Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

DOMINICAN REPUBLIC

Thoromo ya Lefatshe Kwa Haiti

Thoromo ya Lefatshe Kwa Haiti

Tshimo ya Se-China e a Gola

Mokaulengwe wa Mo-China e bong Tin Wa Ng o tsholetswe kwa Dominican Republic a bo a golela teng. Batsadi ba gagwe ba ne ba fuduga go tswa kwa China go ya go nna kwa Santo Domingo. O ne a direla kwa Bethele mme ka 2005, lekala le ne la mo tlhoma go nna mmulatsela yo o kgethegileng mo tshimong ya Se-China.

Ka January 1, 2008, go ne ga tlhomiwa phuthego ya Se-China kwa Santo Domingo mme ka 2011 go ne ga nna le setlhopha sa Se-China kwa Santiago. Mo baboleding ba le 70, go na le babulatsela ba ka metlha ba le 36 le babulatsela ba ba thusang ba le mmalwa mme botlhe ba tshwara palogare ya dithuto tsa Baebele di le 76 ka kgwedi.

Go Senka Barutwa ba ba Buang Seesemane

Ka 2007, baboledi ba le 27 466 ba ne ba rera dikgang tse di molemo go tswa mo diphuthegong di le 376 mme ba tshwara dithuto tsa Baebele di le 49 795. Le fa go ntse jalo, batho ba ba buang Seesemane ba ne ba le bantsi mme go ne go se na phuthego ya Seesemane e e ka ba thusang. Ka ntlha ya seno, ka April 2008 lekala le ne la romela barongwa ba babedi, Donald le Jayne Elwell kwa Santo Domingo gore ba ye go simolola setlhopha sa Seesemane. Setlhotswana seno se se matlhagatlhaga se ne sa simolola ka go batla batho ba ba buang Seesemane. Go tswa foo, go ne ga rulaganngwa tshimo sentle gore ba tle ba kgone go rera mo go yone ka botlalo.

Matsapa a bone e ne e se a lefela ka gonne ka July 2009, go ne ga tlhomiwa phuthego ya Seesemane kwa Santo Domingo e e neng e na le baboledi ba le 39. Diphuthego tse dingwe di ne tsa tlhomiwa mo dikarolong tse dingwe tsa naga. Ka November 2011, go ne go na le diphuthego di le supa tsa Seesemane le setlhopha se le sengwe mo Dominican Republic.

Mosadi Yo o Sa Utlweng e Bile a sa Bone o Dira Diphetogo

Mmulatsela yo o kgethegileng o bua le Lorys ka puo ya diatla ya batho ba ba sa utlweng e bile ba sa bone

Lorys o godile e le khutsana, ga a utlwe mo ditsebeng e bile o latlhegetswe ke bokgoni jwa go bona sentle. O tshotswe a sa utlwe gotlhelele mme fa a na le dingwaga di le 16, o ne a sa tlhole a kgona go bona sentle. Motshegare o a bonanyana mme bosigo ga a bone sepe. Fa go fifala, o bua le batho fela ka go dirisa puo ya diatla ya batho ba ba sa utlweng e bile ba sa bone (tactile signing).

Babulatsela ba ba kgethegileng ba ne ba kopana le Lorys fa a na le dingwaga di le 23. Ka nako eo, o ne a nna le monna yo le ene a sa utlweng le losea lwa bone lo lo kgonang go utlwa. Ba ne ba laletsa Lorys kwa dipokanong mme o ne a amiwa ke se a se ithutileng.

Lorys o ne a nna bonako go dira diphetogo mo botshelong jwa gagwe. Ka sekai, fa a sena go ithuta gore ga a tshwanela go nna le monna a sa mo nyala, o ne a bua le ene ka botlhokwa jwa gore ba nyalane. Lorys o ne a mo tlhalosetsa gore ene ga a batle go tlola molao wa Modimo. O ne a gakgamaditswe ke go bona Lorys a bua puophaa e bile a sa tshabe sepe, ka jalo a dumela go mo nyala.

Lorys o ne a nna mmoledi fa ba sena go nyalana mme ka bonako fela o ne a kolobediwa. Fa a ntse a ithuta Baebele le Basupi o ne a ithuta Puo ya Diatla ya Amerika. Seno se ne sa mo thusa gore a rute ngwana wa gagwe puo eno a bo a mo ruta boammaaruri.

Thoromo ya Lefatshe e Kgautlhanya Haiti

Labobedi, January 12, 2010, ke letsatsi le le sa lebalesegeng mo bathong ba Dominican Republic le ba Haiti. Ka letsatsi leo, thoromo ya lefatshe e ne ya itaya Haiti. Ka bonako fela Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa se ne sa laela lekala la Dominican Republic go romelela lekala la Haiti madi a a neng a tla thusa ka nako ya masetlapelo. E re ka go ne go tshwanetse ga romelwa madi a a mantsi thata, go ne ga romiwa monna wa serintlha e bong Evan Batista, yo e neng e le ngaka kwa Bethele.

Tshwetso ya go romela Mokaulengwe Batista e ne ya itshupa e le e e botlhale ka gonne fa a goroga kwa molelwaneng, o ne a itsisiwe gore go tlhokega dingaka tse dintsi mo Haiti. Batho ba le bantsi ba ba neng ba gobetse thata ba ne ba isiwa kwa Holong ya Dikopano e e gaufi le lekala la Haiti gore ba bone kalafi. Fa bakaulengwe ba kwa Haiti ba lemoga gore Mokaulengwe Batista ke ngaka ya Bethele, ba ne ba kopa lekala la Dominican Republic gore a nne mo Haiti gore a ba thuse. Kopo ya bone e ne ya atlega mme bakaulengwe ba rona ba kgona go thusiwa mo go lone letsatsi leo.

Bakaulengwe ba ne ba nna bofefo go thusa ba ba amilweng ke thoromo ya lefatshe ya 2010

Lefapha la go Reka la lekala la Dominican Republic le ne la reka dijo kwa ntle ga go senya nako. Go ne ga romelwa dikilogerama di feta 6 800 tsa raese, dinawa le dijo tse dingwe. E ne e le tsone dilwana tsa ntlha tsa namolo go goroga mo Haiti. Di ne tsa romelwa ka Labone, January 14 ka 2:30 a.m. Moragonyana mo go lone letsatsi leo, dingaka tse tharo go tswa kwa lekaleng la Dominican Republic di ne tsa tsaya loeto lwa diura di le supa go ya lekaleng la Haiti. Ba ile ba goroga maitseboa mme go na le gore ba ye kwa marobalong a bone, ba ne ba tlhamalela kwa bathong ba ba gobetseng ba bo ba ba thusa go fitlha bosigogare. Letsatsi le le latelang, go ne ga tla dingaka di le nnè le baoki ba le banè go tswa kwa Dominican Republic. Dikaro di ne di direlwa mo maemong a a thata go dirisiwa phaposi nngwe mo Holong ya Dikopano. Mo bekeng e e latelang, batho ba le 300 ba ne ba setse ba thusitswe ke dingaka di le robedi le baoki ba le banè.

Letsatsi le letsatsi go ne go romelwa batho ba ba gobetseng thata kwa Dominican Republic gore ba bone kalafi. Ka dinako tse dingwe, dikoloi tse di neng di tlisitse dilwana tsa namolo mo Haiti di ne di isa batho bano ba ba gobetseng kwa dikokelong tsa Dominican Republic. Lekala le ne la rulaganya gore bakaulengwe ba Ditlhopha Tse di Etelang Balwetse ba ye go kgothatsa ba ba gobetseng le go tlhomamisa gore ba na le melemo le dilo tse dingwe. Diphuthego di ne tsa thusa malapa a a neng a tlile le balwetse mo Dominican Republic ka dijo le marobalo.

Basupi ba ga Jehofa ba ne ba anamisa dilwana tsa namolo di feta dikilogerama di le 450 000, go akaretsa le dijo tse di apeilweng tse di ka lekanang batho ba le 400 000

Go intsha setlhabelo ga batho ba ga Jehofa ka nako ya masetlapelo go re lemotsha boammaaruri jwa mafoko a a mo go Diane 17:17, a a reng: “Molekane wa boammaaruri o lorato ka dinako tsotlhe, mme ke morwarramotho yo o tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego.” Ditiragalo tseno tsotlhe di bontsha gore Jehofa o kgona go dirisa moya wa gagwe le bakaulengwe ba rona go thusa ba ba ikanyegang, tota le fa ba lebane le loso. Tiro eno ya namolo e ne ya tswelela ka lobaka lo loleele. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba anamisa dilwana tsa namolo di feta dikilogerama di le 450 000, go akaretsa le dijo tse di apeilweng tse di ka lekanang batho ba le 400 000. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le 78 go tswa kwa dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe ba ba nang le kitso ya tsa kalafi, ba ne ba ithaopela go ya go bereka le baithaopi ba bangwe kwa Haiti. *

^ ser. 1 Go utlwa mo go oketsegileng ka pego eno, bona tsebe 14-19 mo kgatisong ya December 2010 ya Tsogang!