Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

DOMINICAN REPUBLIC

Motho wa Ntlha go Amogela Boammaaruri a sa Utlwe mo Ditsebeng

José Pérez

Motho wa Ntlha go Amogela Boammaaruri a sa Utlwe mo Ditsebeng
  • O TSHOTSWE KA 1960

  • O KOLOBEDITSWE KA 1982

  • DINTLHA KA GA GAGWE Fa José a le mmotlana, o ne a kgatlhiwa ke boammaaruri ka ntlha ya lorato lwa bakaulengwe le fa go ne go se na ope yo o itseng puo ya diatla.

FA KE sa ntse ke le mmotlana, ke ne ka nna le bothata jwa go se utlwe sentle mme ka ithuta puo ya diatla kwa sekolong sa batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng. La ntlha fa ke kopana le phuthego ya Modimo ke ne ke na le dingwaga di le 11. Ke ne ke laleditswe go ya dipokanong ke lelapa lengwe la Basupi le le nnang gaufi le kwa gae. Le fa ke ne ke sa tlhaloganye se se neng se rutiwa, ke ne ka amogelwa ka lorato ka jalo ka swetsa ka gore ke tla nna ke tla dipokanong. Bakaulengwe ba ne ba tlhola ba ntaletsa gore re ye go itumelela dijo le metshameko.

Ke ne ka nna mmoledi ka 1982 mme ka kolobediwa moragonyana mo go one ngwaga oo. Ka 1984, ke ne ka nyala Eva, yo le ene a sa utlweng. Le fa re ne re sa tlhaloganye Baebele go le kalo, lorato lwa bakaulengwe lo ne lo re bontsha gore eno ke phuthego ya ga Jehofa, mme seno se ne sa dira gore re itumelele go nna mo phuthegong.—Johane 13:35.

Ka 1992, go ne ga nna le thulaganyo ya gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba ithute Puo ya Diatla ya Amerika. Ka bonako, ba ne ba simolola go batla batho ba ba sa utlweng mme ba ba rerela dikgang tse di molemo. Ka 1994, lekala le ne la kopa banyalani ba ba tswang Puerto Rico gore ba tle go ruta bakaulengwe le bokgaitsadi ba le 25 puo ya diatla, mme seno se ne sa tokafatsa bodiredi jwa bone.

Moragonyana mo go one ngwaga oo, nna le Eva re ne ra simolola go kopanela le setlhopha se sesha sa puo ya diatla. Go ya dipokanong tsa puo ya diatla go ne ga re thusa go tlhaloganya dithuto tsa Baebele sentle, tse di jaaka go gwetlhiwa ga bolaodi jwa ga Jehofa ke Satane le ka seabe sa Bogosi jwa ga Mesia mo boikaelelong jwa Modimo.

Ka December 1, 1995, go ne ga tlhomiwa diphuthego tsa Puo ya Diatla ya Amerika kwa Santo Domingo le kwa Santiago. Ka August 2014, go ne go na le diphuthego di le 26 tsa puo ya diatla le ditlhopha di le 18.

Nna le Eva re rutile bana ba rona ba bararo puo ya diatla. Ngwana wa rona wa ntlha e bong Éber, o direla kwa lekaleng la United States mo thanolong ya puo ya diatla. Nna ke motlhanka wa bodiredi mo phuthegong mme Eva ke mmulatsela wa ka metlha.