Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

DOMINICAN REPUBLIC

Tiro ya go Rera e a Simologa

Tiro ya go Rera e a Simologa

Tiro ya go Rera e a Simologa

Ka Sontaga, April 1, 1945, baalogi ba Gileade, Lennart le Virginia Johnson ba ne ba goroga kwa Ciudad Trujillo (e gompieno e bidiwang Santo Domingo), toropokgolo ya Dominican Republic. E ne e le Basupi ba ntlha mo nageng eno, mme ba ne ba gorogela mo lefelong le bogologolo le kileng la amiwa ke dikgotlhang le dintwa. * Buka ya Ngwaga ya 1946 e ne ya bega jaana: “Tshimo eno ke ya babulatsela tota mme Bagileade bano ba ne ba tshwanetse go tloga natso sakeng.” Akanya fela: Go ne go se na ofisi ya lekala, Diholo Tsa Bogosi le diphuthego. Barongwa ba ne ba sa itse ope mo nageng, ba itse Se-Spain go le gonnye e bile ba se na legae kgotsa fanitšhara. Ba ne ba tla dirang?

Lennart a re: “Re ne ra bona boroko kwa Hoteleng ya Victoria mme ka letsatsi, re le babedi, re ne re duela didolara di le tlhano go akaretsa le dijo. Re ne ra tshwara thuto ya ntlha ya Baebele mo thapameng eo. Go diregile jaana: Basadi ba babedi ba Ba-Dominican ba re ithutileng Baebele le bone kwa Brooklyn ba ne ba re neela maina a masika le a ditsala tsa bone mme mongwe wa bone e ne e le Dr. Green. Fa re mo etetse, re ne ra kopana le moagelani wa gagwe, Moses Rollins. Morago ga go utlwa gore re tsere kae maina le diaterese tsa bone, ba ne ba reetsa molaetsa wa Bogosi ka kelotlhoko mme ba dumela go ithuta Baebele. Mo nakong e e sa fediseng pelo, Moses o ne a nna mmoledi wa ntlha wa Bogosi mo lefelong leno.”

Ka June 1945, go ne ga goroga barongwa ba bangwe ba le banè mme go ise go ye kae ba ne ba tsamaisitse dikgatiso di le dintsi e bile ba simolotse dithuto tse dintsi tsa Baebele. Ka October go ne go bonala sentle gore ba tlhoka lefelo la go kopanela. Ka jalo, barongwa ba ne ba fetola phaposi ya bonno le ya bojelo mo legaeng la barongwa gore ba kgone go tshwarela dipokano mo go tsone. Batho ba ka nna 40 ba ne ba nna gone kwa dipokanong.

Pablo Bruzaud, yo o itsegeng e le Palé, ke mongwe wa batho ba ntlha go amogela boammaaruri. Gantsi o ne a etela toropokgolo ka gonne o ne a kgweetsa dibese tsa Santiago le Ciudad Trujillo. Letsatsi lengwe fa Palé a le kwa Ciudad Trujillo, o ne a buisana le Basupi bangwe mme ba mo naya buka ya “The Truth Shall Make You Free.” O ne a simolola go ithuta Baebele le bone letsatsi le letsatsi. Ka bonako fela, Palé o ne a simolola go rera le barongwa a bo a ba thusa ka sepalangwa. Moragonyana ene le Lennart Johnson ba ne ba tsaya loeto go tswa kwa Ciudad Trujillo go ya Santiago le go kgabaganya dithaba ba ya kwa toropong e e fa lotshitshing lwa lewatle ya Puerto Plata. Ba ne ba etela batho ba ba bontshitseng kgatlhego e bile ba kwaletse ntlokgolo ya lefatshe lotlhe kwa Brooklyn, New York, ba kopa tshedimosetso e e oketsegileng.

Loeto Lwa ga Mokaulengwe Knorr le Mokaulengwe Franz

Ka March 1946, Nathan Knorr le Frederick Franz ba ne ba etela Dominican Republic ba tswa kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe. Batho ba ne ba swegaswega pelo ka ketelo eo mme bakaulengwe le batho ba le 75 ba ba kgatlhegang ba ne ba tla go reetsa puo ya ga Mokaulengwe Knorr. Ka nako ya ketelo, Mokaulengwe Knorr o ne a dira dithulaganyo tsa gore go nne le ofisi ya lekala mo Dominican Republic.

Mokaulengwe Knorr le Mokaulengwe Franz ba le kwa Holong ya ntlha ya Bogosi mo Dominican Republic, Ciudad Trujillo

Go ne ga tla barongwa ba bangwe gape mme kwa bofelong jwa ngwaga wa tirelo ka 1946 go ne go na le baboledi ba le 28 mo nageng. E re ka e ne e le la ntlha dikgang tse di molemo di rerwa mo nageng eno, barongwa ba ne ba bereka masigo go dira dimmapa tsa tshimo ka kelotlhoko gore tiro ya go rera e dirwe ka thulaganyo le ka botlalo.

Tiro e a Oketsega

Ka 1947, baboledi ba feta 59 ba ne ba nna le seabe mo tirong ya go rera kgwedi le kgwedi. Mo go one ngwaga oo, barongwa bangwe ba ba neng ba direla kwa Cuba ba ne ba romelwa kwa Dominican Republic. Bangwe ba bone e ne e le Roy le Juanita Brandt. Mokaulengwe Brandt o ne a tlhomiwa go nna motlhanka wa lekala mme a tswelela go direla jalo ka dingwaga di le lesome.

Kwa bofelong jwa ngwaga wa tirelo ka 1948, baboledi ba ka nna 110 ba ne ba rera dikgang tse di molemo le barongwa ba ba dirang ka natla. Le fa go ntse jalo, bareri bao ba ba tlhagafetseng ba ne ba sa itse gore dinako tsa mathata di larile kwa pele.

^ ser. 1 Dikgatiso tsa Watch Tower di ne tsa anamisiwa mo Dominican Republic bogologolo ka 1932. Mme batho ba ba kgatlhegang ba ne ba simolola go rutiwa ka 1945 fa borra Johnson ba goroga.