Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lekwalo le le Tswang Kwa Setlhopheng se se Laolang

Lekwalo le le Tswang Kwa Setlhopheng se se Laolang

Bakaulengwe le Bokgaitsadi ba ba Rategang:

“Ka metlha re leboga Modimo fa re lo umaka lotlhe mo dithapelong tsa rona, gonne re gopola tiro ya lona ya go nna le tumelo, re sa kgaotse, le tiro ya lona ya bonatla ya lorato le boitshoko jwa lona ka ntlha ya tsholofelo ya lona mo Moreneng wa rona Jesu Keresete fa pele ga Modimo wa rona le Rara.” (1 Bathes. 1:2, 3) Ruri mafoko ano a tlhalosa sentle kafa re ikutlwang ka teng ka lona! Re leboga Jehofa ka ntlha ya lona le ka tiro e e molemo e lo e dirang. Ke eng fa re rialo?

Mo ngwageng o o fetileng, lo ntse lo ema dilo tse di direlwang Bogosi nokeng ka “tiro ya lona ya go nna le tumelo” le “tiro ya lona ya bonatla ya lorato.” Ba le bantsi mo go lona ba ile ba batla ditsela tsa go oketsa bodiredi jwa bone. Bangwe ba ne ba fudugela kwa mafelong kgotsa kwa dinageng tse kwa go tsone go nang le tlhokego e kgolo ya baboledi ba Bogosi. Bangwe ba ne ba dira mefuta e mengwe ya bodiredi ka go rera phatlalatsa. Bontsi jwa lona lo ne lwa tlhotlheletsega go tsaya bobulatsela jo bo thusang ka paka ya Segopotso, ka kgwedi ya ketelo ya molebedi wa potologo kgotsa ka letsholo le le kgethegileng ka August 2014. Le fa maemo a lona a farologana, re a lo akgola ka gonne lo direla Jehofa ka moya otlhe. (Bakol. 3:23, 24) Eleruri “tiro ya lona ya go nna le tumelo” e dira gore re leboge Jehofa!

Gape re anaanela “tiro ya lona ya bonatla ya lorato” ya go ema nokeng tiro ya go aga mo lefatsheng lotlhe. Re tlhoka mafelo ano ka bonako ka gonne palo ya batho ba ga Jehofa e ntse e a oketsega. (Isa. 60:22) Akanya fela gore mo ngwageng o o fetileng re ne re na le baboledi ba le 8 201 545 e bile kgwedi le kgwedi re ne re tshwara palogare ya dithuto tsa Baebele di le 9 499 933. Ka ntlha ya koketsego eno, diofisi tse dintsi tsa makala di tlhoka go okediwa kgotsa go tlhabololwa. Ga go pelaelo gore seno se dira gore re tlhoke Diholo Tsa Bogosi tse di oketsegileng. Go ntse go le jalo, go tlhokega Diofisi Tsa Thanolo mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe gore baranodi ba direle mo lefelong le batho ba ba buang puo ya bone ba leng gone.

Ka jalo, re ka ipotsa jaana, ‘Nka dirang go ema nokeng tiro eno ya go aga?’ Bangwe ba rona re ka ithaopela tiro eno. Go sa kgathalesege gore a re na le bokgoni kgotsa nnyaa, rotlhe re na le tshiamelo ya go tshegetsa diporojeke tseno ka dilo tsa rona tse di tlhwatlhwakgolo. (Dia. 3:9, 10) Ka nako ya fa go agiwa motlaagana, Baiseraele ba ne ba ntsha meneelo thata jaana mo go neng ga ntshiwa kitsiso ya gore ba se ka ba tlhola ba ntsha meneelo. (Ekes. 36:5-7) Ga go pelaelo gore dikai tseno tse di mo Baebeleng di re ama pelo e bile di a re tlhotlheletsa. “Tiro ya lona ya bonatla ya lorato” mo tirelong eno e e boitshepo le yone e dira gore re leboge Jehofa!

Re itumela le go feta fa re bona bakaulengwe ba rona ba itshokela diteko. Ka sekai, akanya ka bakaulengwe ba rona ba ba rategang ba ba kwa Korea Borwa. Fa e sa le ka 1950, makawana a Basupi a ntse a atlholelwa go ya kgolegelong ka ntlha ya boitlhaodi jwa bone. Bontsi jwa bakaulengwe ba rona ba ne ba itshokela maemo ano ba tiile mo tumelong. A bo go re nontsha tumelo jang ne fa ba itshokela diteko!

Kwa Eritrea, bakaulengwe ba rona ba bararo ba na le dingwaga di feta 20 ba tswaletswe mo kgolegelong. Ba bangwe, go akaretsa le bokgaitsadi ba rona le bana ba bone ba ne ba tswalelwa mo kgolegelong ka nakwana. Maiteko a mantsi a go leka go ba golola a iteile se fololetse. Go ntse go le jalo, bakaulengwe ba rona ba tswelela ba ikanyega. Ba boloka bothokgami jwa bone mo maemong a a thata. Ga re ke re lebala go umaka bakaulengwe bano ba ba ikanyegang mo dithapelong tsa rona.—Bar. 1:8, 9.

Gone ke boammaaruri gore ba le bantsi mo go lona ga ba mo kgolegelong. Le fa go ntse jalo, ba le bantsi mo go lona ba setse ba tsofetse, ba a lwala, ba ganediwa ke balekane ba lenyalo kgotsa ke ba masika e bile ba lebane le mathata a a ka tswang a itsiwe ke lona fela. Le fa lo lebana le maemo ano, lo tswelela lo ntse lo direla Jehofa ka boikanyegi. (Jak. 1:12) Re a lo akgola bakaulengwe le bokgaitsadi! Boitshoko jwa lona bo dira gore re leboge Jehofa.

Tiro ya lona ya go nna le tumelo, tiro ya lona ya bonatla ya lorato le boitshoko jwa lona di dira gore re ‘ntshetse Jehofa ditebogo, gonne o molemo.’ (Pes. 106:1) Ruri re lo rata fela thata e bile re rapela gore Jehofa a lo nonotshe le go lo segofatsa gore lo kgone go tswelela lo ntse lo mo direla ka bosaengkae.

Bakaulengwe ba lona,

Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa