Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | A BAEBELE E KA GO THUSA?

Melaometheo e e Thusang Batho Botlhe—Boikgapo

Melaometheo e e Thusang Batho Botlhe—Boikgapo

MOLAOMOTHEO WA BAEBELE: “Sematla se ntsha moya wa sone otlhe, mme yo o botlhale o o boloka o ritibetse.”Diane 29:11.

“Ke tsaya gore ke dule ka lesoba la nnale!”

MELEMO: Fa o ne o ka kopiwa go kwala melemo ya boikgapo, letsatsi le ne le ka phirima! Boikgapo bo tokafatsa botsogo jwa rona. Baebele ya re: “Pelo e e ritibetseng ke botshelo [kgotsa “botsogo”] jwa setshedi sa senama.” Gape ya re: “Pelo e e ipelang e dira sentle jaaka kalafi.” (Diane 14:30; 17:22) Dipatlisiso di bontsha gore batho ba ba galefang ba nna le mathata a mantsi a botsogo, segolobogolo bolwetse jwa pelo. Gone ke boammaaruri gore, go nna le botsogo jo bo molemo ga se one fela molemo wa boikgapo.

Cassius, yo o mo dingwageng tsa bo30 a re: “Ke ne ke tsosa dikgotlhang, ke le rrapelwana e bile ke rata dintwa. Ke ne ke sa itlotle. Dilo di ne tsa fetoga fa ke simolola go dirisa melaometheo ya Baebele. Ke ne ka ithuta go laola bogale ka bo ka simolola go ikokobetsa le go itshwarela ba bangwe. Fa ke ne ke sa dira diphetogo tseo, gongwe nkabo ke tsentswe mo kgolegelong. Ke tsaya gore ke dule ka lesoba la nnale!”

Cassius o ithutile go laola bogale e bile o a itshwarela