Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

GO RERA LE GO RUTA MO LEFATSHENG LOTLHE

Asia le Botlhabagare

Asia le Botlhabagare
  • DINAGA 48

  • PALO YA BAAGI 4 315 759 010

  • BABOLEDI 703 271

  • DITHUTO TSA BAEBELE 732 106

O ne A Kopa go Tla le ba Bangwe

Mokaulengwe mongwe kwa Indonesia o ne a kopana le monna wa Momoseleme mme a mo naya taletso ya Segopotso go setse malatsi a le mabedi gore se tshwarwe. Monna yono e ne e le motlhokomedi kwa lefelong la go phaka dikoloi. E re ka motlhokomedi a ne a neilwe taletso e le nngwe fela, o ne a botsa gore a a ka tla le ba bangwe. Mokaulengwe o ne a mo raya a re ga go na bothata. Motlhokomedi yono o ne a kopa ditaletso tse dingwe e re ka a tswa mo lelapeng le legolo. Mokaulengwe o ne a mo neela ditaletso di le 20, a bo a mo tlhalosetsa gore tiragalo eno ke Segopotso sa loso lwa ga Jesu le gore mongwe le mongwe o a lalediwa go akaretsa Bakeresete le Mamoseleme. Rre yono o ne a mo raya a re o tla tla le batho ba le 60 go ya go 70.

Go ne go setse go na le batho ba le 248 kwa Segopotsong mme e rile fela fa puo e simologa, motlhokomedi o ne a tla le batho ba ka nna 100. O ne a tla le banna, basadi, bana, bagodi, tota le mosadi wa moimana. Ba ne ba hirile dikoloi gore ba kgone go ya kwa hoteleng e Segopotso se neng se tshwaretswe teng. Batlhokomedi ba hotele ba ne ba ba thibela go tsena, ba ipotsa gore Mamoseleme a a mantsi jaana a batlang mo tiragalong ya Bakeresete. Batlhokomedi ba ne ba ba letla go tsena fela fa ba sena go ba bontsha ditaletso. Go kgonne go tsena batho ba ka nna 60 mo holong e e neng e setse e tletse thii!

Morago ga malatsinyana, mokaulengwe o ne a etela motlhokomedi go utlwa gore a ba itumeletse Segopotso. O ne a re le fa ba ne ba le ditlhong, ba ne ba kgatlhilwe ke go bona batho ba ba lorato e bile ba ba dumedisa ka seatla. Mokaulengwe o ne a mo laletsa go tla puong e e kgethegileng e e neng e tla neelwa ka Sontaga sa beke e e tlang. Mo lekgetlong leno, rre yono o ne a tla le batho ba le 40, bangwe e le ba lelapa la gagwe ba bangwe e le baagelani. Ba ne ba goroga dipokano di tloga di fela, ka jalo bagolwane ba ne ba bona go le molemo gore puo e boelediwe. Modulasetulo o ne a itsise gore puo e tla neelwa gape a bo a tlhalosa gore thulaganyo e tlile go tsamaya jang mme a akaretsa pina le thapelo. Sebui se ne sa dirisa mafoko a Mamoseleme a a tlwaetseng, a a jaaka “Buka e e Boitshepo” go na le “Baebele” le “moporofeti Isa” go na le “Jesu.”

Moragonyana mogolwane o ne a etela motlhokomedi kwa ga gagwe mme ba nna le motlotlo wa Baebele o o theilweng mo boroutšhareng jwa Reetsa Modimo. Batho ba le 12, go akaretsa basadi ba Mamoseleme le bana, ba ne ba tla go reetsa motlotlo ono.

Sengwe sa go Balwa mo Beseng

Mongolia: Baboledi ba ne ba kopa tetla ya go tlogelela bapagami dikgatiso mo beseng

Dibese tse di tswang kwa Ulaanbaatar, toropo e e mo Mongolia, di tsamaya mo nageng yotlhe. Ka dinako tse dingwe mosepele o ka tsaya malatsi a le mabedi. Fa bapagami ba sa robale, ba leba kwa ntle ga fensetere. Ba-Mongolia ke batho le go bala mme ga go na sepe se ba ka se balang mo dibeseng. Bakaulengwe ba Phuthego ya Songinokhairkhan ba ne ba dirisa tshono eno jang? Ba ne ba raya bakgweetsi ba dibese ba re: “Re ka rata go lo naya buka nngwe e le mpho. Mo difofaneng ga go ke go tlhokega sengwe se motho a ka se balang. A lo akanya gore bapagami ba lona ba ka itumelela go bala fa ba ntse ba le mo tseleng? Fa go le jalo, re ka ba beela dikgatiso mo ditulong tsa bese.” Bakgweetsi ba le robedi ba ne ba dumela. Seno se ne sa felela ka gore bakaulengwe ba tsamaise dimakasine di le 299 le diboroutšhara di le 144. Ba ne ba rulaganya gore ba tlise dimakasine kgwedi le kgwedi.

Ba Fositse Lebenkele ka Nomoro e le Nngwe

Mo nageng nngwe kwa Asia, bagolwane ba babedi ba ne ba kopiwa go etela kgaitsadi yo o neng a na le dingwaga di le robedi a tsidifetse. E re ka ba ne ba ise ba kopane le ene, ba ne ba mo kopa gore ba kopanele mo lebenkeleng la gagwe kwa mmarakeng. Morago ga go tsamaya mo ditseleng tse di tshesane tse di ka latlhang motho, kgabagare ba ne ba bona lebenkele le le tsamaisanang le aterese ya gagwe. Fa ba tsena ba ne ba amogelwa ke mosadi mongwe mme go ne go na le Baebele mo tafoleng ya gagwe. Ba ne ba mmotsa sefane sa ga gagwe, kwa a goletseng teng le dingwaga tsa bana ba ga gagwe ba babedi mme ba swetsa ka gore ke ene kgaitsadi yo ba mmatlang. Ba ne ba re: “Re Basupi ba ga Jehofa, bakaulengwe ba gago.”

O ne a ba raya a re: “Eeh, ke Mokeresete.” Bakaulengwe ba ne ba gakgamalela tsela e a ba arabileng ka yone. Go ntse go le jalo, ba ne ba mo naya dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng mme o ne a di itumelela fela thata. Fa bakaulengwe ba tsamaya, ba ne ba lemoga gore ba fositse lebenkele ka nomoro e le nngwe. Ba ne ba batla go ya kwa lebenkeleng la 2202 mme ba iphitlhela ba le mo 2200. Mokaulengwe yo mongwe o ne a re: “Ke utlwile ke kgaoga pelo fa ke akanya gore go raya gore re kaetswe ke baengele kwa lebenkeleng lele. Ke gore batho ba ka nna le sefane se se tshwanang, ba tswe kwa lefelong le le tshwanang ba bo ba nne le bana ba ba batlang ba lekana ka dingwaga! Kana fa go ka bo go nnile le pharologano nngwe re ka bo re lemogile gore mmè yole ga se ene.” Bakaulengwe ba ne ba fitlhela kgaitsadi yo ba ntseng ba mmatla a ba emetse mo lebenkeleng la gagwe le le gaufi le kwa ba tswang teng.

“Ke ne ke amilwe ke gore le fa ke ne ke tsidifetse ka lobaka lo loleele, Jehofa ga a ka a ntebala”

Go fosa lebenkele ka nomoro e le nngwe fela go ne ga dira gore mmè yole a simolole go ithuta Baebele le go ya dipokanong. Kgaitsadi yo o neng a tsidifetse le ene o ne a simolola go kopanela le go ya tshimong. O ne a re: “Ke ne ke amilwe ke gore le fa ke ne ke tsidifetse ka lobaka lo loleele, Jehofa ga a ka a ntebala.”

Maano ga a Site

Philippines: Greg a romela melaetsa

Greg le Alma ba ne ba ya go direla kwa go nang le tlhokego ya baboledi gone kwa setlhaketlhakeng sa Catanduanes kwa Philippines. Setlhaketlhake seno se na le dithaba tse dintsi, ka jalo ka dinako tse dingwe, Greg le Alma ba tshwanelwa ke go tsamaya dikilometara di le 19 fa ba ya tshimong. Nako nngwe ba tshwanelwa ke go tsamaya diura tse pedi ka mokoro go ya go rera kwa ditlhaketlhakeng tse dingwe. Ka paka ya dipula, go nna thata go tsaya mesepele eno. Ka jalo, go na le gore ba nne fela kwa gae, ba dirisa sesolo sa khampani ya difouno go romelela batho melaetsa ka tlhwatlhwa e e kwa tlase.

Greg a re o simolola molaetsa ka go kwala leina la gagwe pele, a bo a re: “Ke go tshwaretse molaetsa o o tswang mo Baebeleng.” A re temana e e mmerekelang ke Johane 17:3. Fa a sena go e nopola o botsa dipotso tse pedi, ya ntlha, Modimo wa boammaaruri ke mang? ya bobedi, Jesu Keresete ke mang? Go tswa foo, o ba kopa gore ba arabe. Fa motho a araba, Greg o mo romelela temana e nngwe gape e e jaaka Pesalema 83:18. Fa motho a nna a araba melaetsa ya gagwe, Greg o mmotsa gore go ka nna jang fa a ka mo leletsa. Greg le Alma ba re batho ba le bantsi ba araba melaetsa ya bone.

Go ne go na le mosadi mongwe yo o neng a na le dipotso tse dintsi ka Baebele, ka jalo ba ne ba nna ba romelelana melaetsa. Ka ntlha ya melaetsa ya ga Greg le Alma o ne a feleletsa a ithuta Baebele. Mmè yono o ne a tlotlela setlogolo sa gagwe le modiri ka ene ka se a se ithutileng. Kgabagare botlhe ka boraro ba ne ba kolobediwa.