Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

DOMINICAN REPUBLIC

Moeteledipele ke Mang?

Moeteledipele ke Mang?

‘Phuthego E e Se Nang Tlhogo’

Ka July 13, 1957, Colón o ne a kwalela mokwaledi wa puso jaana: “Polelwana nngwe ya bogologolo e e itsegeng thata ya re, ‘Noga e bolawa ka go itewa mo tlhogong.’ Tsela ya go nyeletse Basupi ba ga Jehofa mo nageng ke ka go tlosa barongwa ba bone. Seno se tla dira gore phuthego eno e tshwane le noga e e se nang tlhogo, mme fa ba se na tlhogo ga go na kwa ba ka yang teng.”

Morago ga moo, Mokwaledi wa Polokesego, Arturo Espaillat o ne a ntsha taelo ya gore barongwa ba ba setseng ba ba lesome ba tswe mo nageng. Ka July 21, 1957, Roy Brandt o ne a kwalela Trujillo a kopa gore ba kopane gore a kgone go mo tlhalosetsa seemo sa Basupi. Karolo nngwe ya lekwalo leno e ne e re: “Letlhoo le le tlhotlhelediwang ke batho bangwe mo nageng eno kgatlhanong le leina la ga Jehofa Modimo, le tshwana fela le letlhoo le le neng le tlhotlhelediwa ke batho ba ba neng ba boleletswe maaka ka baaposetoloi ba ga Jesu.” Go tswa foo, Mokaulengwe Brandt o ne a kgothaletsa Trujillo gore a bale Ditiro kgaolo 2 go fitlha ka 6 mme a bo a tlhalosa jaana: “Kgakololo e e neng e utlwala e bile e tlhamaletse ya ga Moatlhodi Gamaliele e sa ntse e dira le gompieno.” Morago ga moo, Mokaulengwe Brandt o ne a nopola Ditiro 5:38, 39 ka ditlhaka tse di kgolo a re: “TLOGELANG BANNA BANO KA GONNE FA E LE GORE TIRO YA BONE BA E NEILWE KE MODIMO, LO KA IPHITLHELA LO LWANTSHANA LE MODIMO.” Mme boikuelo jwa gagwe bo ne jwa itlhokomolosiwa. Ka August 3, 1957, barongwa ba ne ba isiwa kwa boemafofaneng mme ba ntshiwa mo nageng.

‘Jesu ke Tlhogo’

Donald Nowills o ne a le dingwaga di le 20 fa a okametse lekala

E re ka barongwa ba ne ba tsamaile go ne go tla diragalang ka bakaulengwe le bokgaitsadie ba Ba-Dominican? A ba ne ba tla sala ‘ba se na tlhogo’ fela jaaka Colón a boletse? Boammaaruri ke gore Jesu “ke tlhogo ya mmele, e leng phuthego.” (Bakol. 1:18) Ka jalo, batho ba ga Jehofa mo Dominican Republic ba ne ba sa ntse ba na le “tlhogo.” Ba ne ba tswelela ba tlhokomelwa ke Jehofa le phuthego ya gagwe.

Fa barongwa ba sena go fudusiwa, Donald Nowills yo o neng a na le dingwaga di le 20 e bile a na le dingwaga di le nnè a kolobeditswe, o ne a newa kabelo ya go okamela lekala. O ne a kile a nna molebedi wa potologo dikgwedi di le mmalwa fela mme tiro ya gagwe kwa lekaleng e ne e le selo se sesha mo go ene. Mokaulengwe Nowills o ne a na le ofisi e nnye mo ntlong ya gagwe. Ntlo ya gagwe e ne e dirilwe ka logong, e ruletswe ka disenke mme e na le boalo jo bo sa dilwang. O ne a nna kwa Gualey, karolo e e kotsi thata ya Ciudad Trujillo. Félix Marte o ne a mo thusa go gatisa dikhopi tsa Tora ya Tebelo tse di neng di tla anamisiwa mo nageng yotlhe.

Khopi ya Tora ya Tebelo ya 1958 e e dirilweng ka mimeograph

Mary Glass le ene o ne a thusa Mokaulengwe Nowills go gatisa dimakasine. Ka nako eo monna wa gagwe e bong Enrique, o ne a le kwa kgolegelong. Mary o tlhalosa jaana: “Ke ne ke tswa ka 5:00 p.m. kwa tirong ya boitshediso ke bo ke ya kwa ofising ya ga Mokaulengwe Nowills go ya go tlanya Tora ya Tebelo. Go tswa foo, Mokaulengwe Nowills o ne a dira dikhopi tse dingwe a dirisa mimeograph. Kgaitsadi mongwe go tswa kwa Santiago, yo re neng re mmitsa ‘moengele’ go latlha motlhala, o ne a tsenya dimakasine mo thining ya merogo. O ne a baya letsela fa godimo ga dimakasine a bo a baya di-cassava, ditapole le digwete fa godimo ga letsela. Go tswa foo, a bo a baya kgetsana fa godimo ga merogo. Fa a sena go paka thini ya gagwe, o ne a tsamaya ka sepalanngwa sa botlhe a ya kwa bokone jwa naga a isa khopi kwa phuthegong nngwe le nngwe. Malapa a ne a refosana ka go adima khopi eno gore a tle a kgone go ithuta mmogo.”

Mary o tswelela ka go re: “Re ne re tshwanelwa ke go nna kelotlhoko ka gonne badiredi ba puso ba ne ba le gongwe le gongwe, ba batla kwa Tora ya Tebelo e gatisiwang teng. Mme ga ba a ka ba go bona. Jehofa o ne a nna a re sireleditse.”