Fetela kwa tshedimosetsong

Baebele ya Reng

Lebaka La go Bo o Tshwanetse go Tila Tirisabadimo

Lebaka La go Bo o Tshwanetse go Tila Tirisabadimo

Boammaaruri ke gore madimona a dirisa tirisabadimo fela jaaka batshwaraditlhapi ba dirisa serai

KWA nageng nngwe kwa Asia, setlhopha sa batho se keteka moletlo o o tlotlomatsang meya. Moletlo o fitlha kwa setlhoeng fa go tlhophiwa basadi ba babedi gore ba dire ditiro tse di supang gore ba na le meya. Matlho a bone a nna masweu mme ba simolola go roroma e kete ba tlabotswe ke motlakase.

Kwa Puerto Rico, motho yo o buisanang le meya (santero) o leka go buisana le moya o o bidiwang Changó, modimo wa tumo ya legadima. Motho yono o tlhalosa dipono, mme morago batho botlhe ba ba mo phaposing ba simolola go roroma jaaka e kete ba na le madimona.

Go dirisana le meya ke selo se se tlwaelegileng mo dinageng di le dintsi, gompieno. Go dumela mo meyeng go simolola go tuma mme batho ba le bantsi ba a go kgatlhegela. Dibuka, metshameko, dithulaganyo tsa thelebishene le difilimi tse di bontshang bodimona, boloi le boselamose di aname go gaisa le fa e le leng pele.

Le fa go ntse jalo, Baebele e ruta gore go nna le seabe mo mofuteng le fa e le ope fela wa go dirisana le meya ke tirisabadimo. Tirisabadimo ga se boitlosobodutu jo bo se nang molato fela. Ga se fela go batla go itse masaitseweng. Ke go ikgolaganya le madimona, baengele ba ba bosula ba ba neng ba tsuologela Modimo.—Tshenolo 12:9, 12.

Boammaaruri ke gore madimona a dirisa tirisabadimo fela jaaka batshwaraditlhapi ba dirisa serai. Motshwaraditlhapi o dirisa dirai tse di farologaneng go tshwara ditlhapi tse di sa tshwaneng. Ka tsela e e tshwanang, meya e e bosula e dirisa mefuta e e farologaneng ya tirisabadimo go tlhotlheletsa batho ba ba farologaneng. Moeteledipele wa madimona o bidiwa “modimo wa tsamaiso eno [e e bosula] ya dilo.” O ntse a atlega go foufatsa megopolo ya batho gore ba se ka ba dumela boammaaruri jwa Lefoko la Modimo le maikaelelo a gagwe.—2 Bakorintha 4:4.

Boikaelelo Jwa Tirisabadimo

Boikaelelo jwa dibopiwa tse di bosula tsa semoya ke jono: Di batla go re itaya tsebe le go re tsietsa gore re se ka ra nna le botsalano le Mmopi wa rona. Di tlhotlheletsa batho gore ba se ka ba ikobela ditaolo tse di siameng tsa Modimo e ka ne ba itse kana ba sa itse. Ka jalo, tirisabadimo e dira gore motho a se ka a amogelwa ke Modimo, a latlhegelwe ke tsholofelo mme kgabagare a senngwe.—Tshenolo 21:8.

Luis yo a neng a nna kwa Puerto Rico a re: “Go tloga fa ke sa ntse ke le ngwana, lelapa la gaetsho le ne le dirisa tirisabadimo. E ne e le karolo ya bodumedi jwa lelapa la rona le tsela ya go tshela. Ke ne ke akanya gore bokgoni jwa me jwa go bonela isagwe pele le jwa go bala dikarata tsa tarot ke jwa tlholego. Gantsi ke ne ke kgona go tlhopha dinomoro tsa lothari mme ke bo ke thusa batho ba bangwe gore ba ikgapele madi. Bokgoni jono e ne e le fela tsela ya gore ke iteege tsebe gore ke se ka ka nna le kitso ya Baebele le go nna le kamano le Modimo.”—Johane 17:3.

Batho ba le bantsi ba ka akanya gore go inaakanya le tirisabadimo ga go na phoso e bile go ka nna mosola. Ba ka bua ka dipoko tse di botsalano kana ba bua gore ditiro tsa tirisabadimo di ka felela ka gore ba nne le kitso e kgolwane, dikhumo kana boitumelo. Seno se kgakala tota le boammaaruri. Luis a re: “Ka dinako tsotlhe go nna le ditlamorago tse di botlhoko.”

Lekawana lengwe le le bidiwang Chad le ne la simolola go bona dilo tse di boifisang mme le ne le bogisiwa ka go tsosiwa nako nngwe le nngwe fa le robetse. O bolela jaana: “Madimona a ne a simolola go ntshotla le go ntlhokofatsa bosigo bongwe le bongwe.” Re ka sirelediwa jang mo pogisong e e ntseng jalo?

Kafa re ka Bonang Tshireletsego ka Gone

Gore re itshireletse re tshwanetse go tila gotlhelele sengwe le sengwe se se amanang le tirisabadimo. (Bagalatia 5:19-21) Ka jalo, Jehofa Modimo o laela batlhanka ba gagwe gore ba tile mekgwa e e latelang: “Go se ka ga fitlhelwa mo go wena ope . . . yo o dirisang boitseanape, yo o dirang maselamose kgotsa ope yo o batlang ditshupo dipe kgotsa moloi, kgotsa yo o dirisang lefoko la maselamose go kolopa ba bangwe kgotsa ope yo o lopang kgakololo mo go yo o buang le meya kgotsa yo o dirang tiro ya go bolelela ditiragalo pele kgotsa ope yo o botsang baswi. Gonne mongwe le mongwe yo o dirang dilo tseno o makgapha mo go Jehofa.”—Duteronome 18:10-12.

Go dumalana le mafoko ao, ba le bantsi ba tsere dikgato tsa go itshireletsa ka go latlha dibuka kana dilo dipe tse di tsamaisanang le tirisabadimo. Ken yo o kgaoganeng le tirisabadimo a re: “Ke ne ka tlhatlhoba dilo tsa me tsotlhe mme ka senya sengwe le sengwe se ke neng ke akanya gore se bosula.”—Bona Ditiro 19:19, 20.

Tshireletso e e di gaisang tsotlhe ke go nna le kamano le Modimo wa boammaaruri Jehofa. Ela tlhoko se re tshwanetseng go se dira jaaka se kwadilwe mo go Jakobe 4:7, 8: “Ipeyeng mo taolong ya Modimo; ganetsang Diabolo, mme o tla lo tshaba. Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela. Ntlafatsang diatla tsa lona, lona baleofi, mme lo itshekise dipelo tsa lona, lona ba lo sa kgoneng go dira tshwetso.”

Jehofa Modimo o ruta le go sireletsa ba ba atamelang gaufi le ene. Ga ba ‘tsiediwe ke maano a ga Satane’ kana ba raelwa ke diponalo tsa maaka. (2 Bakorintha 2:11; 11:14) Gape, Jehofa ke Mothatayotlhe. Fa re kopa thuso re bontsha tumelo, Jehofa o tla re golola mo go bogisiweng ke meya e e bosula. Chad yo o nopotsweng kwa godimo a re: “E re ka ke ne ke itse gore ditlhaselo tseno di ne di tswa mo madimoneng, ke ne ka kopa thuso mo go Jehofa Modimo gore a ntshireletse mo tlhotlheletsong ya one, mme seo se ne sa dira gore a kgaotse.”—Pesalema 91:1, 2.

Kwantle ga pelaelo, basiami ba tla ipelela tshireletso ya Modimo gone jaanong le go itse gore gautshwane madimona le botlhe ba ba ikobelang tlhotlheletso ya bone ba tla senngwa. Akanya fela boitumelo le kagiso tse di tla nnang gone mo lefatsheng fa batho ba tla bo ba gololesegile mo ditlamoragong tsa tirisabadimo!—Isaia 11:9; Tshenolo 22:15.