Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

  BATHO LE DINAGA

Go Etela Brazil

Go Etela Brazil

Sejo se se monate se se bidiwang feijoada ke dijo tse di tlwaelegileng tsa setso kwa Brazil

Nonyane e e bidiwang toucan

KWA tshimologong batho ba ba neng ba nna kwa Brazil e ne e le batsomi le balemi. Babatlisisi ba Bapotokisi ba ne ba tla le bodumedi jwa Roma Katoliki mo nageng eno, mme moragonyana go ne ga agiwa dikereke di le dintsi le mafelo a kobamelo—mangwe a one a kgabisitswe ka magong a a gabilweng a a manegilweng gouta.

Go tloga kwa bogareng jwa lekgolo la bo16 la dingwaga go fitlha kwa bogareng jwa lekgolo la bo19 la dingwaga, dikepe tse di tsamaisang makgoba di ne tsa tlisa Baafrika ba ka nna dimilione di le nnè mo Brazil gore ba tle go bereka mo masimong. Mme ba ne ba tla le meetlo ya bone e e neng ya dira gore go nne le madumedi a a kopantseng meetlo ya Afrika le ya Brazil a a jaaka bodumedi jwa macumba le jwa candomblé. Tlhotlheletso ya Seafrika e bonala sentle le mo mminong, mo tanseng le mo dijong tsa kwa Brazil.

Dijo tsa setso tse di bidiwang feijoada, tse di dirwang jaaka tsa kwa Portugal, ke setšhuu se se dirwang ka go tlhakanya dinama tse di farologaneng le dinawa tse dintsho, mme se jewa ka raese le morogo  o o bidiwang collard. Mo lekgolong la bo19 le la bo20 la dingwaga, dimilione tsa batho ba ba neng ba fuduga go tswa kwa Yuropa (bontsi jwa bone ba tswa kwa Jeremane, Italy, Poland le Spain), Japane le kwa mafelong a mangwe ba ne ba tla go nna mo nageng eno.

Gompieno go na le Basupi ba ga Jehofa ba ka nna 750 000 mo diphuthegong di feta 11 000 go ralala Brazil. Ba tshwara dithuto tsa Baebele di feta 800 000. E le gore go nne le mafelo a go kopanelwang mo go one, go na le ditlhopha di le 31 tsa baithaopi ba ba tsamayang ba bereka le Basupi ba mo mafelong a a farologaneng ba aga le go baakanya Diholo Tsa Bogosi di ka nna 250 go ya go 300 ngwaga le ngwaga. Fa e sa le ka March 2000, go weditswe diporojeke tseno di le 3 647.

A O NE O ITSE?

Noka ya Amazon e ntsha metsi a mantsi go feta noka epe fela mme e boleele jwa dikilometara di feta 6 275

Naga e e fa thoko ga Noka ya Amazon e na le dikgwa tsa pula tse di anameng go gaisa dipe fela mo lefatsheng