diphuthego tsotlhe tsa kwa botlhaba le borwa.” Maeto ao a ne a thusa baboledi gore ba kgone go ikgolaganya le phuthego ya Modimo gape le go aga bokaulengwe.

Salvino le Helen Ferrari ba ya Dominican Republic ka 1961

Salvino le Helen Ferrari, baalogi ba tlelase ya bobedi ya Gileade, ba ne ba goroga ka 1961. Maitemogelo a bone a go nna barongwa kwa Cuba a ile a thusa fela thata mo tirong ya go rera mo Dominican Republic. Salvino o ne a direla mo Komiting ya Lekala go fitlha a tlhokafala ka 1997. Helen o na le dingwaga di le 79 a le mo tirelong ya nako e e tletseng mme o feditse bontsi jwa nako eo e le morongwa.

Ka May 30, 1961, puso e e setlhogo ya ga Trujillo e ne ya fedisiwa fa babolai ba gagwe ba ne ba thuntshakaka koloi ya gagwe. Tiragalo eno e diragetse fa boora Ferrari ba sena go goroga. Le fa Trujillo a bolailwe, seno ga se a ka sa tokafatsa maemo a sepolotiki, go na le moo, dintwa le dikhuduego di ne tsa tswelela mo nageng ka dingwaga di se kae.

Tiro ya go Rera e Gatela Pele

Fa nako e ntse e ya, barongwa ba ba oketsegileng ba ne ba goroga. Malatsi a le mabedi Trujillo a sena go bolawa, William Dingman wa tlelase ya ntlha ya Gileade le mosadi wa gagwe Estelle, mmogo le Thelma Critz le Flossie Coroneos, ba ile ba romelwa mo Dominican Republic ba tswa kwa Puerto Rico. William o ne a re: “Fa re goroga go ne go na le dikhuduego e bile go na le masole gongwe le gongwe. Go ne go na le poifo ya gore puso e tla menolwa, ka jalo masole a ne a phuruphutsa mongwe le mongwe mo tseleng. Re ne ra emisiwa ka makgetlonyana gore dithoto tsa rona di phuruphutsiwe. Go ne ga ntshiwa sengwe le sengwe mo disutukheising tsa rona, tota le dilwana tse dinnye thata.” E ne e le kgwetlho go rera mo maemong a a sa iketlang a sepolotiki.

Thelma Critz, Estelle le William Dingman morago ga dingwaga di le 67 e le barongwa mo Dominican Republic

William o ne a re: “Ka nako ya bobusaesi jwa ga Trujillo, batho ba ne ba boleletswe gore Basupi ba ga Jehofa ke Bakomonise le gore ga ba a siama gotlhelele. . . . Ka iketlo, re ne ra kgona go dira gore ba se ka ba tlhola ba re kgetholola.” Batho ba le bantsi ba ba peloephepa ba ne ba amogela molaetsa wa Bogosi ka ntlha ya go bo tiro e ile ya tsosolosiwa. Fa ngwaga wa tirelo wa 1961 o ya fifing, go ne go na le babulatsela ba ba kgethegileng ba le 33 mo Dominican Republic.