Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

DOMINICAN REPUBLIC

Tlhaloso e Khutshwane ka Dominican Republic

Tlhaloso e Khutshwane ka Dominican Republic

Naga Peditharong ya setlhaketlhake sa Hispaniola ke Dominican Republic; nngwetharong ya sone ke Haiti. Naga eno e na le dikgwa tsa pula tsa boboatsatsi, dithaba tse di goletseng kwa godimo, ditsobotla le dikaka. Thaba e e kwa godimo go di feta kwa Dominican Republic ke Pico Duarte, e e dimetara di le 3 175. Lotshitshi lwa lewatle le tletse ka motlhaba o montle o mosweu, mme mo bogareng jwa naga ke mekgatšha e e nang le mmu o o nonneng, jaaka Cibao Valley.

Batho Bontsi jwa baagi ke Bayuropa ba ba kopaneng le Baafrika. Go na le merafe e le mmalwa mme morafe o o montsi ke wa Ba-Haiti.

Puo Go buiwa Se-Spain kwa Dominican Republic.

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba itumelela botsala

Tsela ya go Itshedisa Meepo le madirelo a sukiri, kofi le motsoko ke one a tsenyang lotseno lo lo ntsi. Ikonomi e ne ya gola bosheng jaana ka ntlha ya bojanala le madirelo.

Tlelaemete Setlhaketlhake se na le tlelaemete ya boboatsatsi, ka jalo e mololo mme ka ngwaga palogare ya themperetšhara ke 250C. Pula e na thata mo dithabeng tse di kwa bokonebotlhaba mme e koma koma fela mo mafelong a a omeletseng. Ka dinako tse dingwe go nna le dipula tsa matsorotsoro le dikgwanyape.

Setso Go jewa raese, dinawa le merogo. Gape Ba-Dominican ba rata dijo tsa lewatle, maungo a boboatsatsi, dipepere le di-plantain tse di gadikilweng. Dingwe tsa dijo tseno di ka fitlhelwa mo sejong se se itsegeng sa La Bandera Dominicana (folaga ya Dominican). Batho ba setlhaketlhake seno ba rata beisebolo, mmino le go bina motantsho wa merengue. Dikatara, meropa le diphala ke diletswa tse di tlwaelegileng thata.