Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

DOMINICAN REPUBLIC

Go Tlhokega Bareri ba ba Oketsegileng

Go Tlhokega Bareri ba ba Oketsegileng

Dikgang Tse di Molemo di Rerwa Kwa Dikarolong Tse di Kgakalakgakala

Fa nako e ntse e tsamaya, go ne ga goroga barongwa ba bangwe gape, Pete Paschal, Amos le Barbara Parker, Richard le Belva Stoddard ba ba neng ba direla kwa Bolivia, le Jesse le Lynn Cantwell go tswa kwa Colombia. Barongwa ba ne ba dira gore tiro ya go rera e dirwe go feta le fa e le leng pele. Ka 1973, go ne go rerwa thata mo ditoropong tsa Dominican Republic, mme dikgang tse di molemo di ne di ise di fitlhelele ba ba nnang kwa dikarolong tse di kgakalakgakala. Ka jalo, go ne ga dirwa dithulaganyo tsa gore batho ba ba nnang kwa metseselegaeng ba rerelwe dikgang tse di molemo. Babulatsela ba ka metlha ba le 19 ba ne ba tsibogela kopo ya gore go tlhokega baithaopi ba ba ka rerang dikgwedi di le pedi kwa metseselegaeng. Go tloga ka December 1973 go fitlha ka January 1977, ditlhopha tsa babulatsela di ne tsa romelwa kwa mafelong a go sa rerwang mo go one thata le a go sa rerwang mo go one gotlhelele.

“Ba ne ba re naya dikoko, mae le maungo fa re ba naya dikgatiso”

Mmulatsela mongwe yo o nnileng le seabe mo tirong eno e e kgethegileng o ne a re: “Fa re sena go fetsa letsatsi lotlhe re bolelela batho ka molaetsa wa Baebele re bo re ba tlogelela dikgatiso, re ne re fetsa letsatsi le le latelang re dira maeto a go boela kwa go ba ba bontshitseng kgatlhego. E re ka batho ba motse ba ne ba se na madi, ba ne ba re naya dikoko, mae le maungo fa re ba naya dikgatiso. Ga re a ka ra bolawa ke tlala ka gonne Jehofa o ne a re tlamela.” E ne e le lekgetlo la ntlha batho ba le bantsi ba balelwa Baebele. Baeteledipele ba bodumedi ba ne ba rutile batho bangwe gore Jehofa ke Diabolo. A bo ba ne ba gakgametse jang ne fa ba bala ditemana tse di jaaka Pesalema 83:18, e e reng: “Wena, yo leina la gago e leng Jehofa, wena o le esi o Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe”! Batho mo mafelong a mangwe ba ne ba kgatlhega thata jaana mo go neng ga rulaganngwa dipokano.

Barongwa ba ba Oketsegileng le Lekala le Lesha

Barongwa ba babedi, Abigail Pérez le mosadi wa gagwe, Georgina ba ne ba goroga ka September 1979. Ba ne ba newa kabelo ya go potologa. Moragonyana ka 1987, baalogi ba Gileade e bong Tom le Shirley Dean ba ne ba tla go thusa mo tirong ya go rera. Gape batho mo tshimong ba ne ba solegelwa molemo ke thologelo ya badiredi ba ba mo tirelong e e kgethegileng ya nako e e tletseng go tswa kwa Puerto Rico. Ka August 1988, barongwa ba le babedi, Reiner le Jeanne Thompson ba ne ba romelwa kwa Dominican Republic e le kabelo ya bone ya botlhano.

Ka 1989, palogare ya baboledi e ne e le 11 081, mme go ne go bonala gore e tla nna e ntse e oketsega e re ka go ne go begiwa dithuto tsa Baebele di le 20 494. Koketsego eno e ne ya lere dikgwetlho. Ka sekai, kwa bowelong jwa dingwaga tsa bo1980, lekala le ne le thatafalelwa ke go ema tiro e e neng e ntse e oketsega nokeng. Reiner Thompson a re: “Go ne go tletse thii! mo e leng gore re ne re tlhoka go dirisa matlo le diphaposi tsa bobolokelo mo dikarolong tse di farologaneng tsa toropo.”

Reiner o tswelela ka go re: “E ne e se kgetsi e e potlana go batlana le setsha sa go aga lekala le lesha. Rakgwebo mongwe yo o neng a utlwaletse gore re batla setsha o ne a ikgolaganya le rona. O ne a re o na le setsha sengwe se se kgethegileng se a batlang go se rekisetsa Basupi ba ga Jehofa fela. O ne a kile a nna le kgwebo ya go roka e mo go yone a neng a thapile Basupi ba ga Jehofa. Mo dingwageng tse a berekileng le bone ka tsone, o ne a kgatlhilwe thata ke tsela e ba neng ba ikanyega ka yone le maitseo a bone. E re ka a ne a tlotla Basupi ba ga Jehofa, o ne a ba rekisetsa setsha ka tlhwatlhwa e e kwa tlase thata.” Ba ne ba se reka ka December 1988 mme moragonyana ba reka ditsha tse dingwe tse tharo tse di bapileng le sone. Bogolo jwa ditsha tseno tsotlhe, go akaretsa le sa lekala le sa Holo ya Dikopano ke diheketara di le robongwe.

Batho ba le bantsi mo Dominican Republic le ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe ba ne ba ithaopela go tla go thusa go aga lekala le lesha le Holo ya Dikopano. Dikago tseo di ne tsa neelwa ka Matlhatso mongwe ka November 1996 mme go ne go tlile maloko a Setlhopha se se Laolang e bong Carey Barber, Theodore Jaracz le Gerrit Lösch. Letsatsi le le latelang, go ne ga nna le thulaganyo e e kgethegileng mo ditadiamong tse pedi tse dikgolo mo nageng mme batho ba feta 10 000 ba ne ba tla go bona lekala le lesha.

‘Go Tla mo Makedonia’

Hisitori ya batho ba ga Jehofa mo Dominican Republic e ne e tla bo e sa felela fa e sa akaretse Basupi ba le bantsi ba ba neng ba fuduga go tla go direla mo go nang le tlhokego gone. Bontsi bo ne jwa simolola ‘go tla mo Makedonia’ kwa bowelong jwa bo1980. Bo ne bo tlhotlhelediwa ke dipego tsa gore thobo mo masimong ano e ntsi le gore go ka tshwara dithuto di le dintsi tsa Baebele. (Dit. 16:9) Baithaopi bano ba ne ba bolelela ba bangwe ka boitumelo jo ba nnileng le jone ka ntlha ya go rera mo Dominican Republic. Mme seno se ne sa dira gore batho ba le bantsi ba tle mo nageng eno ka bo1990.

Ka sekai, Stevan le Miriam Norager, ba ba tswang kwa Denmark ba ntse ba direla mo Dominican Republic fa e sa le ka 2001. Mme dikgwedi di le 18 pele ga foo, Miriam o ne a tla go rera le mogolowe mo Dominican Republic. Ke eng se se neng sa tlhotlheletsa banyalani bano go fudugela kwa nageng e e farologanang le ya bone ka setso le puo? Miriam a re: “Nna le Stevan re goletse mo malapeng a a ratang Jehofa thata e bile batsadi ba rona ba kile ba nna babulatsela ba ba kgethegileng fa ba sa ntse ba le basha, mme ba tswelela ka bobulatsela jwa ka metlha fa ba sena go nna le bana. Batsadi ba rona ba ne ba nna ba re kgothaletsa go direla Jehofa ka pelo yotlhe mo tirelong ya nako e e tletseng.”

Stevan le Miriam ba simolotse go nna babulatsela ba ba kgethegileng ka 2006, mme ba rutile batho ba le bantsi boammaaruri. Stevan a re: “Re nnile le masego a mantsi tota. Mathata a re nnileng le one ga se sepe fa re a bapisa le boitumelo jo re nnileng le jone ka ntlha ya go thusa batho go itse le go rata Jehofa. Gone jaanong re na le lelapa la ditsala tse di lorato. Go direla mo Dominican Republic go re rutile go nna boikobo le go nna pelotelele, mme go tshela botshelo jo bo sa raraanang go nonotshitse tumelo ya rona le tsela e re ikanyang Jehofa ka yone.”

Jennifer Joy o na le dingwaga di feta 20 a rera mo tshimong ya puo ya diatla mo Dominican Republic

Jennifer Joy ke mongwe wa bokgaitsadi ba ba sa nyalwang ba batswakwa ba ba rerang mo Dominican Republic. Ka 1992, Jennifer o ne a etela mmamogoloagwe yo o sa bolong go nna morongwa e bong Edith White, mme o ne a bona melemo ya go rera mo Dominican Republic. O ne a kopana le bokgaitsadi ba bangwe ba batswakwa ba ba neng ba direla kwa go nang le tlhokego gone. Jennifer a re: “Ke ne ke le ditlhong e bile ke inyatsa mme ke ne ka ipolelela gore, ‘Fa bone ba kgonne le nna nka kgona.’”

Jennifer o ne a ikaeletse go nna ngwaga fela mme o ne a nna a oketsa ka ngwaga e nngwe, gone jaanong o na le dingwaga di feta 20 mo Dominican Republic. O thusitse batho ba le bantsi go nna baobamedi ba ga Jehofa. Jennifer o ile a itumelela go thusa mo tshimong ya puo ya diatla mme gape o ile a thusa go rulaganya khoso ya go ithuta puo eno.

‘Jehofa ga a bolo go ntlhokomela, ka jalo ke dumela gore o tla ntlhokomela le mo ngwageng o o tlang’

Jennifer o itshedisa jang? A re: “Ngwaga le ngwaga, ke boela Canada go ya go bereka teng dikgwedinyana. Mo dingwageng tse di fetileng ke ne ka dira ditiro tse di farologaneng, jaaka go tsaya ditshwantsho, go penta matlo, go phepafatsa diofisi, go dira mabone le go dira dikhapete. Gape ke ile ka dira tiro ya go tsamaisa bajanala, go rulaganya maeto, go ruta Seesemane le go toloka.” Jennifer o bapisa boemo jwa gagwe le jwa Baiseraele fa ba ne ba le kwa nageng. A re: “Ba ne ba tshela ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang mo molomong wa ga Jehofa. O ile a ba solofetsa gore o tla ba tlhokomela mme ga a ka a ba swabisa. Go ne go sa fete letsatsi ba sa ja mme diaparo tsa bone le bompaatšhane ba bone ga di a ka tsa onala. (Dute. 8:3, 4) Le rona Jehofa o re solofetsa gore o tla re tlhokomela. (Math. 6:33) Jehofa ga a bolo go ntlhokomela, ka jalo ke dumela gore o tla ntlhokomela le mo ngwageng o o tlang.”

Baboledi ba ka nna 1 000 ba ne ba intsha setlhabelo ka go tla mo Dominican Republic ba tswa kwa mafelong a a farologaneng a a jaaka Austria, Japane, Poland, Puerto Rico, Russia, Spain, Sweden, Taiwan le United States. Batho ba ditso di ka nna 30 ba ba direlang kwa baboledi ba tlhokegang gone ba ne ba kopanela le diphuthego tsa Puo ya Diatla ya Amerika, Se-China, Se-Creole sa Haiti, Seesemane, Se-Italy, Se-Russia le Se-Spain. Ba ne ba bua fela jaaka moaposetoloi Petere ba re: ‘Bona! Re tlogetse dilo tsotlhe mme ra go sala morago.’—Mareko 10:28.