Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | A BAEBELE E KA GO THUSA?

Melaometheo e e Thusang Batho Botlhe—Lorato

Melaometheo e e Thusang Batho Botlhe—Lorato

MOLAOMOTHEO WA BAEBELE: “Aparang lorato, gonne ke sebofo se se itekanetseng sa kutlwano.”Bakolosa 3:14.

MELEMO: Lorato lo go buiwang thata ka lone mo Baebeleng ga se lwa go tseega maikutlo kgotsa lwa thobalano. Ke lorato lo lo nang le dinonofo tse di jaaka kutlwelobotlhoko, go itshwarela, boikokobetso, boikanyegi, bopelonomi, bonolo le bopelotelele. (Mika 6:8; Bakolosa 3:12, 13) Go na le go tseega maikutlo mo go felang ka bonako, lorato lo nna lo gola.

Brenda, yo o nang le dingwaga di le 30 a nyetswe a re: “Tsela e banyalani ba ratanang ka yone e a gola fa dingwaga di ntse di tsamaya.”

Sam, yo o nang le dingwaga di le 12 a nyetse a re: “Ka metlha nna le mogatsake re itumelela go bona gore kgakololo ya Baebele e molemo e bile e motlhofo! Fa o e dirisa, dilo di tsamaya sentle. Mme le fa ke leka ka natla go e dirisa, ka dinako tse dingwe ga ke e dirise jaaka fa ke kgopisegile, ke ikakanyetsa ke le nosi kgotsa ke lapile. Ka nako eo, ke kopa Jehofa gore a nthuse go tlosa maikutlo ao a a sa siamang. Go tswa foo, ke tlamparela mogatsake mme go ise go ye kae dilo di boela mannong!”

“Botlhale bo supiwa bo siame ke ditiro tsa jone”

Jesu Keresete o ne a re “botlhale bo supiwa bo siame ke ditiro tsa jone.” (Mathaio 11:19) Ka jalo, re ka re Baebele e na le botlhale jwa mmatota. Melaometheo le dithuto tsa yone di solegela molemo. Ga di felelwe ke nako. Di dira mo ditsong le mo ditšhabeng tsotlhe. Di bontsha botlhale jwa Mmopi wa rona e bong Jehofa Modimo, jo bo fetang jwa batho kgakala. Mme gone, batho ba solegelwa molemo fa ba di dirisa. Ke gone ka moo Baebele e re kgothaletsang gore re ‘leke mme re bone gore Jehofa o molemo.’ (Pesalema 34:8) A o tla dira jalo?